Kagiso le Polokesego—Ka Bogosi jwa Modimo
“MAIKAELELO a Merafe e e Kopaneng ke: 1. Go boloka kagiso le polokesego tsa merafe-rafe.”—Charter of the United Nations.
Go ka nna ga twe, eno ke kakanyo e e molemo. Mme jaaka re setse re ile ra elatlhoko, matswela a dingwaga tse 40 tse di fetileng a ile a go phepafatsa gore Merafe e e Kopaneng ga e ya ka ya atlega mo go ‘bolokeng kagiso le polokesego tsa merafe-rafe.’ Lefa e le gone go re go bolela ngwaga wa 1986 jaaka “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe” go tla dira pharologanyo epe.a
Go na le tsela e le yosi fela eo ka yone kagiso le polokesego tsa go ya go ile di tla tlisiwang mo lefatsheng leno—ka Bogosi jwa Modimo bo le mo diatleng tsa ga Jesu Keresete. Eno ke puso ya mmatota e e kwa legodimong eo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela. (Mathaio 6:9, 10) Mme ke ka baka lang fa e tla atlega fa Merafe e e Kopaneng yone e ile ya palelwa? Go ntse jaana: Bogosi jwa Modimo bo tla atlega ka mabaka one ao tota a ileng a dira gore Merafe e e Kopaneng e se ka ya atlega.
Go Tlhokwa Botlhale jo bo Fetang jwa Motho
Mo tokololong ya rona e e fetileng, re ile ra tlhalosa gore lebaka le lengwe la gore Merafe e e Kopaneng e bo e laoletswe go palelwa ke ka gore Modimo ga a ka a naya batho botlhale kana tshwanelo ya go ipusa ka bobone. (Yeremia 10:23) Ka gone, ga go lekgotla lepe le le itiretsweng ke motho, lefa maitlhomo a lone a ka tswa a le molemo go le kana kang, le le ka atlegang mo go tliseng kagiso le polokesego.
Mo go fapaaneng, Jesu Keresete, Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jwa Modimo, ka metlha o ile a supa botlhale jo bo fetang motho ka nonofo. (Mathaio 13:54) Sekai se se tlhomologileng ke Thuto ya gagwe e e itsegeng ya mo Thabeng. (Mathaio dikgaolo 5 go ya go 7) Mo go yone o ile a tlhalosa kafa go ka bonwang boitumelo jwa boammaaruri ka teng, kafa go ka rarabololwang dikomano ka gone, kafa go ka tilwang boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, le kafa go ka nniwang le isagwe e e babalesegileng. A ga se mo go utlwalang gore mmusi yo o nang le botlhale le kutlwisiso e e ntseng jalo ya tlholego ya motho o ka kgona go itse kafa a ka tlisang kagiso le polokesego ka gone?
Se se fetang seo, temogo e e tlhaga ya ga Jesu e ne e tlhotlhelediwa ke kgono ya gagwe ya dikgakgamatso go bona moteng ga dipelo tsa batho le go itse tlhotlheletso ya bone ya mmatota le ditlhatlhanyo tsa bone tsa kwa teng teng. (Mathaio 9:4; Mareko 2:8) Akanyetsa gore seo se raya eng: Sekgoreletsi se le sengwe sa kagiso le polokesego gompieno ke go sa ikanyane. Ka go sa itse go akanya le tlhotlheletso ya yo mongwe, batho le merafe gantsi ga ba ikanyane. Go sa ikanyane mono go nna sone sekgoreletsi sa kagiso. Mme ka mmusi yo o ka “bonang se se mo dipelong tsa batho” moo ga se bothata gotlhelele.—Yohane 2:25, Knox.
Go Tlosa Baba ba ba Fetang Motho ka Nonofo
Lebaka le lengwe le legolo la gore maiteko a Merafe e e Kopaneng a go leka go tlisa kagiso a ne a palelwa ke tlhotlheletso ya “kgōsana ea lehatshe yeno,” Satane Diabolo. (Yohane 12:31) Ene le masomosomo a gagwe a badimona ba itse gore ba na le ‘lobaka lo lo khutshane’ pele ga ba tloga ba tlosiwa. Ba ikemiseditse go tlisa ‘tatlhego mo lefatsheng,’ ba ile ba nna sekgoreletsi sa go tlisa kagiso ka go kgaoganya batho ka sepolotiki le ka bomorafe.—Tshenolō 12:9-12.
