Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo Dira Gore Re Se Ka Ra Itlhoboga
“Nkutlwèla botlhoko Modimo, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō: kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gago, u phimolè ditlolō tsa me.”—PESALEMA 51:1.
1, 2. Motlhanka wa ga Jehofa o ka amiwa jang ke boleo jo bo masisi?
MOLAO wa ga Jehofa ga o kake wa tlolwa ke motho fela a bo a sa otlhaiwe. Abo seo se itshupa sentle jang ne ka nako ya fa re leofela Modimo ka tsela nngwe e e maswe thata! Le mororo re ka tswa re diretse Jehofa ka dingwaga di le dintsi ka boikanyegi, go tlola molao wa gagwe go ka nna ga re bakela go tlhobaela fela thata kana go tshwenyega maikutlo thata. Re ka nna ra ikutlwa ekete Jehofa o re latlhile le gore ga re tlhole re tshwanelwa ke go mo direla. Boleo jwa rona bo ka nna jwa lebega jaaka leru le letona le le sirileng lesedi la go amogelwa ke Modimo.
2 Kgosi Dafide wa Iseraela wa bogologolo o ne a iphitlhela a le mo seemong se se tshwanang. Go tlile jang gore a nne mo seemong seo?
Go Relela go ka Tsala Boleo Jo Bo Maswe Thata
3, 4. Kgosi Dafide o ne a diragalelwa ke eng ka nako ya fa a ne a le mo letlepung?
3 Lefa Dafide a ne a rata Modimo o ne a relela a dira boleo jo bo masisi. (Bapisa Bagalatia 6:1.) Seno se ka diragalela motho mongwe le mongwe yo o sa itekanelang, bogolo jang fa a na le thata mo go ba bangwe. Jaaka kgosi e e atlegileng, Dafide o ne a tumile ebile a na le thata. O ne a ka ganediwa ke mang tota? Dinatla tsa banna di ne di ikemiseditse go mo direla, le batho ba ne ba dira se a se batlang kwa ntle ga manganga ape. Lefa go le jalo, Dafide o ne a dira phoso ka go nyala basadi ba se kana ka sepe le ka go bala batho.—Duteronome 17:14-20; 1 Ditihalō 21:1.
4 Mo nakong eo ya fa a ne a le mo letlepung, Dafide o ne a leofela batho le Modimo fela mo go maswe. Mo eleng gore maleo a gagwe a ne a rulagana jaaka ditlhale tsa letsela le le logilweng ke Satane! Fa Baiseraele ka ene bone ba ne ba tlhabana le Baamona, Dafide ene o ne a lebeletse mosadi yo montle wa ga Uria ebong Bathesheba a tlhapa, a le kwa godimo ga marulelo a ntlo ya gagwe. Ereka Uria a ne a le kwa ntweng, kgosi e ne ya laela gore mosadi yoo a tlisiwe kwa moshateng mme o ne a tlhakanela le ene dikobo. Akanya fela gore o tshwanetse a bo a ile a tshoga jang fa kwa morago a utlwa gore o moimana! Dafide o ne a re go ye go bidiwa Uria, ka tsholofelo ya gore o ne a tla lala le Bathesheba bosigong joo mme ka jalo a bo a tsaya gore ngwana yoo ke wa gagwe. Le mororo Dafide a ile a mo tagisa, Uria o ile a gana go lala le ene. Ka ntlha ya go felelwa ke maano, Dafide o ne a romelela molaodi wa masole ebong Joabe ditaolo tsa sephiri tsa gore a beye Uria kwa pele kwa a neng a tlhomamisa gore o tlile go swa teng. Uria o ne a bolawa mo ntweng, mme motlholagadi wa gagwe o ne a mo hutsafalela ka lobaka lo lo tshwanetseng, mme go tsweng foo Dafide o ne a mo nyala batho ba ise ba lemoge gore o moimana.—2 Samuele 11:1-27.
