Itumedise Pelo Ya Ga Jehofa ka Go Boloka Bothokgami!
“Leha re tshela, kgotsa re shwa, re nntse re le ba Morèna [Jehofa] hèla.”—BAROMA 14:8.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go tshegetsa bothokgami jwa bone go Modimo? (b) Mme ke dipotso dife tse di tsogang?
A BO mafoko ao a ga moaposetoloi Paulo a tlhalosa maikutlo a ba e leng bone fela baboloka bothokgami ba boammaaruri ba lekgolo leno la dingwaga la bo-20 jang ne! Fa re ka nna le tshiamelo ya go bo re tshela le go iponela ka matlho go senyega ga tsamaiso ya jaanong e e boikepo, a bo re ka itumela jang ne! Mme fa e le gore re ka swela mo tirelong ya Modimo, le gone go ntse go siame. Lefa go ka nna jang, re ikemiseditse go nna basupi ba ba ikanyegang ba Modimo wa rona, ebong Jehofa. Re tla tshegetsa bothokgami jwa rona mo go ene. Ka ntlha yang? Ka go bo le fa re tshela kana re sule, tota ruri re ba ga Jehofa!
2 Mme tota, jone bothokgami ke eng? Bo tlhokang mo go rona? Mme e bile a go boloka bothokgami ga rona go ka raya sengwe mo Modimong?
Bothokgami le Se Bo Se Tlhokang
3. Go ya ka Bibela, go boloka bothokgami go raya eng?
3 Mo Lefokong la Modimo, bothokgami bo kaya boitsholo jo bo molemo le go itekanela ga jone, go tlhoka molato lefa e le phoso. Bo raya boineelo jo bo sa reketleng mo tshiamong. Tota, bothokgami bo tlhoka boineelo jo bo sa robegeng mo mothong—go Jehofa Modimo. Ee, go boloka bothokgami go raya go tswelela o dira thato ya bolaodi ya ga Jehofa.
4. Moroba bothokgami wa ntlha e ne e le mang, mme ke eng se a neng a tlhotlheletsa batho ba ntlha ba babedi go se dira?
4 Moroba bothokgami wa ntlha e ne e le sebopiwa sa moya seo se neng sa gogela batho ba ntlha ba babedi mo tseleng ya botsuolodi kgatlhanong le Mmopi wa bone. Adame le Efa ba ne ba na le sebaka sa go bontsha bothokgami jwa bone mo go Jehofa ka go tlotla dikganelo tsa gagwe mabapi le setlhare sa kitso. Mme ba le kgatelelong ya maikuelo a bogagapa a Mmaba, ba ne ba ineela mo botlhokeng-kutlo. Dipelo tsa bone di ne tsa seka tsa itshupa di sena molato mo ditaong tsa ga Jehofa, mme ba ne ba seka ba boloka bothokgami go ene.—Pesalema 119:1, 80.
5. Botsuolodi jwa ga Satane bo ne jwa tsosa kganetsano efe, mme seno se supelwa jang ke maitemogelo a a tlhamaletseng a ga Jobe?