Ke mang yo o ka tlosang batlhotlheletsi ba ntwa ba ba fetang motho ka nonofo ba ba ntseng jalo? Bibela e a araba, Jesu Keresete, ene yo o lebisiwang jaaka Mikaele, yo, gammogo le baengele ba gagwe, a neng a piriganya Satane le badimona ba gagwe go tswa legodimong. Ka gone re a bala: “Me ka bōna moengele moñwe [kwantle ga pelaelo Jesu] a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me . . . a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala.” (Tshenolō 20:1-3) Jalo Satane o tla tlosiwa mo tseleng. Ke gone fela ka nako eo go tla kgonegang go ipelela botshelo jwa kagiso le polokesego tsa boammaaruri.
“Ñwana” wa Modimo
Tokololo ya rona e e fetileng e ne ya bolela gore lebaka la boraro la go bo Merafe e e Kopaneng e ka se kgone go tlisa kagiso le polokesego ke go re: Ke ngwana wa lefatshe leno mme ka gone he o jele boswa makoa, masula, le go bola moo go tshwayang merafe e e leng maloko a yone.
Mo phapaanong e kgolo, Bogosi jo bo tla tlisang kagiso le polokesego bo tshwantshediwa mo go Tshenolō 12:5 jaaka “ñwana” wa Modimo. Mmusi wa jone o supa mekgwa ya Modimo. Elatlhoko dingwe tsa dinonofo tse di rategang tse di neng tsa sutšwa ke Kgosi, ebong Jesu Keresete: lorato lwa go intsha setlhabelo (Yohane 15:12, 13); bothitho le boikutlo (Mathaio 9:10-13; Luke 7:36-48); boikokobetso (Yohane 13:3-5, 12-17); bopelotlhomogi (Mareko 6:30-34) boutlwelo botlhoko (Bahebera 2:17, 18; 4:15); go tsepamela tshiamo (Isaia 11:4, 5). A o ne o se ketla o kgatlhwa ke go ineela ka bowena go Kgosi e e ntseng jalo?
Mo teng Ga “Lefatshe je Lesha”
Lebaka la bofelo la gore ke eng Merafe e e Kopaneng e ka se ke le ka motlha ya atlega mo go tliseng kagiso le ne la sutšwa ke mafoko a Mokwaledi Mogolo wa pele Dag Hammarskjöld yo, morago ka 1953, a neng a re: “Tsholofelo ya rona e kgolo ke gore ekete re ka dumelelelwa go boloka lefatshe le legologolo.” Fa e le gore o ne a gopotse go boloka tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe ka bophara, he maiteko a a ntseng jalo a go boloka “lefatshe le legologolo” a laoletswe go palelwa. Ka baka lang?
Ntlha ke gore, “lefatshe le legologolo” leno le dirilwe ka mebuso e e itiretsweng ke batho. Bogoromente ka bongwe ba tlhotlheletsa bomorafe, jo bo kgaoganyang batho; bomorafe bo otlelela dikgatlhego tsa morafe o le mongwe go na le go batla dikgatlhego tsa merafe yotlhe ka kakaretso. Boitebo-nosi jono bo nyatsa maiteko ape fela a Merafe e e Kopaneng a go tlisa kagiso. Ke fela jaaka borulaganyi jwa koranta ya dikgang ya Britani ya The Guardian bo ile jwa re: “Ereka go se ape a maloko a merafe a a ikemiseditseng go seegela dikgatlhego tsa yone kwa thoko molemong wa botlhe, ditebelelo tsa go ipopa ga di bonale. Tiro e le yosi fela ya mmatota ya Phuthego ya [Kakaretso ya Merafe e e Kopaneng] ke go direla jaaka motlhatlhobi fela wa maikutlo a merafe yotlhe. Lenaneo la yone la puisano le tletse ka dikgang tseo di saleng di buisantswe ka dingwaga tse dintsi ebile go se na tswelelopele epe malebana le tharabololo ya tsone.”