5. Go ne ga diragala eng fa Dafide a sena go leofa le Bathesheba, mme boleo jono jwa gagwe bo ne jwa mo ama jang?
5 Modimo o ne wa dirisa moperofeti Nathane go upolola maleo a ga Dafide, mme o ne a re: “Bōna, ke tla gu cosetsa boshula mo go ba e leñ ba ntlo ea gago.” Go dumelana le mafoko ao, ngwana yo o neng a tshotswe ke Bathesheba o ne a swa. (2 Samuele 12:1-23) Morwa wa ntlha wa ga Dafide ebong Amenone, o ne a betelela kgaitsadie ka rraagwe ebong Tamare mme o ne a bolawa ke kgaitsadie Tamare. (2 Samuele 13:1-33) Morwa wa kgosi ebong Abesalome o ne a batla go tsaya setilo mme o ne a tlontlolola rraagwe ka go tlhakanela dikobo le dinyatsi tsa ga Dafide. (2 Samuele 15:1–16:22) Abesalome o ne a swela mo ntweng ya maraganateng mme seo se ne sa okeletsa Dafide mahutsana. (2 Samuele 18:1-33) Lefa go le jalo, maleo a ga Dafide a ile a mo kokobetsa mme a mo dira gore a lemoge botlhokwa jwa go atamelana thata le Modimo wa gagwe o o pelotlhomogi. Fa go ka diragala gore re dire phoso nngwe, a ka boikokobetso re ikwatlhayeng le go atamelana le Jehofa.—Bapisa Yakobe 4:8.
6. Ke ka ntlha yang fa Kgosi Dafide a ne a le molato le go feta?
6 Selo se se neng se dira gore Dafide a nne molato le go feta ke gore e ne e le mmusi wa Moiseraele yo o neng a itse Molao wa ga Jehofa sentle. (Duteronome 17:18-20) O ne a sa tshwane le farwe wa Egepeto kana kgosi ya Babelona e e neng e se na kitso eo mme ka jalo a bo a ka nna a aga a dira dilo tse Modimo o sa di amogeleng. (Bapisa Baefesia 2:12; 4:18.) Ereka e ne e le leloko la morafe o o neng o ineetse mo go Jehofa, Dafide o ne a itse gore boaka le go bolaya motho ke maleo a a masisi. (Ekesodo 20:13, 14) Bakeresete le bone ka tsela e e tshwanang ba itse molao wa Modimo. Lefa go le jalo, bangwe ba bone fela jaaka Dafide, ba a o roba ka ntlha ya boleo jo ba tsetsweng ka jone, go sa itekanelang ga motho, le go sa ganane le dithaelo. Mme fa seo se ka diragalela mongwe wa rona, ga go reye gore re nne re le mo lefifing le le tla kgoreletsang pono ya rona ya semoya le go re bipa ka boikutlo jwa go itlhoboga.
Go Ipolela go Rola morwalo
7, 8. (a) Dafide o ne a diragalelwa ke eng fa a ne a leka go loba boleo jwa gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ipolela le go tlogela boleo jo re ntseng re bo dira?
7 Fa re na le molato wa go tlola molao wa Modimo mo go maswe, re ka nna ra fitlhela go se motlhofo go ipolela dibe tsa rona, le gone go di ipolelela Jehofa tota. Ke eng se se ka diragalang mo maemong a a ntseng jalo? Dafide o ne a dumela jaana, mo go Pesalema 32: “E rile ke didimetse [go na le go ipolela], marapō a me a ōnala ka go bōkōlèla ga me ka letsatsi yeotlhe. Gonne seatla sa gago [Jehofa] se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo: loñōla loa me loa hetoga yaka ekete kōmèlèlō ea selemō.” (Ditemana 3, 4) Go leka go loba sebe sa gagwe le go gatelela segakolodi sa gagwe se se tshwenyegileng go ne ga ja Dafide yo o neng a dule mo tseleng. Tlalelo e ne ya mo feletsa maatla mo a neng a tshwana fela le setlhare go le leuba go sena bongola jo bo se nayang botshelo. Tota ebile, o ka nna a bo a ile a amega tlhaloganyo le mmele ka tsela e e maswe. Kwa ntle ga pelaelo, o ne a hutsafala. Fa rona re ka iphitlhela re le mo seemong se se tshwanang, ke eng se re tshwanetseng go se dira?
