Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Kagiso ya Modimo” tsa 1986
ABO go tshwanela jang ne go bo setlhogo sa dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa 1986 se tshwanetse go nna “Kagiso ya Modimo”! Ee, Jehofa Modimo wa rona “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” O fapaanye gotlhelele le “modimo oa lehatshe yeno,” ebong Satane Diabolo, yo e leng modimo wa tlhakatlhakano, dikgoga-kgogano, le tobekano.—1 Bakorintha 14:33; 2 Bakorintha 4:4.
Ka mo go tshwanelang thata, Jehofa mo Lefokong la gagwe gantsi o lebisiwa jaaka “Modimo oa kagishō.” (Bafilipi 4:9; 1 Bathesalonia 5:23; Bahebera 13:20) Mo Lefokong la gagwe, go tswa tshimologong go ya bofelong, go solofediwa kagiso, go gakololwa kaga yone, le go otlelelwa ka yone, e umakiwa mo e ka nnang makgetlo a le 250. Tota ruri, Jehofa ke ‘Modimo o o nayang batho ba gagwe kagiso.’—Baroma 15:33; 16:20.
Ka gone, abo go le botlhokwa jang gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe, ee, mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, e nne motho yo o kagiso! Seno se raya gore, e seng fela go nna kagiso, mme e leng ‘go batla kagiso le go e latelela,’ jaaka fa moaposetoloi Petere a re gakolola go dira. (1 Petere 3:10, 11) Seno se raya gore re tshwanetse ra nna “badira-kagiso,” jaaka Kingdom Interlinear ya rona e tlhalosa Mathaio 5:9.
Ga go motlhofo go nna badira-kagiso, go berekela kagiso, go leka go boloka kagiso. Go na le makoa a go sa itekanelang ga batho ao a dirang gore batho ba thulane. Jaaka pina ya rona ya Bogosi (No. 213) e tlhalosa: “Fa gongwe go tsoga dikgang; re a lemoga, gore ga re a itekanela.” Pina eno e tswelela pele ka go gakolola e re: “Go di rarabolola ka bofefo go busetsa thata. Re tla tshegetsa kutlwano.” Mme ebile go na le dikgatelelo mo lefatsheng la ga Satane, gammogo le dithaelo tsotlhe tsa lone, tseo di dirang kgatlhanong le gore re nne le “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.” (Bafilipi 4:7) Mme, legale, go na le Satane le badimona ba gagwe, ba ba dirang ka bojotlhe go senya kagiso ya rona; re tshwanetse go ba tlhabantsha.—Baefesia 6:12.
Mo metlheng ya bogologolo, Modimo o ne a rulaganyetsa gore batho ba gagwe ba phuthege mmogo mo dipakeng tse di kgethegileng e le gore ba tle ba agelelwe semoyeng le go kgothadiwa mo boikemisetsong jwa bone jwa go utlwa ditaolo tsa ga Jehofa. Ka mo go tshwanang gompieno, gareng ga dithuso tse dintsi tse a di baakanyeditseng go re thusa go nna badira-kagiso ke dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga. Re utlwa go tlhalosiwa ka botlalo Lefoko la Modimo mo dikokoanong tseno. Ka malatsi a le mane re rutwa ke Rraarona wa selegodimo ka dipolelo, dipotsolotso, dipontsho, le metshameko. Ee, le e leng dipina tsa rona ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo di re kgothaletsa kagiso.
Mo ngwageng ono kwa Kopanong ya rona ya Kgaolo ya “Kagiso ya Modimo” re tla utlwa moya wa bokaulengwe jaaka re amogelana. Go bona kafa maphata a a farologaneng a kopano a dirang mmogo ka gone ka kutlwano, ruri re tla nna le moya wa kopano.
Jalo a re tleng ruri re tlhologeletswe tlhokafalo ya rona ya semoya mme re ipaakanyeditse go sola thulaganyo yotlhe molemo ka botlalo, re tla ka nako go amogela yone thulaganyo ya ntlha-ntlha ka Labone mo thapameng le go nna gone go fitlhelela go opelwa pina ya bofelo le thapelo ka Sontaga mo thapameng.
Mme gape, a ga re a tshwanela go leka ka thata go nna ba ba tlhomameng? Ka ditsela dife? Ka go anaanela thata dijo tsa semoya tse di baakanyeditsweng. Bangwe ba rona ba tla bo ba ile ba nna le ditshenyegelo tse dintsi mo nakong le mo mading. Jalo a re direng gore re nne gone ka nako gape re le mo botsogong jo bo molemo. Seno se raya gore ga re a tshwanela go ja le go nwa go feta tekanyo kana go itisa nako e telele. Go na le moo, a re tlhomamiseng gore re nna tekatekanyo le go robala go santse go le nako gore re tle re lapologe re siamele go amogela dijo tsotlhe tsa semoya tseo di baakanyediwang. Fa thulaganyo e ntse e tsweletse, a re nneng mo mannong a rona re reeditse, re sa kgarakgatshege kana re nnele go tlotla le tsala ya rona e e rategang e gongwe re nang le lobaka re sa e bone. Nako ya go buisana le ditsala tsa rona ke pele le morago ga dithulaganyo. Ee, a re ikemisetseng go agelelwa semoyeng tota tota.
Mo metlheng ya bogologolo Modimo o ne a rulaganyetsa gore batho ba gagwe ba kokoane mmogo ka metlha mo dipakeng tse di kgethegileng gore ba tle ba agelelwe semoyeng. Mme, ruri, dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga di gareng ga dithuso tse dintsi tse Jehofa gompieno a di baakanyeditseng go re thusa go nna baboloka-kagiso.