LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/1 ts. 4-6
  • O Se Tlogele Boammaaruri Bo Go Tswa Diatleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Se Tlogele Boammaaruri Bo Go Tswa Diatleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Itse’
  • Go Ntsha Boikgantsho Setlhabelo
  • Go Dirisa Kitso
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Reka Boammaaruri Mme O se Ka wa bo Rekisa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • “Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/1 ts. 4-6

O Se Tlogele Boammaaruri Bo Go Tswa Diatleng

GONGWE Ponto Pilato o lemogile gore go amogela boammaaruri go ne go tla mmatla sengwe. Go nna molatedi wa ga Keresete go ne go tla raya go amogela bogosi jwa gagwe mme kwantle ga pelaelo go dira phetogo e e bonako mo boitsholong. Lefa go ntse jalo, Solomone, mokwadi wa Diane 23:23 o rile: “Rèka boamarure, me u se ka ua bo rekisa; E, le botlhale, le thutō, le tlhaloganyō.”

Go “rèka boamarure”? o botsa jalo ka go belaela. Ee, ka go bo Bibela fano e re thusa go lemoga gore motho o bona boammaaruri, botlhale le tlhaloganyo fela ka go di reka! Lefa go ntse jalo, boammaaruri ke selo sa botlhokwa-tlhokwa seo o ka se akanyang. Solomone o gakolotse jaana, “U se ka ua bo rekisa.” Go bua jalo e ne ekete go ne go se sepe se sengwe seo se neng se ka lekanngwa le jone ka boleng.

‘Mme boammaaruri ke eng?’ go botsa jalo ba bantsi, ba boeletsa potso ya ga Pilato. Go ba bantsi gompieno, “boamarure” ke selo se se boima go se tlhaloganya. Ka sekai, akanya ka seo Albert Einstein a kileng a se bolela: “Go thata le eleng go golaganya bokao jo bo nepagetseng mo lereong leno ‘boammaaruri jwa boitseanape.’ Ka gone bokao jwa lefoko ‘boammaaruri’ bo farologane ka go ya ka seo re buang ka sone e ka ne e le lebaka la boitemogelo, palo ya matesisi, kana teko ya boitseanape. ‘Boammaaruri jwa bodumedi’ ga bo kae sepe mo go nna.” (Ideas and Opinions, ka Albert Einstein) Mme a lebaka la gore boammaaruri bo tswile Einstein diatleng le raya gore bo tshwanetse go sutlha le mo go wena? Le eseng.

Jesu ka phepafalo o rile: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō.” (Yohane 14:6) Ee, “boamarure” bo dikologile Keresete Jesu le bonno jwa gagwe mo maikaelelong a ga Jehofa Modimo jaaka Modiragatsi wa dipolelelo-pele, Morekolodi wa batho ba ba leofileng, Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jwa Modimo, Moperisiti yo Mogolo, le Mmolayi wa baikepi. (Baroma 15:8; 1 Timotheo 2:5, 6; Yohane 3:16; Baefesia 1:20-22; Daniele 7:13, 14; Mathaio 6:9, 10; Bahebera 4:14; Tshenolō 19:11-21; 2 Bathesalonia 1:7-9) He, motho a ka “rèka” boammaaruri jono jang?

‘Go Itse’

Motho o simolola go reka boammaaruri ka go latela mafoko a ga Jesu a a go Yohane 17:3: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo o mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” Eleruri eno e tla nna namane e tona ya tiro, fa motho a ne a tshwanetse go e dira a le nosi. Morago kwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga, go ne go le moopafadiwa wa Moethiopia, kana molaodi wa kgotla-tshekelo, yo o neng a leka go dira jalo. Mme ka go bona moapafadiwa a leka go ithuta boperofeti jo bo thata jwa Bibela, moefangele Filipo a botsa jaana, “A u tlhaloganya se u se balañ?” Monna yoo a araba jaana, “Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgoge?” (Ditihō 8:28-31) Gongwe o ikutlwa ka tsela e e tshwanang.

Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba batla go ithuta Bibela le wena mo legaeng la gago.a Dithuto tseo ke tsa mahala. “Lo amogetse hèla, naeañ hèla,” Jesu o boletse jalo. (Mathaio 10:8) Mme go reka boammaaruri go tla go duedisa ka tsela nngwe​—bo tla batla nako le boiteko tsa gago. Gakologelwa, gore Jesu Keresete o a tshela ebile o a dira mo magodimong—​o batla go go thusa go ithuta boammaaruri. (Bapisa Luke 5:13.) O solofeditse barutwa ba gagwe ba ntlha gore moya wa Modimo o ne o tla ba kaela mo “boamarureñ yotlhe.” (Yohane 16:13) Go feta moo, seno se ka dira gape le mo go wena. Jalo o seke wa akanya gore go ithuta boammaaruri go tla go ketefalela.

Thuto e e masisi ya Bibela gape e dirilwe motlhofo thata ka dithusi tsa go ithuta Bibela tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Dikao fela tsa ditlhogo tsa dibuka tseno tse dingwe di tsosa keletso ya babatli ba ba pelo-e-phepa ba boammaaruri: Boammarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha, Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri, le Life​—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? fa re umaka di sekae fela.b

Dibuka tseno di tlhalosa Dikwalo ka puo e e tlhaloganyesegang motlhofo, e e ikuelang eseng fela mo tlhaloganyong ya gago mme gape le mo pelong ya gago. Boammaaruri bo a bonala mo go bone ka botlhale, go batlisisa, le kgakololo e e ka dirisiwang. Fa o ntse o ithuta dinnete tsa Bibela ka thuso ya dibuka tseno, o tla lemoga seo Jesu a neng a se bolela fa a ne a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Fano lefoko “boamarure” le akaretsa dithuto tsotlhe tsa Bokeresete jaaka di fitlhelwa jaanong mo Lefokong le le kwadilweng la Modimo la boammaaruri—Bibela. (2 Timotheo 2:15; Baefesia 1:13) He, keka ntlhayang fa go ithuta boammaaruri go golola jaana?

Jaaka sekai, akanya gore “poihō ea losho” e bolokile batho mo “kgolegoñ mo botsheloñ yotlhe yoa bōnè.” (Bahebera 2:15) Seno se ntse jalo go sa kgathalesege gore batho ba bantsi ba bolela ka tsholofelo nngwe e e sa tlhomamisegang ya kgalalelo ya selegodimo morago ga botshelo. Lefa go ntse jalo, dinnete tsa Bibela di golola motho mo dipoifong dingwe tse di boitshegang. Motho o ithuta gore baswi ga ba boge mo lefelong lepe la tlhokofatso, ka go bo “bashwi ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5, 10; bona gape Pesalema 146:4 le Moreri 3:19, 20.) Bibela e bontsha gape gore motho ga a na tlhotlheletso e e ka mo teng ya go swa le ya go ya legodimong. Go fapaana le seo, Modimo o ‘tlhomile go akanya kaga bosakhutleng mo pelong tsa bone’; motho yo o akanyang sentle o eletsa go tshelela ruri!​—Moreri 3:11; bona gape Baroma 5:12; 6:23.

Keletso eo e tla diragadiwa mo go seo Bibela e se bitsang “lehatshe ye lesha.” (2 Petere 3:13; bapisa Mathaio 6:9, 10.) Jesu o bontshitse gore bao ba tla bonang botshelo mo ‘lefatsheng le lesha’ ba tla ipelela “Paradaisa.” (Luke 23:43) Dikwalo tse dingwe di re thusa go anaanela gore leno e tla nna lefatshe le le gololesegileng mo ditlhabing le mo dikeleding! (Tshenolō 21:4; Isaia 11:6-9) Akanya fela kafa tsholofelo eno e ka fetolang botshelo jwa gago ka gone! Mme santlha o tshwanetse go itse.