Go na le lebaka le le bileng le tlama la gore ke ka baka lang fa maiteko a Merafe e e Kopaneng a go boloka “lefatshe le legologolo” e le a lefela: Le kgatlhanong le maikaelelo a Modimo. Jang jalo? Mo matlhong a Modimo “lefatshe le legologolo” ga le ka ke la baakanngwa. Nako e a atamela fa boikaelelo jo bo tlhalositsweng jwa Modimo bo tla bong bo diragadiwa. Jaaka moaposetoloi Johane a ne a tlhalosa: “Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele.” (Tshenolō 21:1) Mo go tloseng bogoromente ba ba itiretsweng ke batho, Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa bomorafe jo bo kgaoganyang. Mo boemong jwa lone go tla nna “lehatshe ye lesha,” mokgatlho wa setho o o ratang tshiamo, o o tla tlhanaselang tlase ga goromente wa selegodimo a le mongwe, Bogosi jwa Modimo. E le fela morago ga gone foo, setho se tla kgona go ipelela ka gone he kagiso le polokesego tsa mmannete lefatshe ka bophara.
‘Go Thula Ditšhaka go Nna Megoma’
Gore tsholofelo eno ke ya mmatota go tlhomamisiwa ke mafoko a boperofeti jwa Bibela a a kwadilweng mo loboteng le le lebaganeng le Merafe e e Kopaneng. Koo a reng: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele: morafe ga o ketla o tsholeletsa morafe o mongwe tšhaka. Lefa e le gone gore ba tla tsamaya ba ithuta ntwa gope.”—A tsopotswe go tswa go Isaia 2:4.
Nnyaa, Merafe e e Kopaneng ga e a ka ya atlega mo go thibeleng merafe mo go ‘tsholetseng tšhaka’ kgatlhanong le o mongwe. Lefa go le jalo, go na le batho bao ba neelang bosupi jo bo tshelang jwa gore ba ile ba ‘thula ditšhaka tsa bone go nna megoma.’ Ba ile ba supa kutlwano e e potileng ka kwa dikgoreletsi tsa lotso le tsa bomorafe. Ga go kgatelelo epe lefa e le bogolo bo kae e e ka dirang gore babolokabothokgami bano ba Bokeresete ba ‘tsholeletse tšhaka’ bangwe ka bone. Ke bomang? Basupi ba ga Jehofa.
Se se supang karabelo ya bone fa ba gateleIwa go nna le seabe mo dintweng tsa merafe ke se se neng sa diragalela Mosupi mongwe mo nageng nngwe ya Aferika e e tletseng ka borukutlhi jwa sepolotiki.
Gore ba thapele sesole sa bone sa digogela thoko, setlhopha sa dirukutlhi mo nageng eo se utswa banna mme se ba neele tlhopho: Go direla mo sesoleng sa bone sa dirukutlhi kana ba hulwe. Letsatsi lengwe ba ne ba utswa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Baeteledipele bao ba neng ba ntse ba a nwa, ba ne ba mo neela tlhopho. Ba baya mo pele ga gagwe mabotlolo a mabedi a bojalwa, ba ne ba supa go le lengwe mme ba re le emela goromente, le lengwe setlhopha sa bone sa dirukutlhi. ‘O wa lefe?’ ba ne ba mmotsa jalo. Mosupi a akanya go se go nene, mme morago ga go bona mabotlolo a mangwe a a gautshwane o ne a sela le lengwe mme a le baya mo gare ga a mabedi, a bo a re: ‘Ke eme fa.’ O ne a oketsa ka go re: ‘Ke moitlhaodi, ereka ke le wa Bogosi jwa Modimo.’ Morago ga seno, o ne a betswa makgetlo a le mantsinyana. Go tswa foo o ne a patelediwa go nna lelata le le berekang ka thata mo kampeng ya dirukutlhi, a sa itse gore a jaana o tla lala a hudilwe kana ga ba ketla ba mo hula. Morago ga dikgwedi tse di robang bobedi, o ne a falola fa masole a ga goromente a ne a tlhasela kampa eo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ipaya kotsing ya go ka ya kgolegelong, le eleng loso, go na le gore ba nne le seabe mo dintweng tsa merafe. Ka gone, mo Jeremane wa Bo-Nazi dikete tsa bone di ne tsa tsenngwa mo dikampeng tsa sesole ka go bo ba ne ba se ketla ba rotloetsa puso ya borukutlhi ya Bo-Nazi. Makgolo a Basupi a ne a bolawa kana a swela mo dikampeng. Legale jaanong, ereka goromente wa Bo-Nazi yo o setlhogo a sa le a nyeletse, Basupi ba ga Jehofa ba totile mo Jeremane le go dikologa kgolokwe.