8 Go ipolelela Modimo go ka dira gore re itshwarelwe ebile go ka re imolola. Dafide o ne a opela jaana, “Ke ne ka gu ipolèlèla boleo yoa me, le boikèpo yoa me ga kea bo hitlha: ke rile, Ke tla ipolèlèla Yehofa ditlolō tsa me, me ua ichwarèla molato oa boleo yoa me.” (Pesalema 32:5) A o tshwenyegile ka ntlha ya boleo bongwe jo o bo lobileng? A go ne go ka se ka ga nna botoka gore o bo ipolele mme o bo o lese go bo dira gore Modimo o tle o go utlwele botlhoko? Ke eng o sa bitse bagolwane ba phuthego mme o batle kalafi ya semoya? (Diane 28:13; Yakobe 5:13-20) Moya wa gago wa boikwatlhao o tla tsewa tsia, mme kgabagare o tla kgona go ipela gape jaaka Mokeresete. Dafide o ile a re, “Go segō èna eo tlolō ea gagwè e ichwarecweñ, eo boleo yoa gagwè bo bipilweñ. Go segō motho eo Yehofa o sa mmaleleñ boikèpō, le eo tsieco e seeoñ mo moeeñ oa gagwè.”—Pesalema 32:1, 2.
9. Pesalema 51 e tlhamilwe leng, le gone ka ntlha yang?
9 Dafide le Bathesheba ba ne ba ikarabela mo go Jehofa Modimo ka ntlha ya phoso e ba neng ba e dirile. Le mororo ba ka bo ba ile ba bolawa ka ntlha ya maleo a bone, Modimo o ne wa ba utlwela botlhoko. Mme bogolo jang o ne a utlwela Dafide botlhoko ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi. (2 Samuele 7:11-16) Boikutlo jwa ga Dafide jwa go ikwatlhaela maleo a gagwe a a amanang le Bathesheba bo bonala mo go Pesalema 51. Pesalema eno e e amang maikutlo e ile ya tlhamiwa ke kgosi e e neng e hutsafetse thata morago ga gore moperofeti Nathane a mo tsibose segakolodi mabapi le kafa diphoso tse a di diretseng Modimo di leng maswe thata ka teng. Go ne ga tlhoka gore Nathane a nne pelokgale go lemotsha Dafide maleo a gagwe, fela jaaka go ntse ka bagolwane ba Bakeresete fa jaaka le bone ba tshwanetse go nna pelokgale gore ba tle ba kgone go dira se se tshwanang gompieno. Go na le go itatola molato le go laola gore Nathane a bolawe, kgosi e ne ya dumela seo ka boikokobetso. (2 Samuele 12:1-14) Pesalema 51 e bontsha se a ileng a se bolelela Modimo mo thapelong mabapi le boitshwaro jwa gagwe jo bo maswe mme ebile re tshwanetse go tlhatlhanya ka sone ka thapelo, bogolo jang fa re fositse mme re eletsa gore Jehofa a re utlwele botlhoko.
Re Ikarabela mo Modimong
10. Ke ka tsela efe fela eo Dafide a neng a ka fola semoyeng?
10 Dafide o ne a se ka a batla go dira seipato mabapi le boleo jwa gagwe mme go na le moo o ne a rapela jaana: “Nkutlwèla botlhoko Modimo, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō.” (Pesalema 51:1) Ka go tlola molao, Dafide o ne a dirile dilo tse di thibelwang ke Molao wa Modimo. Lefa go le jalo, go ne go na le tsholofelo ya gore a ka thanya semoyeng gape, fa e le gore Modimo o ne o ka mo itshwarela go ya ka bopelonomi jwa One kana lorato lwa One lo lo nitameng. Mautlwelobotlhoko a magolo a Modimo a nako e e fetileng a ne a dira gore kgosi ya moikwatlhai e nne le tumelo ya gore Mmopi wa gagwe o ne a tla phimola ditlolo tsa gagwe.
11. Ke eng se se neng se itsisiwe ka ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo, mme ke eng se se tlhokegang gore motho a bolokwe gompieno?
11 Ka go dirisa ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo tse e neng e le ditshwantsho tsa dilo tse di tlang, Jehofa o ne a itsise gore o na le tsela e ka yone a phepafatsang ba ba ikwatlhaelang boleo jwa bone. Jaanong re itse gore boutlwelobotlhoko jwa gagwe le boitshwarelo jwa gagwe re di bona ka ntlha ya go bo re dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Fa e le gore Dafide o ne a ka ikanya bopelonomi le boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa, a akantse ka ditlhabelo tseno tse e neng e le meriti le ditshwantsho fela, abo batlhanka ba Modimo ba motlha ono bone ba tshwanetse go ikanya thatathata jang ne mo thekololong eo e ba e rulaganyeditsweng gore ba bone poloko!—Baroma 5:8; Bahebera 10:1.