Go Ntsha Boikgantsho Setlhabelo

Go Pesalema 25:9 Bibela e re: “Ba ba pelonōlō o tla ba tsamaisa mo tshiamishoñ; ba ba pelonōlō o tla ba ruta tsela ya gagwè.” Nnya, Modimo ga o kitla o neela boammaaruri go batho fela ba ba ikgantshang le ba ba mabela. “Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba nèe tshegōhaco.” (1 Petere 5:5) Ponto Pilato gongwe o ne a eletsa go itse kaga boammaaruri. Mme bakwadi ba bogologolo ba tlhalosa Pilato jaaka monna yo o ikgogomosang. Go Baroma Bajuda e ne e le batho ba ba nyatsegang le ba bodumedi jo bo sa tlwaelegang bao ba neng ba ipelela go ba gata ka maoto! Boikgogomoso le maemo a bopolotiki di lebega di nnile dikgoreletsi tsa ga Pilato.​—Diane 16:18.

Ba bantsi gompieno ka mo go tshwanang ba rata go utlwa molaetsa oo Basupi ba ga Jehofa ba o tshotseng. Lefa go ntse jalo, ba ka tlhokomela gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba dikobo dikhutshwane, gore mafelo a bone a dipokano (Diholo tsa Bogosi) gaa galalele thata fa a bapisiwa le dikereke tse di maphatsiphatsi tsa La-Bodumedi, le gore ba sekae ba Basupi ba ka ikgantsha ka thuto e e kwa godimo. Mme tlhokomela gore Bibela go 1 Bakorintha 1:26-29 e re: “Gonne ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ: Me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; Le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeoñ, gore o nyeletsè dilō tse di eoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”

Go ithuta go ‘ba ba bokoa’ ka gone go ka go latlhisa boikgogomoso jwa gago. Mme a bo tlhotlhwa kgolo go feta boammaaruri?

Go Dirisa Kitso

Go goduma kitso fela​—tota le boammaaruri—​ga go a lekana. Ke lone lebaka leo re tlhotlhelediwang go ‘reka botlhale.’ (Diane 23:23) Botlhale ke tiriso ya kitso! Tota-tota, Solomone o boletse gore “botlhale ke selō se segolo bogolo go dilō cotlhe.” (Diane 4:5-7) Ee, molemo wa kitso ke ofe fa e sa dirisiwe? Jalo morago ga go ithuta ditsela, ditaelo, melao, dikgopodiso, le dikgakololo tsa Modimo, ithute go di dirisa mo botshelong jwa gago. “Botlhale o atlholelwa ke ditihō tsa gagwè.”​—Mathaio 11:19.

Ponto Pilato o ganne boammaaruri. Lefa go ntse jalo, ga o a tshwanela go dira phoso eo. Go tlogela boammaaruri bo go tswa diatleng ka ntlha ya boikgogomoso, maemo, kana lorato lwa sengwe se se sa tsamaisaneng le dikwalo e tla bo e le boeleele eleruri. Nna jaaka mopesalema yo o rapetseng jaana, “Nnaea tlhaloganyō, me ke tla tshela.” (Pesalema 119:144) Ee, motho yo o batlang go duelela tlhotlhwa ya go bona boammaaruri le botlhale a ka “tshela,” ka go bo yo o di rekang o tla “bōna botshelō, me o tla bōna botsalanō mo go Yehofa.”​—Diane 8:35.

Go ne ga bolelwa gore monna mongwe yo o neng a batla go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa o rile: “Ke lesego go bolela gore boammaaruri bo fetotse matshelo a rona.” Bo ka fetola le jwa gago. Jalo o se letle boammaaruri bo go tswa diatleng! Tsaya paka eno e e kgethegileng go reka boammaaruri, botlhale, le tlhaloganyo. Ga o kitla o ikotlhaela go bo o dirile jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gololesega go kwalela bagatisi ba makasine ono fa o eletsa thuto e e ntseng jalo ya Bibela. Re tla itumelela go go rulaganyetsa modihedi yo o tshwanelegang go etela legae la gago.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Boikgogomoso bo ka tswa bo bakile gore Ponto Pilato a tlogele boammaaruri go mo tswa diatleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela