“Ke Batla Go Nna Mokeresete yo o Nitameng”
Morago ga gore lekawana lengwe la Zimbabwe le bale buka eo e nang le setlhogo se se reng “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Society, le ile la tlhotlheletsega go kwala seno:
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng ke ile ka lemoga gore mono Zimbabwe ke lona fela, Basupi ba ga Jehofa, batho bao eleruri lo lekang go latela sekao sa ga Keresete. Ke leloko la kereke ya Seventh Day Adventist, mme go bonala ekete Kereke ya me mo nageng eno e latlhegetswe ke tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. Re goga le lefatshe. Ka sekai, re dumela, fela jaaka lo dumela, gore Keresete gaa tsalwa ka di 25 [tsa] December, mme lefa go ntse jalo baruti ba rona ba re bolelela gore re ka nna ra keteka Keresemose fa fela re gakologelwa gore Keresete o swetse dibe tsa rona . . .
“Nna ka bonna, ke lapisitswe ke go bolela gore ke Mokeresete mme tsela ya me ya botshelo yone e le kgatlhanong le sekao sa ga Jesu. Ke batla go nna Mokeresete yo o nitameng . . . Go fitlha jaanong, ke lona fela setlhopha seo se kgonneng go ntlhatswa pelo ka lorato lwa Modimo le maatla a efangedi ya Gagwe, ka mokgwa wa lona wa go tshela mme eseng ka dipuo le mekwalo fela. Lo tshelela efangedi le go rera fa batho ba bantsi-ntsi bone ba rera efangedi mme ba sa e tshelele.”