12. Go leofa ke eng, mme Dafide o ne a ikutlwa jang ka bosula jo a neng a bo dirile?
12 Fa a ne a kopa Modimo, Dafide gape o ile a re: “Ntlhapisetsa rure mo boikepoñ yoa me, u nntlahatsè mo boleuñ yoa me. Gonne ke ipolèla ditlolō tsa me: le boleo yoa me bo ntutse pele ka galè.” (Pesalema 51:2, 3) Go leofa ke go sa fitlhelele lotshwao lo lo tlhomilweng lwa melao ya ga Jehofa. Ka boammaaruri seo ke sone se Dafide a neng a se dirile. Mme lefa go le jalo, o ne a sa tshwane le mmolai kana mogokafadi yo o sa tshwenngweng ke molato o a o dirileng, a tshwenngwa fela ke katlholo e a e atlholetsweng kana ke go tshoga gore gongwe o ka nna a tsenwa ke bolwetsi bongwe. Jaaka motho yo o neng a rata Jehofa, Dafide o ne a ila bosula. (Pesalema 97:10) O ne a kgopisiwa le ke boleo jo a neng a bo dirile mme a batla gore Modimo o bo mo tlhatswe gotlhelele. Dafide o ne a tlhaloganya ka botlalo phoso ya gagwe mme o ne a ikwatlhaela fela thata go bo a ile a letla dikeletso tsa boleo go mo fekeetsa. Boleo jwa gagwe bo ne bo le fa pele ga gagwe ka metlha, ka gore segakolodi se se tshwenyegileng sa motho yo o boifang Modimo ga se ke se iketla go fitlha a ikwatlhaya, a ipolela, le go itshwarelwa ke Jehofa.
13. Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a ka re o leofetse Modimo o le nosi fela?
13 Dafide o ile a bontsha gore o dumela gore o ikarabela mo go Jehofa ka go bolela jaana: “Ke wèna, wèna wesi eo ke gu leohetseñ, ka diha se se boshula mo ponoñ ea gago: gore u tlo u bōnwè u le tshiamō mogañ u buañ, u bo u nnè phèpa mogañ u atlholañ.” (Pesalema 51:4) Dafide o ne a robile molao wa Modimo, a tlontlolotse maemo a segosi, mme “kwa ntle ga pelaelo o tlontlolotse Jehofa,” a dira gore A tlhapadiwe. (2 Samuele 12:14; Ekesodo 20:13, 14, 17) Ka ditiro tsa gagwe tsa boleo tse a neng a di dirile Dafide gape o ne a leofetse morafe wa Iseraele le balelapa la gagwe, fela jaaka fa modiramolato yo o kolobeditsweng gompieno a hutsafatsa kana a kgobera maikutlo a phuthego ya Bokeresete le a baratiwa ba gagwe. Le mororo kgosi eo ya moikwatlhai e ne e itse gore e leofetse batho ba bangwe jaaka Uria, o ne a lemoga gore o ne a ikarabela fela thata fa pele ga ga Jehofa. (Bapisa Genesise 39:7-9.) Dafide o ne a dumela gore katlholo ya ga Jehofa e tla bo e le ya tshiamo. (Baroma 3:4) Bakeresete ba ba leofileng le bone ba tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanang.
Mabaka A A Dirileng Gore Sengwe Se Diragale
14. Dafide o ne a re ke mabaka afe a a mo dirileng gore a leofe?
14 Le mororo Dafide a ne a sa batle go ipaya ekete ga a na molato, gone o ile a re: “Bōna, ke ne ka bopègèla mo boikepoñ; me mmè o na a inthwalèla mo boleuñ.” (Pesalema 51:5) Dafide o ne a tsholelwa mo boleong, mme mmaagwe o ne a utlwa botlhoko fa a ne a mmelega ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng. (Genesise 3:16; Baroma 5:12) Mafoko a gagwe a ne a sa reye gore dikamano tse di tshwanetseng tsa lenyalo, go ima, le go belega ke boleo, ka tota ebile e le Modimo o rulagantseng lenyalo le go tshola bana; gape ga se gore Dafide o ne a bua ka boleo bongwe jo bo rileng jwa ga mmaagwe. O ne a tsholetswe mo boleong ka gore batsadi ba gagwe ba ne ba sekametse mo go leofeng fela jaaka go ntse ka batho botlhe ba ba sa itekanelang.—Yobe 14:4.
15. Le mororo Modimo o ka nna wa tsaya tsia mabaka a a ka dirang gore motho a leofe, ke eng se re sa tshwanelang go se dira?
15 Fa re leofile, re ka umaka mabaka ape fela a a ka tswang a ile a dira gore re felele re dirile phoso fa re rapela Modimo. Mme legale ga re a tshwanela go dirisa go nna pelonomi ga Modimo mo go bileng go sa re tshwanela jaaka seipato sa go dira ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang kana ra dirisa boleo jo re bo ruileng jaaka sesiro se re iphitlhang ka sone go na le go rwala maikarabelo a boleo jo re bo dirileng. (Yude 3, 4) Dafide o ne a ipona molato wa go nnela go akanya ka megopolo e e bosula le go ineela fa a raelwa. A re rapeleleng gore re se ka ra gogelwa mo thaelong mme e bo e re go tsweng foo re bo re dira go dumelana le thapelo eo.—Mathaio 6:13.
Kopo ya go Phepafadiwa
16. Ke nonofo efe e Modimo o e itumelelang, mme seo se tshwanetse go re ama jang?
16 Batho ba ka nna ba lebega jaaka ekete ba ineetse mo Modimong, mme ene o lebeletse se tota ba leng sone mo teng. Dafide o ile a re: “Bōna, [Jehofa] u eletsa boamarure mo diteñeñ; le mo bokaeñ yo bo hitlhegileñ u tla nkitsise botlhale.” (Pesalema 51:6) Dafide o ne a na le molato wa boferefere le bonweenwee ka go dira gore Uria a bolawe le ka go leka go fitlha boammaaruri kaga go ima ga ga Bathesheba. Lefa go le jalo, o ne a itse gore Modimo o rata boammaaruri le boitshepo. Seno se tshwanetse go re ama ka tsela e e molemo, ka gore Jehofa o tla re nyatsa fa re dira ka bonweenwee. (Diane 3:32) Dafide o ne gape a itse gore fa e le gore Modimo o ne o ‘tla mo itsise botlhale,’ ene jaaka kgosi ya moikwatlhai o ne a ka kgona go tshela tumelanong le melao ya Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe.
17. Go rapelela go itshekisiwa ka mosiama go ne go kaya eng?
17 Mme ereka mopesalema a ne a lemoga gore o tlhoka thuso ya Modimo gore a tle a kgone go fenya go sekamela ga gagwe mo boleong, o ne a tswelela a rapela jaana: “Ntshèkisa ka mosiama, me ke tla itshèka: ntlhapisa, me ke tla nna moshweu bogolo go kapōko.” (Pesalema 51:7) Mo godimo ga ditiro tse dingwe, setlhare sa mosiama (gongwe ke se go tweng marjoram, kana Origanum maru) se ne se dirisiwa mo modirong wa go phepafatsa batho ba ba kileng ba tsenwa ke lepero. (Lefitiko 14:2-7) Ka jalo go ne go tshwanela gore Dafide a rapelele gore a itshekisiwe mo boleong jwa gagwe ka mosiama. Kgang ya go itsheka gape e amana le kopo ya gagwe ya gore Jehofa a mo tlhatswe e le gore a tle a sale a le phepa ka botlalo, a le mosweu go gaisa kapoko e e sa kokomelwang ke kgakgamosi kana ke leswe lepe fela. (Isaia 1:18) Fa e le gore mongwe wa rona o tshwenngwa ke segakolodi ka ntlha ya bosula bongwe jo a bo dirileng, a re dumeleng gore fa re ikwatlhaya re batla go itshwarelwa ke Modimo, o ka kgona go re itshekisa le go re phepafatsa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo.
Kopo ya go Busediwa mo Maemong
18. Seemo sa ga Dafide e ne e le sefe pele a ikwatlhaya le go ipolela, mme go itse ka seno go ka thusa jang mo motlheng ono?
