LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 30
  • Jehofa O Tlamela Ditlhokafalo tsa Trinidad

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Tlamela Ditlhokafalo tsa Trinidad
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 30

Jehofa O Tlamela Ditlhokafalo tsa Trinidad

Go TSWA mo tshimologong ya yone e potlana ka 1912, tiro ya go rera ka Bogosi mo Trinidad le mo setlhaketlhakeng se se mabapi sa Tobago e tsweletse pele ka dikgato tse mmalwa tsa katoloso. Katoloso ya bosheng​—ka March 1985—​e ne e le go wediwa le go kgakolwa ga kago ya lekala le lesha fela kafa ntle ga mošate, Port of Spain. Dikago tse disha di ne di tlhokega thata, gonne Trinidad e itemogetse kokotsego ya 79 lekgolong mo baboleding ba Bogosi fa esale dikago tsa bofelo tsa lekala di ne di agiwa.

Go bona setsha se se siameng mo setlhaketlhakeng se se potlana, seo se tletseng ka baagi go ne go se motlhofo. Naga e tlhotlhwa kgolo, le ditshenyegelo tsa go aga le tsone di kwa godimo thata. Lefa go ntse jalo, Jehofa o tlametse ka ditlhokafalo tseno tsotlhe. Setsha se sentle, seo se bulegileng se ne se le go bapa fela le tselakgolo ya boemafofane. Bakaulengwe ba ne ba kopana mo kagong, ba neela tshegetso e ntle. Mo e ka nnang mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi mo Trinidad o nnile le seabe sengwe mo tirong ya kago.

Mafelo-beke mangwe le mangwe setlhopha go tswa mo phuthegong e le nngwe se ne se tla go thusa mo tirong, fa bangwe go tswa go e nngwe ba ne ba tlamela ka dijo le dilapolosi. Tiro ya bosigo e ne e dirwa gabedi kana gararo mo bekeng. Tiro ya kago e ne e tswelela le mo ditlheng tsa pula. Fa e ne e le nako ya go tshelwa ga boalo jwa ntlha, bakaulengwe ba ba fetang 350 ba ne ba le teng, ba neeletsana dikgamelo tsa disamente ka diatla. Baagelani ba Ma-Hindu ba ne ba gakgametse tota! Seno se ne sa bula sebaka sa go ba rerela.

Ditshenyegelo tsa kago di ne di fitlhelelwa ka moya o o tshwanang wa pelo yotlhe. Bokgaitsadi ba ne ba neela le e leng ka dilwana tsa bone tsa go ikgabisa tsa gauda, go rekisiwa le go dirisetswa kago. Mosimane wa dingwaga tse robedi o kwadile jaana: “Ke rata go bereka kwa moagong wa lekala, mme ka ntlha ya gore mokwatla wa ga Rre o le botlhoko mme a sa kgone go dira tiro e e boima, nka se kgone go tla kgapetsa. Jalo ke romela madi ano ao ke a bolokileng go thusa mo tirong.”

Mo tirong yotlhe ya kago, tshegetso ya ga Jehofa e ne e bonala. Hilary Charles, molebedi wa tiro ya kago, o gakologelwa nako eo ba neng ba saletswe ke dikgetse di le some tsa samente le go tlhaeleletsa feketori ya samente go bona tse di oketsegileng. O rile: “Samente se ne se le thata go ka bonwa. Ba ne ba re ga rea kgona go bona epe go fitlhelela beke e e latelang. E ne e ka nna ka oura ya borobongwe mo mosong. Ka oura ya bobedi mo go yone thapama eo, ka bona lori e rwele samente e tla. Mokgweetsi wa lori a re: ‘Morwalo o wa samente e ne e le wa golo gongwe, mme ke laetswe go o tlisa fano.’ O ne a sa kgone go tlhaloganya. E ne e le letsogo la ga Jehofa.”

Moago wa maalo a mabedi wa lekala o bopegile jaaka T, ka botseno jo bo kwa godimo​—kafa borwa. Kafa mojeng wa botseno jo bo kgatlhisang ke Holo ya Bogosi, eo e nang le manno a batho ba ka nna 200. Ofisi e kgolo e kafa molemeng. Karolo e teleele, eo e leng kwa tlase ke bogatisetso, lefapha la thomelo, le ntlwana ya go tlhatswetsa. Kwa godimo ke kitšhini, kamore ya go jela, le dikamore tsa bonno​—dikamore tse robedi tsa go robala, nngwe le nngwe e na le kamore ya yone ya go tlhapela. Laeborari e potlana le kamore ya go itapolosa di fa godimo ga ofisi.

Matlhatso, March 16, e ne e le letsatsi la kgakolo. Milton G. Henschel wa Setlhopa se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o ne a neela puo. “Jehofa ga itse fela ka moo a tshwanetseng go tlamela ka gone, mme o itse seo re se tlhokang,” Makaulengwe Henschel o boletse jalo. Ee, dikago tse disha e ne e le mpho e e tswang go Jehofa. Lenaneo le konetswe ka thapelo e e tlhoafetseng ya boineelo go Jehofa. Abo re ne re itumetse jang ne!

Basupi ba ga Jehofa mo Trinidad le Tobago ba ipelela koketsego eo e neetsweng ke Jehofa. Mme ba gatela-pele, ba lebetse le eleng koketsego e e tswelang pele fa a ntse a tswelela ka go tlamela ditlhokafalo tsa bone jaaka baboledi ba Bogosi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela