LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/1 ts. 26-28
  • ‘Nthuta Bomolemo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Nthuta Bomolemo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bomolemo le Tshiamo
  • Sekao sa ga Jehofa sa Bomolemo
  • Etsa Bomolemo jwa ga Jehofa
  • Masego a go Ithuta Bomolemo
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
    Atamalana le Jehofa
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/1 ts. 26-28

‘Nthuta Bomolemo’

GO NE ga arabela batho ba le babedi fela fa mosadi-mogolo mongwe ka tshoganyetso a ne a idibala mo sepalamong sa kafa tlase ga lefatshe se se tletseng ka batho. Bapalami ba bangwe, ba fedile pelo ka ntlha ya dioura tsa semphete ke go fete, ba ne ba bona bothata jwa gagwe jaaka sekgoreletsi se sengwe. ‘A ga go na ope yo o ka tlosang mosadi yoo mo tseleng?’ go ne ga goa jalo mopalami mongwe yo o kgopegileng. Mo bapalaming ka bone, mosadi-mogolo yo o neng a tlhokafala le bapalami ba babedi ba ba neng ba leka ka natla go mo rudisa ba ne ba se sepe fa e se dikgoreletsi tse dingwe gape. Ka gone ba ne ba “gatakiwa gangwe le gape.”

Dipono tse di ntseng jalo di itemogetswe mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Di otlelela ka bomasisi jo bogolo polelelopele ya Bibela go re “mo metlheñ ea bohèlō . . . batho ba tla . . . [bo] e se barati ba molemō gopè.” Lefa go ntse jalo, Bakeresete, ba batla go itumedisa Jehofa. Ba tshwanetse go ‘kgaogana’ le batho ka bongwe bao ba tlhaelang bomolemo. (2 Timotheo 3:1-5) Mme go ithiba fela kgatlhanong le bokopano ga go a lekanela. Bomolemo bo tshwanetse jwa tlhagolelwa ka kelotlhoko jaaka loungo Iwa moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Mme jang? Mme bomolemo ke eng?

Bomolemo le Tshiamo

Bomolemo ke tlotlomalo ya boitsholo le boitsheko, nonofo kana seemo sa go nna molemo. Mme ga se seemo fela sa boitsemeletso. Fa a ne a tlotla ka paakanyetso ya thekololo, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Gonne goa belaesèga, go re, a yana motho moñwe o ka shwèla mosiami: me motlha opè, ha e le motho eo o molemō, moñwe o ka ipatèlèla go mo shwèla. Me Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.” (Baroma 5:7, 8) Fano bomolemo go bonala bo fapaanngwa le tshiamo. A mme ga di tshwane gotlhelele?

Nnyaa. Paulo go bonala a ne a gakologetswe ntlha ya gore tshiamo e kopanyeletsa go dumalana le seemo. Tota, tshiamo e ile ya nyalanngwa le katlholo. (Bapisa Tshenolō 19:11.) “Mosiami” o utlwa molao. O fitlhelela boemo bongwe, mme a diragatse seabe sengwe, mme o ka se dire sepe go feta foo. Ka gone o bapala tlotlo mme ga se go re o gapa dipelo tota. Ke ba se kae ba ba ka tlhotlheletsegang go mo swela. Lefa go ntse jalo, motho yo o “molemō” o dira mo gontsi thata go na le go diragatsa ditlamego kana go tila phoso. Bomolemo jwa gagwe bo mo tlhotlheletsa go iteka ka boene mo boemong jwa ba bangwe go ba direla dilo.

Bao ba itekang ka bobone mo go direleng ba bangwe dilo tse di molemo ba supa gore ke baagelani ba mmatota. Papiso ya ga Jesu kaga Mosamaria wa moagelani e tshwantshetsa ntlha eno. “A mo tlhomogèla pelo,” Mosamaria o ne a fapa dintho tsa motlhaselwa yo o thukhuthilweng ke dinokwane, Mojuda. Go tswa foo modira-molemo yono “a mo pèga mo peleseñ ea gagwè, a mo isa kwa ntluñ ea baeti, a mo tlamèla.” (Luke 10:29-37) A go a gakgamatsa, he, go bo batho bangwe ba ile ba bitsa tshwantshetso eno papiso ya “Mosamaria yo o molemo”?​—Bapisa Mathaio 12:35; 20:10-15; Luke 6:9, 33-36.

Bomolemo ga bo itsemeletse mme ke jo bo tlhaga ka mo go gakgamatsang. Baamogedi ba bopelonomi jwa motho yo o “molemō,” bopelotshweu, le go intsha setlhabelo ba ka nna ba tlhotlheletsega le eleng go mo swela! Jalo ke ka lebaka le le molemo go bo mopesalema a ile a rapela ka go re: ‘O nthute bomolemo.’ (Pesalema 119:66) Mme Jehofa o dira seno jang?