Mme ke ka baka lang fa ba ile ba kgona go ‘thula ditšhaka go nna megoma’? Lesedi le ka bonwa mo motheong wa Maitlhomo a UNESCO, ao a reng: “Ereka dintwa di simologa mo megopolong ya batho, ditshireletso tsa kagiso di tshwanetse gore di bopiwe mo megopolong ya batho.”
Tumalanong le seo, malebana le bao ba neng ba tla ‘thula ditšhaka tsa bone go nna megoma’ boperofeti jwa ga Isaia bo re, “le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Go na le moo, ka go ithuta le go dirisa Dikwalo, ba ‘ithuta ditsela tsa Modimo le go sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’ (Isaia 2:3, 4) Ka thuso ya moya wa gagwe o o boitshepo, ba ‘fetola megopolo ya bone,’ ba nna kagiso.—Baroma 12:2, 18.
Bosupi jo bo papametseng jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘thutse ditšhaka tsa bone megoma’ le supa gore go tshela ka kagiso le polokesego go ka kgonega. Tsela ya bone ya botshelo ya jaanong e supa ka selekanyo se se botlana seo Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tla se fitlhelelang lefatshe ka bophara mo isagweng e e fa gaufi.
A tebelelo e e ntseng jalo e a ikuela mo go wena? Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo ba tla abalana le wena bosupi jwa gore Bogosi jwa Modimo bo tla re gautshwane bo tlise kagiso le polokesego tsa go ya go ile. Ke ka baka lang fa o sa bonane le bone mo lefelong la gaeno kana wa kwalela bagatisi ba makasine ono? Ithute mo gontsi kafa o ka ‘thulang ditšhaka tsa gago go nna megoma’ jaanong, ka tebelelo ya go ipelela botshelo gautshwanyane mo lefatsheng leo le se nang ntwa gotlhelele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka puisano e e tletseng ya gore ke ka baka lang fa Merafe e e Kopaneng e se ka ya atlega, tsweetswee bona Tora ya Tebelo October 1, 1985.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Go bo Merafe e e Kopaneng Le Paletswe:
◻ Botlhale jwa motho ga bo na thuso (Yeremia 10:23)
◻ Tlhotlheletso ya ga Satane e paledisa maiteko a lone (Tshenolō 12:12)
◻ Ke ngwana wa lefatshe leno mme le jele boswa makoa a lone (1 Yohane 5:19)
◻ Le leka go boloka “lefatshe je legologolo,” leo le leng kgatlhanong le maikaelelo a Modimo (1 Yohane 2:17)
Go bo Bogosi jwa Modimo Bo Tla Atlega:
◻ Mmusi wa jone o na le botlhale jo bo fetang motho ka nonofo mme o ka bona se se mo dipelong tsa batho (Yohane 2:25)
◻ Bo tla tlosa batlhotlheletsi ba ntwa ba badimona (Tshenolō 20:1-3)
◻ Ke “ñwana” wa Modimo, mme mmusi wa jone o supa dinonofo tsa Modimo (Tshenolō 12:5)
◻ Bo tla tlhoma “lehatshe ye lesha” ja tshiamo tlase ga goromente a le mongwe wa selegodimo (Tshenolō 21:1)
[Setshwantso go mo tsebe 7]
Bogosi jwa Modimo bo tlhoma “lehatshe ye lesha,” mokgatlho wa setho o o tshimo, o o tla tlhanaselang tlase ga goromente wa selegodimo a le mongwe.