DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING
Ke dikgolagano dife tse pedi tse Paulo a neng a bua ka tsone mo go Bagalatia 4:24?
Fa moaposetoloi Paulo a sena go bua gore Aborahame o ne a amana jang le Sara le Hagare, o ile a re: “Dilo tseno di tshwantshetsa sengwe; gonne basadi bano ba tshwantshetsa dikgolagano tse pedi.” (Bagal. 4:22-24) Mo nakong e e fetileng, re ne re dumela gore dikgolagano tseno tse pedi e ne e le kgolagano ya Molao le kgolagano e ntšha. Mme fa re sena go dira dipatlisiso tse di oketsegileng ka ditemana tseno, re ile ra lemoga gore re tshwanetse go dira diphetogo. Go bonala Paulo a ne a sa bue ka kgolagano e ntšha, mme a bua ka kgolagano ya ga Aborahame. A re tlotleng ka dintlha di le mmalwa tse di amanang le kgang eno.a
Paulo o ile a amanya mosadi wa lelata e bong Hagare le Thaba ya Sinai. (Bagal. 4:25) Hagare o ne a kaya kgolagano ya Molao e e ileng ya dirwa kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. (Ekes. 19:5, 6) E re ka batho botlhe ba na le boleo, go ne go se na motho ope yo o neng a ka kgona go ikobela Molao oo ka botlalo. Ka jalo, kgolagano ya Molao e ne e gopotsa Bajuda gore e ne e le makgoba a boleo. Kgolagano eno e ne e ka thusa Bajuda go lemoga Mesia, ka gonne ke ene fela motho yo o neng a tla kgona go ikobela Molao oo ka botlalo. Fa Mesia a ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo se nang boleo e le setlhabelo, o ile a dira gore batho ba kgone go gololwa mo boleong le mo losong. (Bagal. 3:19, 24, 25) Fa Jesu a sena go diragatsa boikaelelo jwa Modimo, Molao o ne o sa tlhole o tlhokega.—Bar. 10:4.
Paulo o ne a tlhalosa kafa Hagare a farologanang ka gone le Sara, “mosadi yo e seng lelata,” yo o neng a tshola ngwana “go ya ka se Modimo a neng a se solofeditse.” (Bagal. 4:23) Tsholofetso eo, e ne e le kgolagano ya ga Aborahame. (Bagal. 3:29; 4:28, 30) E tlhalosiwa jaana mo go Genesise 22:18: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago [Aborahame] ka gonne o reeditse lentswe la me.”
Kgolagano eo e Jehofa a e dirileng le Aborahame, e ne e na le tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso e Jehofa a neng a e dira kwa tshimong ya Edene. (Gen. 3:15) E ne e senola gore “losika” lo lo boleletsweng pele e ne e tla nna setlogolwana sa ga Aborahame. Paulo o ile a tlhalosa gore “losika” loo lo tshwantshetsa Jesu Keresete. Mme gone, “ba e leng ba ga Keresete,” ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe, le bone ke karolo ya losika loo. (Bagal. 3:16, 29; Tshen. 14:1-3) Fa Jehofa a diragatsa se a ileng a se solofetsa Aborahame, batho botlhe ba ba amogelang Jesu le go mo ikobela, ba tla segofadiwa.
Goreng Paulo a ile a dira tshwantshiso eno? O ne a bontsha gore fa Bajuda ba motlha wa gagwe ba ne ba ka tswelela ba ikobela Molao, ba ne ba tla tswelela e le makgoba fela jaaka Hagare. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ka amogela Jesu Keresete yo e leng ene wa botlhokwa thata mo ‘losikeng’ lwa ga Aborahame, ba ne ba tla gololesega fela jaaka Sara. Ba ne ba tla gololwa mo boleong le mo losong. (Joh. 8:32-34) Fa ba ne ba ka se amogele Jesu, seo se ne se tla bo se bontsha gore ga ba tlhaloganye boikaelelo jo bogolo jwa kgolagano eo ya Molao. Boikaelelo jwa yone e ne e le go ba isa kwa go Keresete.
Bontsi jwa Bakeresete ba kwa Galatia ba Paulo a neng a ba kwalela e ne e se Bajuda e bile ba ne ba ise ba ko ba ikobele Molao wa ga Moshe. Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba batla gore Bakeresete ba e seng Bajuda ba ikobele Molao wa ga Moshe, go akaretsa taelo ya go rupa. Paulo o ile a tlhalosa gore e ne e tla bo e le boeleele gore Bakeresete ba e seng Bajuda ba dumele go nna “makgoba” a Molao ka gonne Keresete o ne a setse a ba “golotse.”—Bagal. 5:1, 10-14.
a Dintlha tseno di fetola se se kwadilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 2006, ts. 10-12.