Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Ithuta ka Dithaelo tsa ga Jesu
KA BOFEFO fela morago ga kolobetso ya gagwe, Jesu o gogelwa kwa nageng ya Judea ke moya wa Modimo. O na le mo gontsi go akanya kaga gone, ka go bo ka kolobetso ya gagwe “magodimo a mo atlhamologèla” e le gore o ka lemoga dilo tsa selegodimo. Ka gone Jesu jaanong o gakologelwa ka botlalo botshelo jwa gagwe jaaka morwa wa semoya wa Modimo, go akareletsa dilo tsotlhe tse Modimo o ileng a di bua le ene. Tota, go na le mo gontsi goo a tshwanetseng go tlhatlhanya ka gone!
Jesu o senya malatsi a le 40 le masigo a le 40 mo nageng mme ga a je sepe ka nako eno. Go tswa foo, fa a tshwerwe ke tlala fela thata, Diabolo o a mo atamela go mo raela, a re: “A e re ha u le Morwa Modimo, u laolè mayè a, u re, a hetogè dinkgwè.” Mme Jesu o itse gore go phoso go dirisa maatla a gagwe a dikgakgamatso go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa senama. Ka jalo o gana go raelwa.
Mme Diabolo ga a ineele. O leka go mo tshwara ka tsela e nngwe gape. O gwetlha Jesu gore a itige mo loboteng lwa tempele e le gore baengele ba Modimo ba tle ba mo legelele. Mme Jesu ga a raelwe gape ka go dira tshupo e e ntseng jalo e e gakgamatsang. A tsopola Dikwalo, o bontsha gore go phoso go leka Modimo ka tsela eno.
Mo thaelong ya boraro, Diabolo o bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe ka tsela nngwe e e gakgamatsang mme a bo a re: “Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” Mme gape Jesu o gana go ineela mo thaelong ya go dira phoso, a ikgethela go nna a ntse a ikanyega go Modimo.
Re ka ithuta go tswa dithaelong tseno tsa ga Jesu. Ka sekai, di bontsha gore, Diabolo ga se nonofo fela ya bosula, jaaka batho bangwe ba iphaka, mme gore ke motho wa mmatota, mme yo o sa bonaleng. Thaelo ya ga Jesu gape e bontsha gore mebuso yotlhe ya selefatshe ke sesa ga Diabolo. Tota go leka ga ga Diabolo go a neela Keresete go ne go ka nna thaelo ya mmatota jang fa e le gore tota e ne e se ya gagwe?
Mme akanya kaga seno: Diabolo a re o ne a iketleeditse go duelela Jesu tiro e le nngwe fela ya kobamelo, le eleng go mo neela magosi otlhe a lefatshe. Diabolo o ka nna a leka go re raela ka tsela e e tshwanang, ka gongwe ka go re baya mo dipakeng tse di eletsegang tsa go ipapalela letlotlo la lefatshe, maatla, kana maemo. Mme abo re tla bo re le botlhale jang ne fa re latela sekao sa ga Jesu ka go sala re ntse re ikanyega go Modimo go sa kgathalesege thaelo gore e ka tswa e le efe! Mathaio 3:16; 4:1-11; Mareko 1:12, 13; Luke 4:1-13.
◆ Go raya eng fa gotwe magodimo a ne a atlhamologela Jesu?
◆ Diabolo o ne a leka go raela Jesu jang?
◆ Re ka ithuta eng mo dithaelong tsa ga Jesu?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 25]