5 Botsuolodi jwa ga Satane bo ne jwa tsosa kganetsano kaga tshiamo ya bolaodi jwa Modimo mo dibopiweng tsotlhe tsa Gagwe, kaga tshwanelo ya ga Jehofa ya go batla kutlo e e tletseng mo go bone. Ka gone kgang ya bothokgami jwa motho mo thatong e e feletseng ya Modimo e ne ya nna karolo e e botlhokwa-tlhokwa ya kganetsano ya bolaodi jwa lebopo lotlhe. Bosupi jwa seno bo bonwa mo kgannyeng ya motlhanka wa ga Jehofa ebong Jobe, monna yo o neng a sena molato, a thokgame, ebile a boifa Modimo. (Yobe 1:1) Jobe o ne a seka a fapoga mo tseleng ya Modimo e e tshwanetseng. Boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong bo ne jwa seka jwa mo ama ka gope. O ne a sena tshiamololo mo katlholong kana a le letsogo le thata mo motlholagading, mo masieleng, kana mo bahumaneging. Mo boemong jwa go ikanya mo mahumong a dilo tse di bonalang, Jobe o ne a ikanya ka mo go feletseng mo go Mogodimodimo. (Yobe 31:7-40) Lefa go le jalo Diabolo o ne a bolela gore Jobe o ne a direla Modimo fela ka ntlha ya mabaka a bogagapa. Lemororo Jehofa a ne a dumelela Satane go amoga Jobe dithoto tsotlhe tsa gagwe le eleng bana ba gagwe, Motsietsi-mogolo o ne a palelwa ke go kgaola bothokgami jwa monna yoo yo o tshiamo. Le eleng bolwetsi jo bo botlhoko le dikgalo tse di sotlang go tswa bagomotsing ba e seng bone di ne di sa thuse sepe, ka go bo Jobe a ile a itshupa e le mmoloka bothokgami.—Yobe 1:6-2:13; 27:5, 6; 31:6; 42:8, 9.
6. Ke eng se se tlhokwang mo go bao ‘e leng ba ga Jehofa’?
6 Ka gone he batho ba na le tshiamelo e e senang selekanyo ya go tlatseletsa mo go itshepisiweng ga leina le le boitshepo la Modimo. Jang? Ka go boloka bothokgami, ba bontsha gore ba tshegetsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa ka boikanyegi. Ke eng, he, se se tlhokwang mo go ‘ba e leng ba ga Jehofa’? Re tshwanetse ra direla Modimo ka moya otlhe, re sa lebale gore Jehofa ke “Modimo o o batlang kobamelo e e feletseng.”—Ekesodo 20:5, NW.
Re Ka Itumedisa Pelo ya ga Jehofa
7, 8. (a) Ereka jaana re sa itekanela, re ka tshegetsa bothokgami jwa rona go Modimo jang? (b) Fa re le baboloka bothokgami, ke jang Diane 27:11 e dirang mo go rona?
7 Ereka rotlhe re sa itekanela, ga re kgone go fitlhelela ka botlalo ditekanyetso tsa tshiamo tsa Modimo. Jalo he, go boloka bothokgami ga rona ga go reye gore re tla itekanela mo puong. Go na le moo, go raya pelo yotlhe, kana boineelo jo bo feletseng jwa pelo. Ka gone, lemororo Dafide a ne a dira maleo a a masisi, o ne a ‘sepela ka pelo e e thokgameng.’ (1 Dikgosi 9:4) Fa a sena go amogela kgalemelo, o ne a siamisa tsela ya gagwe mme jalo a itshupa fa pelo ya gagwe e ne e rata Jehofa ka mmannete. (Pesalema 26:1-12) Mme le rona, re ka bontsha lorato lo lo ntseng jalo, re dira kafa ‘thokgamong ya pelo.’—Pesalema 78:72.
8 Tsela ya go boloka bothokgami e ka kgonega ka go bo re na le tumelo e e boteng mo go Jehofa Modimo le go ikanya mo go ene gotlhelele le mo nonofong ya gagwe go re boloka. (Pesalema 25:21; 41:12) Ga go motlhofo go tshegetsa bothokgami jwa rona, ka jaana Satane Diabolo—yo o leng mmaba yo mogolo go gaisa wa ga Jehofa, le wa rona—o foufatsa megopolo ya ba ba sa dumeleng mme ebile o ‘tsietsa lefatshe lotlhe.’ (Tshenolō 12:9; 2 Bakorintha 4:4) Mme, jaaka Jobe, re ka nna baboloka bothokgami. Lemororo re sa itekanela, re ka itumedisa pelo ya Modimo wa rona yo o lorato. Fela jaaka Diane 27:11 e re: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” Ka boitumelo, jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, re ka mo neela karabo e e molemo gore a arabe Mmaba yo o mo kgobang. Jalo go boloka bothokgami ga rona ruri go raya sengwe. Jaaka ba ba bolokang bothokgami, re ka itumedisa pelo ya ga Jehofa. Mme a bo seno se re tlisetsa boipelo jang ne!
