LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 2/1 ts. 28-29
  • “Re Anaanela ba ba Godileng!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Re Anaanela ba ba Godileng!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bontsha Batsofe Lorato lwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 2/1 ts. 28-29

“Re Anaanela ba ba Godileng!”

“A GA go na botlhale mo bagoding le tlhaloganyo mo bontsing jwa malatsi?” ga botsa Jobe. (Yobe 12:12, NW) Solomone ka mo go tshwanang o ne a tlhokomela: “Tlhōgō e pududu ke serwalō sa kgalalèlō, ha e bōnwa mo tseleñ ea tshiamō.” (Diane 16:31) Mafoko ano a ne a buiwa ka nako ya fa ba ba godileng ba neng ba lebelwa kwa godimo le go tlotliwa. Mme Bibela gangwe le gape e bontsha kafa ba babotlana mo metlheng eo ba neng ba solegelwa molemo ke go nna mmogo le bagodi ka gone.

Ka sekai, Ruthe, o ne a nna le dingwaga tsa go bona sebaka sa go tlhokomela le go akanya thata ka sekao se se neng se tlhongwa ke matsalaagwe, ebong Naumi. Bokopano jono bo bonala fa bo ile jwa felela ka gore Ruthe a nne le keletso ya go obamela Jehofa. Jalo fa a fiwa sebaka sa go kgaogana le Naumi le go boela kwa lefatsheng la gagabo la baobamedi ba medimo ya disetwa, Ruthe ka boikanyegi o ne a re: “Kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna; kwa u lalañ gōna, ke tla lala gōna: batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me.” (Ruthe 1:16, 17) Ee, ka ntlha ya botsalano jwa gagwe le Naumi, Ruthe o ne a nna “mosadi eo o siameñ.”​—Ruthe 3:11.

Timotheo o ne a nna mongwe wa ba ba neng ba solegelwa molemo ke bokopano le motho yo o godileng. O ne a senya dingwaga di le dintsi a le mo maetong le moaposetoloi Paulo. Mme lefa kgolegelo e ne e ba kgaogantse, Timotheo o ne a amogela dikwalo go tswa kwa go Paulo tseo di neng di kgothaletsa go ‘tlhotlheletsa neo ya Modimo’ e e neng e le mo go Timotheo. (2 Timotheo 1:6-8) Timotheo o ne a ithuta thata mo go Paulo mo e leng gore fa a ne a kwalela Bafilipi, Paulo o ne a tlhalosa gore o ne a ‘sena ope yo o pelo e tshwanang le ya gagwe [ya ga Timotheo], yo o tla tlhokomelang ka tlhomamo kaha ba tshelang ka gone.’​—Bafilipi 2:20.

Lefa go le jalo, mo motlheng wa gompieno, go tlotla bagodi re ka re go nyeletse mo mafatsheng mangwe. Lefa go ntse jalo, a go ntse jalo mo Bakereseteng? E seng jalo gotlhelele. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba santse ba lemoga gore ba ba godileng ba na le mo gontsi go go tlhagisa ka ntlha ya tumelo, boineelo le boitemogelo jwa bone mo botshelong. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a kwala a re: “Nako le nako fa ke hutsafadiwa ke tsamaiso eno, ke iphitlhela ke seka-seka go bona ba ba godileng moteng ga phuthego, ke kgothadiwa ke go tlhomama ga bone.” Mokaulengwe mongwe yo mosha, wa dingwaga tse 34, o bua jaana ka mo go tshwanang ka bagodi ba ba ikanyegang: “Ba ile ba nthusa mo dintlheng tsotlhe tsa botshelo. Ka sekai, ke ne ke tlhoka go itse kafa ke ka nnang tekatekanyo ka gone. Legale, mokaulengwe mongwe wa dingwaga tse 72 o ne a mpolelela a re, ‘Tlhomamisega gore o dira dilo tse Jehofa a batlang o di dira pele. Ke ntwa ya ka metlha. Mme tekatekanyo e nna gone fa o ntse o batla Bogosi pele.’”

Mo kgannyeng e nngwe, mokaulengwe mongwe wa dingwaga tse 87 o ne a lwala thata. Mogolwane, gammogo le mokaulengwe mongwe yo o tsidifetseng, ba ne ba mo etela. Ka selelo, mokaulengwe yo o tsidifetseng o ne a re: “O ile wa nna tsala e e molemo. Ke tla go tlhoafalela.” Mme monna mogolo a araba a re, “Le nna ke tla go tlhoafalela.” Mme a ntse a lela, mokaulengwe yo o tsidifetseng a re, “Ke tla go bona mo Thulaganyong e Ntšha—fa e le gore e tla tla.” Lemororo a le bokoa, mokaulengwe wa rona yo o godileng o ne a nna sentle ka marago, mme a arabela ka go tia a re: “E tla tla.” Lemororo yo o tsidifetseng a ile a palelwa ke go arabela kgothatsong eno, tumelo ya monna mogolo e ne ya ama pelo ya mogolwane yo o neng a tlhokometse seo. “Tumelo ya gagwe e ne ya nthusa thata thata,” o a gakologelwa.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng gantsi ba dirisa maitemogelo a bone a botshelo jwa Bokeresete mme ba neelana ka kgakololo e e dirang. “Tsholetsa bananyana ba gago mme o ba kunkuretse,” go gakolola jalo mogodi mongwe, “ka jaana ba tloga ba gola. Ba tlhokomele pele. Ke barutwa ba gago ba ba tlhokegang thata.” “Fa mathata a tsamaiso eno a go tlela kana fa Satane a go leka,” go akantsha yo mongwe, “o seka wa latlha boammaaruri. Tswelapele o ntse o le mo go jone, ka bo tla go tlisetsa boitumelo.” Banyalani bangwe bao ba ileng ba direla ka boikanyego mo lefelong lengwe mo New Zealand ka dingwaga tse 43 ba neelana ka kgakololo eno e e dirang: “Fa o ka kgona, go botoka go nna lefelong le le lengwe, go na le go ya kwa le kwa. Boammaaruri bo na le maatla a magolo mo motseng, mme bo go thusa gore o bo tshelele, ka gone o nna yo o nonofileng.”

Ka boammaaruri, ba le bantsi ba bakaulengwe ba rona ba ba godileng le bokgaitsadi ba ka seke ba tsenelele mo tirong ya ntlo le ntlo jaaka ba babotlana ba ka dira. Bangwe ke dikoa fela tse di nang mo dikobong. Ba bangwe ba na le malwetsi a a botlhoko. Kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a bua a re, “Ga ke re sepe ka go tsofala. Ke fela se se tlisiwang ke botsofe se ke sa se rateng.” Lefa go le jalo o santse a kgona go bontsha tlhagafalo ya Bokeresete!

A o ipha nako go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ba setseng ba godile? A o batla go etsa dinonofo tseo ba di bontshang, dinonofo tseo di ntlafaditsweng jaaka gouta ke maitemogelo a go feta ga nako? Tota ruri, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ba godileng ke motswedi o o mosola thata fa re iipha nako go ba tlhokomela le go bua le bone. Mokeresete mongwe yo mmotlana o ne a bua a re: “Batsofe ba ba ikanyegang ba ile ba nna dikao tsa go ineela mo boammaaruring mo go nna, mo loratong lwa mmatota, mo tumelong e e tshelang, mo tlhomogelang pelo, le mo tlhagafalong mo tirelong ya Modimo. Mo go nna bontle jwa bone bo tshwana le ditlhare tse di thuntseng, mme ba tshwana le molelo o o bothitho mo bosigong jo bo serame.” Eleruri, re na le lebaka la go anaanela ba ba godileng ba rona!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela