“Tirelo e e Kwa Godimo-dimo,” “Botshelo jo bo Itumedisang Thata”
Ka ntlha ya thuto ya gagwe e e kwa teng ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, John Wycliffe, moranodi wa Bibela yo o pelokgale wa lekgolo la dingwaga la bo-14, o ne a tla mo phetsong e e kgatlhisang kaga boikarabelo jwa motho go Modimo Mothatayotlhe. Go ya ka buka ya ga H. C. Conant The English Bible, Wycliffe o ne a fetsa ka gore “tirelo e e kwa godimo eo go yone motho a ka e ngaparelang mo lefatsheng ke go rera lefoko la Modimo.” Makgolo a dingwaga moragonyana moithuti yo mongwe wa Bibela, Matthew Henry, o ne a tla mo phetsong e e tshwanang. A le mo bolaong jwa gagwe fa a tloga a swa ka 1714, o ne a tlhalosa jaana: “Botshelo jo bo sentsweng mo tirelong ya Modimo, katamalano le ene, ke botshelo jo bo itumedisang thata jo motho a ka bo tshelelang mo lefatsheng leno.”
Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhaga ba ba fetang dimilione tse pedi le halofo ba dumalana ka peloyotlhe! Ba itemogela “botshelo jo bo itumedisang thata” jono. Ka baka lang? Ka go bo ba ne ba rera mafoko a a molemo a Bogosi lefatshe ka bophara, ka gore ba utlwa kgakololo eno: “Bakañ Yehofa; . . . gonne go monate.”—Pesalema 147:1.