18 Mokeresete mongwe le mongwe yo o kileng a boga ka ntlha ya segakolodi se se molato a ka tlhaloganya mafoko ano a ga Dafide: “[Jehofa] nkutlwisa boitumelō le boipelō; gore marapō a u a robileñ a tlè a itumèlè.” (Pesalema 51:8) Pele ga fa Dafide a ikwatlhaela le go ipolela maleo a gagwe, segakolodi sa gagwe se ne sa mo dira gore a nne a hutsafetse. O ne a sa kgone le gone go utlwa monate wa dipina tsa boitumelo le boipelo tse a neng a di opelelwa ke baopedi le baletsi ba ba ditswerere. Dafide o ne a utlwile botlhoko thata ka ntlha ya go sa amogelwe ke Modimo mo e leng gore o ne a tshwana le monna yo marapo a gagwe a neng a gaitswe mo go maswe. O ne a eletsa go itshwarelwa, go fola semoyeng, le go boela gape a ipela jaaka pele. Le mo motlheng ono ka tsela e e tshwanang modiramolato yo o ikwatlhayang le ene o tlhoka go itshwarelwa ke Jehofa gore a tle a kgone go boelwa ke boipelo jo a neng a na le jone pele a dira selo se se ileng sa kgoreletsa kamano ya gagwe le Modimo. Go busediwa ga “boipelo jwa moya o o boitshepo” mo mothong yo o ikwatlhayang go bontsha gore Jehofa o mo itshwaretse le gore o a mo rata. (1 Bathesalonia 1:6, NW) Abo seo se gomotsa jang ne!
19. Dafide o ne a tla ikutlwa jang fa Modimo o ne o ka phimola diphoso tsotlhe tsa gagwe?
19 Dafide o ne a tswelela a rapela jaana: “Shubèla dibe tsa me sehatlhōgō sa gago; u bo u phimolè maikèpō a me aotlhe hèla.” (Pesalema 51:9) Ga go kake ga solofelwa gore Jehofa a amogele boleo. Ka jalo, o ne a kopiwa gore a ipipele dibe tsa ga Dafide sefatlhego. Kgosi gape e ne ya kopa gore Modimo a tlose diphoso tsotlhe tsa yone, a phimole tshiamololo yotlhe ya yone. Ekete Jehofa o ne a ka dira jalo! Go ne go tla itumedisa Dafide, go ntsha mokgweleo wa segakolodi se se tshwenyegileng, le go dira gore kgosi e jaanong e ikwatlhayang e itse gore Modimo wa yone o o lorato o mo itshwaretse.
Go Tweng Fa O Leoflle?
20. Ke eng se se kgothalediwang Mokeresete mongwe le mongwe yo o dirileng phoso e e masisi?
20 Pesalema 51 e bontsha gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa yo o leofileng mo go maswe mme a ikwatlhaya o ka mo kopa ka tsholofelo e e tletseng gore a mo itshwarele le gore a mo tlhatswe boleo jwa gagwe. Fa e le gore o Mokeresete yo o leofileng ka tsela e e ntseng jalo, ke eng o sa kope maitshwarelo mo go Rraarona wa selegodimo ka boikokobetso ka thapelo? Dumela gore o tlhoka thuso ya Modimo gore a tle a kgone go go amogela, mme o mo kope gore a go busetse boipelo jole jwa gago jwa pele. Bakeresete ba ba ikwatlhayang ba ka atamela Jehofa ka tsholofelo e e tletseng ka thapelo ka dikopo tseo, ka gore “o tla ichwarèla ka botlalō.” (Isaia 55:7; Pesalema 103:10-14) Gone mme, bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go bidiwa gore ba tle go neela thuso e e tlhokegang ya semoya.—Yakobe 5:13-15.
21. Ke eng se re tla se sekasekang go tsweng fano?
21 Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa ka boammaaruri bo dira gore batho ba gagwe ba se ka ba itlhoboga. Mme lefa go le jalo a re sekasekeng dikopo tse dingwe tsa ga Dafide tse di tswang mo pelong tse di mo go Pesalema 51. Setlhogo sa rona se tla bontsha gore Jehofa ga a nyatse pelo e e phatlogileng.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Boleo jo bo masisi bo ka ama jang motlhanka wa ga Jehofa?
◻ Dafide o ne a diragalelwa ke eng fa a ne a re o leka go loba boleo jwa gagwe?
◻ Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a re o leofetse Modimo o le nosi fela?
◻ Le mororo Modimo o ka nna wa tsaya tsia mabaka a a ka dirang gore motho a leofe, ke eng se re sa tshwanelang go se dira?
◻ Ke eng se Mokeresete a tshwanetseng go se dira fa a leofile mo go masisi?