Beleshasare—Mojaboswa wa Bogosi kana Kgosi?
BAKANOKI ba Bibela ba ile ba senya lobaka lo loleele ka kgang ya ga Beleshasare. Go ya ka buka ya Bibela ya Daniele, “kgosi Beleshasare” e ne e le mmusi wa Babelona, le go nna le mokete o mogolo mo bosigong joo jo bo kotsi jwa 539 B.C.E. fa Kuruse wa Moperesia a fenya motse. (Daniele 5:1) Bothata ke gore ke Bibela fela e e umakang leina Beleshasare. Dihisitori tse dingwe tsa pele di a le tlogela mme di bega gore mmusi wa Babelona ka nako eo e ne e le Nabonidus. Seno se ne se lejwa ke ba le bantsi jaaka bosupi jwa gore buka ya Daniele e ne e sena mosola ope kafa hisitoring mme gongwe ebile e ile ya kwalwa makgolo a dingwaga morago ga go wa ga Babelona.
Lefa go ntse jalo, katlholo e e ntseng jalo e ne e tlile pele ga nako. Go ya ka polelo ya ga Alan Millard go Biblical Archaeology Review (May/June 1985), ka 1854 mokwalo mongwe o ne wa epololwa mo Iraq o o neng o na le thapelo kaga botshelo jo boleele le botsogo jo bo molemo jwa ga Nabonidus le morwawe yo motona. Leina la morwa yono e ne e le mang? Beleshasare! Jalo go ne go na le Beleshasare mo Babelona! Fa e sale ka 1854, mekwalo e mengwe e le mentsi e ile ya fitlhelwa go tiisetsa seno. Lefa go ntse jalo, ga go epe mo mekwalong eno e e bitsang Beleshasare kgosi. E mo lebisa jaaka morwa kgosi kana jaaka mojaboswa wa bogosi. Jalo he, banyatsi ba iphaka gore mokwadi wa Daniele o ne a le phoso ka go dirisa tlhaloso e e reng “kgosi Beleshasare.”
Lefa go le jalo, le e leng mo go seno, ba phoso. Re itse seo jang? Ka ntlha ya gore, go ya ka Alan Millard, go ile ga epololwa dikwalo dingwe tsa molao go tswa nakong eo tseo mo go tsone batho ba neng ba ikana ka Nabonidus le ka Beleshasare. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? Ke ka go bo tlwaelo e e tlhomameng e ne e le gore batho ba dire maikano ka medimo le ka kgosi. Go ikana ka Beleshasare ke gone fela mo go fapaaneng mo go seno, jalo Beleshasare ka phepafalo o ne a na le boemo jo bo kgethegileng. Tota, go bonala fa Beleshasare a ne a busa a le nosi mo Babelona ka dingwaga di le dintsi fa rraagwe a ne a nna kwa ledutleleng la Teima mo bokone jwa Arabia. Mo lobakeng lono, go ya ka lomati lo lo bolokilweng mo musiamong wa Britane, Nabonidus “o ne a apolela bogosi go” Beleshasare.
Ke ka ntlha yang he fa mekwalo e e kafa molaong e mmitsa “mojaboswa wa bogosi” fa buka ya Daniele e dirisa lereo “kgosi”? Phitlhelelo ya bafatolodi mo bokone jwa Siria e neelana ka karabo. Ka 1979 setshwantsho se se setilweng sa kgosi ya Gozan ya bogologolo se ne sa epololwa koo. Mo seaparong sa lotheka sa sone go ne go na le mekwalo e le mebedi, o mongwe o le ka Se-Asiria o mongwe o le ka Se-Aramaika. Mekwalo e mebedi, lemororo e batlile e tshwana thata, mme bobotlana e ne e na le pharologano nngwe e e kgatlhisang. Mmalo oo ka puo ya babusi ba Asiria o bolela gore mmusi yo o neng a emelwa ke setshwantsho se se setilweng e ne e le “molaodi wa Gozan.” Mmalo ka Searamaika, puo ya batho ba ba tlwaelegileng o mo tlhalosa jaaka “kgosi.”
Go dumalana le seno, Alan Millard o digela ka gore lemororo mekwalo ya semolao e ne e lebisa go Beleshasare jaaka mojaboswa wa bogosi, “go ka nna ga bo go ile ga tsewa fela go tshwanetse gore direkoto tse e seng tsa semolao jaaka buka ya Daniele di bitse Beleshasare ‘kgosi.’ O ne a dira jaaka kgosi, moemedi wa ga rraagwe, lemororo a ne gongwe a se kgosi kafa molaong. Pharologantsho e e tlhomameng e ne e tla bo e sa utlwale ebile e tlhakanya tlhogo mo polelong jaaka fa e tlhalosiwa go Daniele.”
Seno sotlhe se tlhagisa potso e e reng: Fa buka ya Daniele tota ruri e ne ya kwalwa makgolo a dingwaga morago ga go wa ga Babelona, mokwadi wa yone o ne a itse jang kaga Beleshasare, yo o ileng a tlodisiwa matlho ke bo-raditiragalo ba bangwe? Mme ke ka ntlha yang fa a ile a mmitsa “kgosi,” ka go latela tlwaelo eo e neng e tlhaloganngwa fa Beleshasare a ne a santse a tshela mme ya lebalwa mo makgolong a dingwaga moragonyana? Tota ruri, go lebisa ga buka ya Daniele go “Beleshasare kgosi,” ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore buka eleruri e ne ya kwalwa ke mongwe yo o neng a nna mo Babelona mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E.