Tatelano E Telele Ya Baboloka Bothokgami
9. Bangwe ba “boidiidi” jo bogolo jwa basupi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa e ne e le bomang, mme ke diteko dife tsa bothokgami tse ba neng ba di itshokela?
9 Tota-tota, Basupi ba ga Jehofa gompieno ke karolo ya tatelano e telele ya baboloka bothokgami. E tsamaya gore e bo e ye go fitlha kwa go Abele yo o ikanyegang le go akareletsa banna le basadi ba ba tshwanang le Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Sara, Isake, Jakobe, Josefa, Moshe, Rahabe, Gideone, Barake, Samesone, Jefethe, Dafide, le Samuele. Go bonala sentle fa go ne go tewa baboloka bothokgami ebong Shaderake, Meshake, le Abedenogo, bao ba neng ba gana go obamela setshwantsho se se neng se tlhomilwe ke kgosi ya Babelona ebong Nebukadenesare mme ba ile ba latlhelwa mo leubelong la molelo le le goteditsweng, e le bone go kaiwang fa ba ne ba “tima bogale yoa molelō.” Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete ba ne ba ‘sotlwa, ba teketwa, ba tsenngwa mo matlong a kgolegelo, ba kgobotlediwa ka maje, ba raelwa, ba hatoganngwa ka shage, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya hela ba apere matlalo a dinku le a dipodi, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula.’ Tota ruri re dumalana le Paulo, yo o neng a bolela a re: ‘Lehatshe le ne le sa tshwanelwa ke bone.’ Abo go itumedisa jang ne go dikaganyediwa ke “boidiidi” jo bo kalo jwa basupi ba ba bolokang bothokgami!—Bahebera 11:1-12:1; bona gape Daniele, kgaolo 3.
10. Moaposetoloi Paulo o ne a itumedisa pelo ya ga Jehofa jang?
10 Ka bopelokgale le nonofo tse a di neilweng ke Modimo, moaposetoloi Paulo o ne a itshokela go tsenngwa mo kgolegelong, dititeo, go thubegelwa ke shepa, dikotsi di le dintsi, go lala a sa robala, tlala, lenyora, serame, bosaikategang, le “go shwa gantsi.” (2 Bakorintha 11:23-27) O ne a diragalelwa ke mathata a a ntseng jalo ka ntlha ya bodihedi, mme mo go seno sotlhe o ne a itumedisa pelo ya ga Jehofa jaaka mmoloka bothokgami yo o senatla. Mme le rona re ka dira jalo.
11. Malebana le bothokgami, ke sekao sefe se Jesu Keresete a neng a se tlhoma?
11 Yo o neng a tlhomologile gareng ga baboloka bothokgami ke “mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona,” ebong Jesu Keresete. Fa a ne a raelwa kwa nageng ke Diabolo, Jesu o ne a ngaparela bothokgami jwa gagwe, mme kgabagare a bolela a re: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” Tota ruri a feletswe ke maatla a sena go lebana le boikemisetso jo bo ntseng jalo jo bo tswang mo Modimong, Diabolo o ne a tlogela Jesu. Eo e ne e se tlhaselo ya bofelo ya ga Satane mo go Jesu, mme Diabolo o ne a sena maatla a go roba bothokgami jwa Morwa Modimo. “Eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō,” a seka a nna moroba bothokgami. Ekete re ka tswelela ka metlha re latela sekao sa gagwe se se molemo-lemo mme ra itumedisa pelo ya ga Jehofa jaaka baboloka bothokgami.—Bahebera 12:2, 3; Mathaio 4:1-11.
12, 13. Ke diteko dife tsa bothokgami tse Bakeresete ba pele ba neng ba kgona go di fenya ka katlego?
