Pego ya Baboledi ba Bogosi
Batla-Kopanong baa Akgolwa
“DIHA se se molemō, me u tla bakwa ka ga shōna,” moaposetoloi Paulo o boletse jalo mo go Baroma 13:3. Seno se itshupile e le boammaaruri kwa dikopanong tsa “Koketsego ya Bogosi” tsa ngwaga o o fetileng kwa Brazil.
Ka sekai, morago ga Kopano kwa João Pessoa, motsamaisi wa setlhopha o ne a raya komiti ya kopano a re: “Ke le akgolela tsela e e molemo-lemo e kopano e neng e tshwerwe ka yone le boitshwaro jo bontle jwa lona le jwa bana ba lona. Ga go na phuthego e nngwe ya bodumedi e e bontshang boitshwaro jo bo molemo jo bo ntseng jalo. Ga re nne le matshwenyego fa re lo hirisetsa. Mejako ya setlhopha e tla nna e butswe ka metlha lefa e le leng fa lo batla go dirisa mabala a rona.”
Dikakgelo tse di tshwanang le tseno di ne tsa utlwiwa go tswa go ba bangwe ba bantsi:
◻ “Ke na le dingwaga ke dira le matshwititshwiti a batho, mme lona lo rulagantswe go gaisa, lo phepa go gaisa, le go dirisanammogo go gaisa.”—Molaodi wa Mabala a Maracanãzinho kwa Rio de Janeiro.
◻ “Ke kgatlhilwe ke setlhopha sa lona eleruri. Fa Jesu a ne a ka tla jaanong, ke solofela gore bodumedi jo a neng a tla bo amogela e ne e tla nna jwa lona.”—Motimamolelo yo o neng a bereka mo go nngwe ya dikopano tsa Rio de Janeiro.
◻ “Ga lo re tshwenye [mapodisi] le eseng. Ke eletsa fela ekete mongwe le mongwe a ka bo a tshwana le lona. Go ne go tla nna molemo-lemo. Fa ke letsa phala ya me, ke itse fa ke tla utlwiwa kwantle ga kgang epe.”—Lepodisi la pharakano le le neng le abetswe kwa kopanong kwa Curitiba.
◻ “Re batla go dihsetsa sebaka seno go le akgola malebana le go nna phepa ga lona le bomolemo, le ka go dira ka bolona, mme re le eleletsa katlego mo ditiragalong tse di tlang, tse Ofisi eno [Mmasepala] e iketleeleditseng go le thusa mo go tsone ka metlha.”—Lekwalo le le amogetsweng ke molebedi wa kopano go tswa kwa ofising ya rra-toropo kwa Santo André.
◻ “Go ne go na le pharologano e kgolo magareng ga boitshwaro jwa lona le jwa ba bangwe ba ba kileng ba dirisa dikamore tsa hotele ya rona. Batho ba lona ba ne ba boloka didirisiwa tsotlhe di le phepa ebile di rulagane, mme boitshwaro jwa bone bo bontshitse go tlotla ba bangwe go go senang sekgopi.”—Motsamaisi wa hotele kwa Novo Hamburgo.
◻ “Lona batho ke lona lo tshwanetse go bo lo amogela madi a mantsi.”—Rra-lepaka le le neng le tlamela kopano ka borotho kwa Sorocaba, morago ga go bona ka moo bakaulengwe ba neng ba dira ka natla ka teng koo. Fa a utlwa gore botlhe e ne e le badiri ba ba ithaopileng, ba ba sa duelweng, o ne a boela kwa lepakeng la gagwe mme a tlisa badiri ba gagwe botlhe kwa mabaleng go tla go bona go dira ka natla le boineelo tsa bone!
Dikopano tsa kwa Brazil di ne tsa tlhokomelwa le eleng ke bobega-dikgang. Tribuna da Bahia e ne ya neela pego eno: “Ba tshotse Blbela ka seatla, ba leba tlhaloso ya thubakanyo le boferefere tsa batho mo ditemaneng tsa yone, Basupi ga ba tlotle ka dipolotlki, ga ba itshunye nko mo ditsamalsong tsa loago, mme ga ba itse sepe ka dltlhopho ka tlhamalalo. Bosupi jwa seno ke lebaka la gore go sa kgathalesege gore ke mang yo o busang, ga a ka ke a nna tekatekano, ereka e le Modimo fela yo o ka busang lefatshe ka nepagalo. . . . Motheo wa tumelo ya bone ke go tla ga lefatshe le lesha le le ka bonwang fela ka go ithuta Bibela ka go sa lape le ka go fetola mekgwa e e maswe go nna pelo e e itshekileng.”
Tota, Basupi ba ga Jehofa ga ba dire malphako ape a gore ba itekanetse mme ba dumela gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa thulaganyo e ntsha e e itekanetseng. Lefa go ntse jalo, ba ile ba leka go dlrisa kgakololo ya Bibela e e mo go 1 Petere 2:12: “Lo bo lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle . . . ba galaletsè Modimo . . . ka ditihō tsa lona tse di molemō, tse ba di bōnañ.”
[Setshwantsho mo go tsebe 14]]
Boitshwaro jwa Bokeresete bo galaletsa Modimo