Bosigo jwa go Gakologelwa
Ka nako ya modiro o o motlhofo, Jesu Keresete o ne a dirisa bojalwa jwa mofine le senkgwe se se sa bedisiwang jaaka ditshwantshetso tsa setlhabelo seo a neng a le gaufi le go se direla setho.
Fa a ne a tlhoma mokete ono, o rile: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.”—Luke 22:19.
Ngogola, batho ba le 7 792 109 ba ne ba gakologelwa Jesu ka go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa gagwe mo dipokanong tse di tshegediwang lefatshe ka ka bophara ke Basupi ba ga Jehofa. O lalediwa go tswa pelong gore o nne gone kwa moketeng wa Segopotso monongwaga kwa Holong ya Bogosi e e gautshwane le legae le gago.
O tla tshwara ka Mantaga, March 24, morago ga letsatsi le sena go phirima. Tlhomamisa mo Basuping ba ga Jehofa ba lefelo la lona malebana le nako e e nepagetseng.