Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Barutwa ba Ntlha ba ga Jesu
MORAGO ga malatsi a le 40 mo nageng, Jesu o boela kwa go Johane yo a neng a mo kolobetsa. Jaaka a atamela, Johane o tlhaeletsa ka go re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe! Ke éna eo ke buileñ kaga gagwé, ka re, Moragō ga me go tla monna eo o bileñ a nntse pele ga me: gonne o na a leeō pele ga me.” E re ntswa Johane a ne a le mogolwanyane mo go ntsalaagwe eleng Jesu, Johane o a itse gore Jesu o ne a nna gone pele ga gagwe jaaka motho wa semoya mo legodimong.
Letsatsi le le latelang Johane o eme le barutwa ba gagwe ba babedi. Gape, jaaka Jesu a atamela, a re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo!” Ka ntlha ya seno, barutwa ba babedi ba ga Johane Mokolobetsi ba sala Jesu morago. Mongwe wa bone ke Anderea, mme yo mongwe go bonala e le ene motho yo a ileng a kwala tsone dilo tseno tse, yoo le ene o neng a bidiwa Johane. Johane yono, go ya ka dipego, gape ke ntsalaagwe Jesu, ka e ne e le ngwana wa ga mogoloa Maria eleng Salome.
Fa a retologa le go bona Anderea le Johane ba mo setse morago, Jesu o a botsa: “Lo batlañ?”
“Rabi,” ba a botsa, “u nna kae?”
“A re tsamaeeñ, me lo tla bōna,” Jesu o a araba.
E setse e ka nna nako ya oura ya bone thapama, mme Anderea le Johane ba tlhola le Jesu letsatsi leo lotlhe. Moragonyana Anderea o itumetse fela thata mo a itlhaganelelang go batla monnawe, yo o bidiwang Petere. “Re bonye Mesia,” o mmolelela jalo. Mme o tsaya Petere o mo isa kwa go Jesu. Ka gongwe Johane, ka yone nako eno o bona mogolowe eleng Jakobe mme o mo tlisa kwa go Jesu; lefa go le jalo, ka mokgwa mongwe, Johane o tlogela boikitsiso jono jwa gagwe jwa sebele mo Efangeleng ya gagwe.
Letsatsi le le latelang, Jesu o bona Filipo mme o a mo laletsa; “Ntshala moragō.” Filipo go tswa foo o bona Nathaniele, yo gape a bitswang Baretholomea, mme o bolela jaana: “Re bonye èna eo Moshe o kwadileñ kaga gagwè mo molaoñ, le bōnè baperofeti, eboñ Yesu oa Nasaretha, morwa Yosefe.” Nathaniele o a belaela. “A señwe se se molemō se ka cwa Nasaretha?” o a botsa.
“A re tsamaeè, u eè go bōna,” Filipo o a mo laletsa. Fa ba tla fa go Jesu, o bolelela Nathaniele go re; “E rile u le ha tlhatse ga mofeige, Filipo a e se a gu bitse, nna ka go bōna.”
Nathaniele o akabetse. ‘Rabi, o Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele,’ o araba jalo.
Ka bofefo fela morago ga seno, Jesu le barutwa ba gagwe ba basha ba a ba iponetseng ba tlogela Mokgatšha wa Joredane le go tsamaela kwa Galalea. Yohane 1:29-51.
◆ Barutwa ba ntlha ba ga Jesu e ne e le bomang?
◆ Petere, ka gongwe le Jakobe ba ne ba itsisiwe Jesu jang?
◆ Ke eng se se neng sa tlhatswa Nathaniele pelo gore Jesu e ne e le Morwa Modimo?