12 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ea leina ya me.” (Mathaio 10:22) Abo seo se ile sa nna jalo mo Bakereseteng ba mmatota! Mo bukeng ya gagwe Christianity and the Roman Government, E. G. Hardy o ne a kwala a re: “Go bonala sentle-ntle fa, dikwalo tsoo-pedi tsa ga Pliny le mokwalo wa ga Trajan, Bakeresete ba ne ba ka otlhaelwa nomen [leina] fela, kana go ipolela fela fela gore ke Bakeresete, kwantle ga tlhaloso epe kana bosupi bope jwa ditlolo-molao tsa mmatota.”
13 Abo Bakeresete bao ba pele ba ile ba kgona go lebagana le diteko tsa bothokgami ka katlego ka nonofo e ba e neilweng ke Modimo jang ne! Ka sekai, malebana le bone go ne ga tlhalosiwa jaana: “Fa gongwe ba ne ba tlhokofadiwa le go latlhelwa mo dibataneng tse di tshwerweng ke tlala mo patlelong ya botshamekelo go kgatlha batho.” Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dipogo tse di ntseng jalo, go ile ga tlhokomelwa gore “pogiso e ne e direla fela go ba nonotsha tumelo le go gapela basokologi ba le bantsi mo tirong ya bone.” (From the Old World to the New, ka Eugene A. Colligan le Maxwell F. Littwin, 1932, ditsebe 90-1) Go ntse fela jalo le ka basupi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20. Batlhanka ba ga Diabolo ga baa itshupa ba na le nonofo epe e e lekanang le ya bone.
14, 15. ‘Basupi ba babedi’ ke bomang, mme ke eng seo ba neng ba se itemogela ka 1918 le 1919?
14 Akanyetsa seo se diragaletseng batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa, ‘basupi ba babedi’ ba tshwantshetso, ka 1918 le 1919, fa baba ba bone ba ‘baakanya bosenyi ka molao.’ (Tshenolō 11:3, 7-10; Pesalema 94:20) J. F. Rutherford (yo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo) le maloko a mangwe a supa ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka mo go sa tshwanelang. Ka nako eo, ‘basupi ba babedi’ ba ne ba bolawa kafa tseleng ya boperofeti jwa bone, mme baba ba bone ba ipela. Mo bukeng ya gagwe ebong Preachers Present Arms, Ray H. Abrams o ne a tlhokomedisa: “Tlhatlhobo ya kgang yotlhe [e e neng e kopanyeletsa Rutherford le ditsala tsa gagwe] e gogela mo phetsong ya gore dikereke le baruti ke bone ba pele pele ba neng ba tlhotlheletsa boikaelelo jwa go nyeletsa [Baithuti ba Bibela]. . . . Fa dikgang tsa gore ba atlholetswe dingwaga tse di masome a mabedi di tsena mo ditsebeng tsa bakwala-dikgang ba dikoranta tsa sedumedi, mo e ka nnang nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno, tse dikgolo le tse dipotlana, di ne tsa ipelela tiragalo eno. Ke ne ka retelelwa ke go bona lefa e le lefoko lepe la kutlwelobotlhoko mo dikgatisong tseno tsa ditumelo tsa motheo.”
15 Lefa go ntse jalo, Baithuti ba Bibela ba ba herang bobedi ba ba neng ba latlhetswe mo kgolegelong ba ne ba gololwa gotlhelele le go tlhokwa molato, tshwabong e kgolo ya ga Satane le badiri ka ene. Ba tlhagafaditswe ke moya wa Modimo, ‘basupi ba babedi,’ setlhophanyana seo sa batlodiwa, ba ne ba ema ka dinao gape jaaka baboledi ba Bogosi. (Tshenolō 11:11) Mme baba ba ga Jehofa ba nnile ba lwa ntwa ba sa atlege kgatlhanong le baboloka bothokgami bano fa e sale.
16. Mongwe wa baboloka bothokgami yo mmotlana o ne a tlhalosa jang?
16 Go tshwantshetsa seno: Akanyetsa mafoko a bopelokgale a lekawana lengwe le neng la a kwalela ba lelapa la ga bone fa a ntse a letile go bolawa ke babogisi ba Ma-Nazi. O ne a kwala a re: “Nako e setse e kgabagantse bosigo-gare. Ke santse ke na le nako ya go ka fetola mogopolo wa me. Ao! a ke ka boa ka itumela gape mo lefatsheng leno morago ga ke sena go itatola Morena wa rona? Tota le e seng! Mme jaanong le na le tlhomamisego ya gore ke tlogela lefatshe leno ka boitumelo le ka kagiso.” A seo se utlwala jaaka moroba bothokgami yo o bokoa, yo o legatlapa, yo o fentsweng? Nnya le e seng!
17. Go tshwarwa ga Basupi ba ga Jehofa mo Soviet Union go ne ga nna le diphelelo dife mo ditirong tsa bone tsa go rera ka Bogosi?
17 Maiteko a go roba bothokgami jwa batlhanka ba ga Jehofa a ile a tswelela. Ka sekai, mo bukeng ya gagwe Religion in the Soviet Union, mokwala-dikgang ebong Walter Kolarz o ne a bolela ka go tshwarwa ga Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi mo masimologong a 1951 mme a tlhalosa a re: “Basupi ka bobone ba hopholetsa gore batho ba ka tshwara 7 000 botlhe ba ne ba fudusediwa kwa, Urals, Siberia, Bokone jo bo Kgakala (Vorkuta) le kwa Kazakhstan.” Mme a oketsa: “Seno e ne e se bokhutlo jwa ‘Basupi’ mo Russia, mme e le tshimologo fela ya ditiro tsa bone tsa thero. Ba ne ba bo ba leka go anamisa tumelo ya bone fa ba ema mo diteisheneng mo tseleng ya bone go ya botshwarwa ga bone. Goromente wa Soviet o ne a ba thusa thata thata go anamisa tumelo ya bone ka go ba fudusa. Go tsweng ga bone metsaneng e e kwa thoko thoko ‘Basupi’ ba ne ba tlisiwa mo lefatsheng le le atlhameng, lemororo leno e ne e le lefatshe le le setlhogo la dikampa tsa kgolegelo tsa bokgoba.” Koo batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba fitlhela ba le bantsi ba ba neng ba amogela molaetsa o o gomotsang wa Bogosi ka boipelo.—Bapisa Ditihō 11:19-21.
Jaaka Batlhabani ba ba Fenyang
18, 19. Go ka kgonega jang go fenya jaaka baboloka bothokgami?
18 Go bogisiwa ga batho ba Modimo go ntse go tsweletse nako kgolo ke eno. Jalo Basupi ba ga Jehofa ba kgona jang go fenya jaaka baboloka bothokgami? Re ka dira jalo ka go bo re utlwa Lefoko la Modimo, mme ebile ‘maikutlo a rona a tlwaeditswe go lemoga molemo le bosula.’ Jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, ga re a ‘bopega jaaka lefatshe jeno, mme re fetotswe ke boshahatso jwa pelo tsa rona.’ Re dira se se itumedisang Jehofa ka boipelo, mme o re neela phenyo mo babeng ba rona, ba badimona le ba batho.—Bahebera 5:12-14; Baroma 12:1, 2.
19 Rona ba ‘re leng ba ga Jehofa’ re ka tshwantshiwa le batlhabani ba ba fenyang. Legale, ya rona ntwa ke ya semoya, mme re ‘nonofa mo Moreneng, le mo thateng ya nonofo ya gagwe.’ Re apere diaparo tsa phemelo tsa semoya go tswa kwa Modimong, mme moya wa gagwe o o boitshepo o a re tshegetsa. Ke sone se re kgonang go “ganèla le maanō a boherehere a diabolo.” (Baefesia 6:10-20; 2 Bakorintha 10:3, 4) Ee, mme ke sone se re tla tswelelang pele go fenya jaaka baboloka bothokgami.
20. Ke thuso efe le tlhomamisetso tseo re nang le tsone fa re ntse re dira go tshegetsa bothokgami jwa rona?
20 Tota ruri re bontsi jo bogolo jwa batlhabani jo bo sa tlwaelegang. Aitsane, gareng ga rona le e leng ‘basadi ba ba itsiseng batho mafoko a a molemo ke bontsi jo bogolo jwa batlhabani’! (Pesalema 68:11) Lemororo re lebane le baba ba ba nonofileng, “ba ba nañ le rona ba bantsi go heta ba ba nañ le bōnè.” (2 Dikgosi 6:16) Baengele ba na le rona jaaka fa re bolela mafoko a a molemo mo baaging ba lefatshe (Tshenolō 14:6) Mme jaaka baboloka bothokgami, re na le ikanyo ya gore ‘ga go na sebolao sepe se se thudilweng se se ka atlegang.’—Isaia 54:17.
21. Go sa kgathalesege pogiso eo re e itemogelang, ke eng se se tswelelang pele?
21 Kwantle ga pelaelo, mephato ya ntwa e abilwe. Masomosomo a ga Satane a ikemiseditse go emisa tiro ya rona ya go neela bosupi. Ka gone, go mo go rona gore re ‘tswelele go tlhabana ntwa e e molemo.’ (1 Timotheo 1:18) Re na le Jesu Keresete jaaka Molaodi wa rona yo o galaleditsweng le Moeteledipele, a mongwe le mongwe wa rona a dire jaaka “motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu.” (2 Timotheo 2:3, 4) Lemororo re tlhaselwa go tswa dintlheng tsotlhe, re tshwanetse—mme ebile ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo—re tla ema re tiile jaaka baboloka bothokgami. Difatlhego tsa rona di phatsima ka boitumelo jaaka re bona koketsego nako le nako. Dipalo tse di ntseng di ya magoletsa tsa “dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe” dia tla le go tlatsa ntlo ya ga Jehofa ka kgalalelo. (Hagai 2:7) Go sa kgathalesege go bogisiwa, go tsenngwa mo dikgolegelong, go teketwa, go thibelwa ga tiro ya rona mo mafatsheng a a farologaneng, le maiteko a a gagametseng a go re didimatsa, tiro e kgolo ya go dira barutwa e ntse e tsweletse le go fefoga.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
22. Jaaka ba re leng ba ga Jehofa, ke eng se re tshwanetseng go se dira?
22 Fa modumo wa mantswe a a bakang Jehofa o ntse o oketsega, eno ke nako ya gore mongwe le mongwe mo lefatsheng a dire phetso. Abo re na le tshiamelo e ntle jang ya go anamisa mafoko a a molemo le go ruta bao ba inaakanyang le kobamelo ya boammaaruri! Jalo he, jaaka “boidiidi yo bogolo” bo ntse bo ntsifala, ekete re ka tswelela pele jaaka batlhanka ba ba dinatla ba Modimo Mogodimodimo. (Tshenolō 7:9) ‘Lefa re tshela kana re swa, re ntse re le ba ga Jehofa.’ Jalo a re gagamaleleng kwa mokgeleng wa botshelo, re ntse re lebogela tshiamelo ya rona e e molemolemo ya go itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go boloka bothokgami!
A O Ka Araba?
◻ Bothokgami ke eng?
◻ Ke dipatlafalo dife tseo go boloka bothokgami go di bayang mo bathong ba ga Jehofa?
◻ Go ka bontshiwa jang gore go boloka bothokgami ga rona go raya sengwe mo Modimong?
◻ Ke ka ditsela dife bangwe mo nakong e e fetileng ba ileng ba itshupa e le baboloka bothokgami?
◻ Go ka kgonega jang gore Basupi ba ga Jehofa ba nne baboloka bothokgami gompieno?
[Setshwantso mo go tsebe 13]
Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ke karolo ya tatelano e telele ya basupi ba gagwe ba ba bolokang bothokgami. A o mongwe wa bone?
Enoke
Sara
Jefetha
Paulo