Sekao sa ga Jehofa sa Bomolemo

Jehofa o re ruta bomolemo ka sekao sa gagwe sebele. Ke ene pitsa ya bomolemo tota. Fa Moshe a ne a kopa go bona kgalalelo ya Modimo, O ne a re: “Molemō otlhe oa me ke tla o hetisa ha pele ga gago, ke tla bolela leina ya ga Yehofa ha pele ga gago.” Seno se ne sa diragala jang? Ka bofefonyana fela morago ga moo, “Yehofa a heta ha pele ga gagwè, me a utlwatsa a re, Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō la boutlwèlō botlhoko le boamarure; O o bolokèlañ ba makgolo kgolo boutlwèlō botlhoko, o o ichwarelañ tshiamōlōlō, le tlōlō, le boleo, le o o se ketlañ o golola eo o molato gopè.”​—Ekesodo 33:18, 19; 34:6, 7.

Bomolemo jwa ga Jehofa ka nako eo bo ne jwa tlotlomadiwa ka ditsela tse di farologaneng. Se se kwa godimo thata e ne e le boutlwelo botlhoko jwa gagwe le lorato lwa boammaaruri. Go itse boemo jwa motho jo bo sa itekanelang, Jehofa o kakanyetso ebile o pelotelele malebana le bao eleruri ba batlang go dira se se siameng. Legale, ga a ke a mpampetsa bosula. Eleruri he, re ka solegelwa molemo ke go tlhatlhanya ka sekao se Jehofa a se tlhomileng.

Jehofa gape o ile a supa bomolemo ka popo ya gagwe. Tota, o ne a kgona go bona tiro ya gagwe ya popo jaaka e e “molemō.” (Genesise 1:12, 18, 25, 31; Baroma 1:20) Modimo o ne a tlatsa ka boammaaruri polanete eno go tshegetsa botshelo.

“Pula” ke sekao sa molemo ono. (Isaia 55:10) Ka kakgelo ya boitseanape e e tlhomameng, Elihu o ile a re kaga Jehofa “o gōgèla dithothi tsa metse godimoñ, tse di hetogañ pula e e cwañ mo mouaneñ oa ōna. E loapi lo e thèlañ, lo e thōtheletsa mo bathuñ ka letlōtlō. . . . O naea batho diyō ka botlalō.” (Yobe 36:27-31) Go lekanyediwa gore dikalone tse di dimilione milione tse 132 000 (dilithara tse di dimilione milione tse 500 000) tsa metsi di a kopanyelediwa letsatsi le letsatsi mo modikologong ono, letsatsi le ‘ga’ bontsi jwa metsi ano mo mawatleng.

Go ya ka pego mo go The New York Times, “babatlisisi ba ba ithutang kaga sekgwa se segolo sa South America ba ile ba ntsha bosupi jwa boitseanape jo bo bontshang ka tsepamo e le Iwantlha gore sekgwa se ka busetsa diphesente tse di ka nnang 75 tsa mouwane tse di o amogelang mo loaping.” Pego e ne ya tswelela go supa gore “bontsi jwa metsi a sekgwa se a phuthang a ka busediwa mo phefong ka bogolo jo bontsi fela thata go dira maru a masha a pula.” Mme, tota, pula ke nngwe ya mabaka a a botlhokwa mo go ungwiseng dijo. Eleruri, Jehofa ka matsetseleko le ka letlotlo o ile a baakanyetsa botshelo mo lefatsheng. Abo a ile a supa molemo mo go direng dipaakanyetso tseno tsotlhe go re di nne gone go batho ba ba se nang tebogo ba bile ba se na kanaanelo.​—Mathaio 5:44, 45.

Mme sekao se se bileng se gwetlha maikutlo go di feta thata sa bomolemo jwa ga Jehofa ke tsela eo a ileng a dira ka yone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka setho. (Genesise 1:28; 3:15; Baroma 5:12) Bomolemo jwa gagwe bo ne jwa mo tlhotlheletsa go dira paakanyetso ya setlhabelo go setho se se leofileng ka go ntsha “Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, go re leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bosakhutleñ.” (Yohane 3:16; Baroma 3:23, 24) Ka Bogosi jwa Modimo bomolemo jwa gagwe go ba ba dipelo di ikanyegang bo tla tloga bo itshupa mo go tliseng bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:9, 10) Mme abo bomolemo jwa Modimo bo tla bonala sentle fa lefatshe leno le nna paradaise tlase ga puso ya Bogosi!​—Luke 23:43; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-5.

Etsa Bomolemo jwa ga Jehofa

Thuto ya ka metlha ya Bibela e boloka sekao se se itekanetseng sa bomolemo jwa ga Jehofa ka metlha fa pele ga rona. E re kgabagare, seno se re tlhotlheletse go etsa sekao sa gagwe. Ka boammaaruri, ditiro tse dintsi tse di tlhokafalang di ka kgoreletsana le go ithuta ka metlha Dikwalo, magareng ga tsone go apaya, go tlhatswa, go reka, le dipaakanyo tse dingwe tsa ntlo. Legale, re tshwanetse go baya dilo tsa semoya lwantlhantlha. Jesu Keresete o ne a supa seno fa a ne a etetse legae la ga Maria le Maratha. Fa Maratha a ne a tshwaregile mo ditirong tsa ntlo, Maria o ne a nna mo maotong a ga Jesu mme “a utlwa mahoko a gagwè.” Fa Maratha a ne a batla thuso ya ga Maria mo ditirong tsa lapa, Jesu o ne a re: “Maratha, Maratha, ua tlhodiega, u itapisa ka dilō di le dintsi; go batlwa selō se le señwe hèla: gonne Maria o itshenketse kabèlō e e molemō, e o se ketlañ a e tlosediwa.” Le wena gape, o ka ikgethela se se molemo ka go neela dikgang tsa semoya tse di ntseng jalo sebaka sa ntlha ntlha jaaka thuto ya botho le ya lelapa.​—Luke 10:38-42.

Jehofa gape o re ruta bomolemo ka phuthego ya Bokeresete. Koo re kopanela le batho bao ba ‘tletseng bomolemo.’ (Baroma 15:14) Maitemogelo a mantsi a supa seno. Mosupi mongwe wa ga Jehofa (yo o neng a setse a na le bana ba babedi) o gakologelwa kakabalo ya gagwe fa a ne a lemoga gore o tshotse bana ba le bararo! ‘Tota gatwe re tla ya dipokanong tsa Bokeresete jang?’ o ne a ipotsa. ‘Re tla kgona go duela jang sekoloto seno sa sepatela? Tota re tla kgona jang go ikotla le go apesa bana ba rona ba batlhano?’

Lefa go ntse jalo, ka bofefo, mosadi yono o ne a itemogela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bokeresete ba ‘tletse bomolemo.’ “Fa ke ne ke goroga kwa lapeng,” o ne a bolela, “Ke ne ka fitlhela gore bokgaitsadi ba Bakeresete ba bantsi ba ne ba phepafatsa ntlo ya rona. Go tloga moo, bokgaitsadi ba ne ba rulaganyetsa go re ba tlise dijo kwa go rona le go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi go fitlhelela ke tokafala mo mmeleng.” Bakaulengwe ba bantsi ba ne ba ntsha dilo tse di bonalang, yo mongwe a romela le eleng tšheke ya madi a $1 000! Lefa go le jalo, mo marigeng, lelapa leno le ne la dirisa motlakase o montsi thata. Jalo akanya tlhobaelo ya mosadi yoo fa a ne a amogela mogala o tswa kwa khamphaneng ya tsa motlakase. Lefa go ntse jalo, kakabalong ya gagwe o ne a lemoga gore kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a duela sekoloto seo! Kitsiso ya go kgaola tirelo e e neng e ikaeletswe go lelapa leno le le tshwaraganeng le bothata e ne ya romelwa e se ka maikaelelo go Mosupi yono, mme bomolemo bo ne jwa mo tlhotlheletsa go ba thusa.

Bomolemo jo bo ntseng jalo ga bo ame fela dipelo mme gape bo a jwela. Ka Basupi ba ga Jehofa “Ke ile ka rutwa go nna lorato le go nna pelonolo,” mosadi mongwe yo pele a neng a betsa monna o ne a bolelela molekane wa gagwe morago ga go tla pokanong ya gagwe ya ntlha. “Ke ka gone ka moo ke sa tlholeng ke go betsa jaanong.”

Masego a go Ithuta Bomolemo

Le eleng jaanong re roba masego a go ithuta le go rata bomolemo. Bokopano jwa rona le bakaulengwe le eleng batho ba lefatshe ka gone bo nna monate. (Diane 11:10; 1 Petere 3:13) Se se botlhokwa go tsotlhe, fa re itshokela pogo ka ntlha ya go “diha sentlè,” “mo go bo go lebosèga mo Modimoñ.” (1 Petere 2:20) Tota, go dirisa ga rona tumelo le go bontsha bomolemo di tla re gogela mo goreng re sirelediwe ka nako ya “sepitla se segolo” le go tlhomamisediwa go tsena mo Thulaganyong e Ntšha.​—Bahebera 10:36-39; Mathaio 24:21.

Ka jalo dumelela Jehofa go go ruta bomolemo. Matswela? Aitse, go tla nna le “kgalalèlō le letlōtlō mo mothuñ moñwe le moñwe eo o dihañ molemō”!​—Baroma 2:6-11.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go fiwa metsi ka bopelotshweu go tshegetsa botshelo go supela bolemo jwa ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela