Dipotso tse di Tswang Go Babadi
◼ Moya o o boitshepo o dira mmogo jang le Setlhopha se se Laolang sa motlha wa segompieno mo go tlhomiweng ga bagolwane?
Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela bagolwane ba Bakeresete go tswa Efeso go re: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.”—Ditihō 20:28.
Paulo o ne a se ka a tlhalosa ka botlalo kafa moya o o boitshepo o neng o dira ka teng mo go tlhomiweng mo go ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, re ka bona lesedi go tswa go seo se neng sa diragala fa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se akanyetsa potso malebana le thupiso. Mo tshobokanyong ya bone ya phetso ya bone, ba ne ba kwala ka go re: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re go hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse.” (Ditihō 15:28) Moya wa Modimo, maatla a gagwe a e seng motho a a dirang, o ne wa tlatseletsa jang mo go tlameng phetso e e neng ya fitlhelelwa ka nako eo?
Ditihō kgaolo 15 e bontsha gore la ntlha Paulo le Barenabase ba ne ba tlhalosa potso eo. Go tswa foo puisano e ne ya tswelela. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa seo se neng sa gogela kwa kolobetsong ya Moditšhaba yo o sa rupisiwang Koronelio le lelapa la gagwe. Petere o ne a tlhalosa go re ‘Modimo o ne wa neela bosupi ka go ba neela moya o o boitshepo, fela jaaka a ne a dira ka rona.’ (Ditihō 15:7, 8; 10:9-48) Go tswa foo Paulo le Barenabase ‘ba tlhalosa ka ditshupo tse dintsi le dikgakgamatso tse Modimo a neng a di dira ka bone gareng ga Baditšhaba.’ (Ditihō 15:12) Ka gone, ka go dira ga one mo go Petere, Koronelio, Paulo, le Barenabase, moya o o boitshepo o ne wa supa gore Baditšhaba ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa.
Lefa go le jalo go ne go na le ditiro tse di oketsegileng tsa moya tse di neng di kopanyeletsa phetso eo e neng ya fitlhelelwa ke setlhopha se se laolang. Re ka gopola gore ba ne ba ile ba kopa thuso ya moya mo dipuong tsa bone. Thuso e e ntseng jalo e ka tswa e ile ya tlhotlheletsa morutwa Jakobe go gakologelwa boperofeti jwa ga Amose 9:11, 12, le go bona tlhaloso ya jone. Boperofeti joo, tota, bo ile jwa kwalwa tlaseng ga tlhotlheletso ya moya o o boitshepo (Ditihō 15:13-20) Gape, “baaposetoloi le bagolwane mo Yerusalema” bao ba neng ba bopa setlhopha se se laolang e ne e le Bakeresete ba ba neng ba tloditswe ka moya o o boitshepo mme ba ne ba bontsha tiro ya one mo matshelong a bone, jaaka go ungwa maungo a one.—Ditihō 15:2; Baroma 8:14-17; 1 Bakorintha 7:40; Bagalatia 5:22, 23.
Jalo kwantle ga gore go nne le kaelo ya mantswe go tswa legodimong mo kgannyeng ya thupiso, bao ba setlhopha se se laolang ka tlhamalalo ba ne ba ka re “moya o o boitshepo” o ne wa gogela phetsong ya bone.
Go tshwana fela le ka go tlhomiwa ga banna ba Bakeresete go nna bagolwane, kana balebedi, mo diphuthegong gompieno. Kgapetsa-kgapetsa setlhopha sa bagolwane (ka gongwe se akareletsa le molebedi yo o etang wa Mokgatlho) se kopana go akanyetsa bakaulengwe ba ba ka buelelelwang go tlhomiwa jaaka balebedi. Bao ba leng mo setlhopheng ka bobone ba ile ba tlhomiwa jaaka bagolwane mme ba supa mo matshelong a bone gore ba na le moya ono. Puisano ya bone e bulwa ka thapelo go kopiwa kaelo ya moya. Go tswa foo, ka nako ya pokano, ka bogodi ba tlhatlhoba gore a jaana mokaulengwe yo o akanyediwang o dumelana le ditshwanelego tsa mogolwane tse di tlhomilweng mo Bibeleng, tseo di ileng tsa kwalwa tlaseng ga kaelo ya moya o o boitshepo (1 Timotheo 3:2-7; Tito 1:5-9) Gape ba akanyetsa gore a jaana mokaulengwe o bontsha mo mokgweng wa gagwe wa botshelo gore o ‘tletse moya le botlhale.’ (Ditihō 6:3) Fa ba dumela gore ke wa mofuta oo le gore o fitlhelela ditshwanelego ka seemo se se utlwalang, puelelo ya bone e fetisediwa go Setlhopha se se Laolang se se itshenketsweng ka moya kana baemedi ba sone ba ba kgethilweng. Moragonyana phuthego e ka nna ya itsisiwe gore mokaulengwe o setse a tlhomilwe.
Ka mo go utlwalang, mogolwane yo o tlhomilweng o sa ntse a ntse a sa itekanela mme a ka nna a nna le ditlhaelo. Mme baaposetoloi ba ne ba sa itekanela, ka bobedi pele ga Jesu a ba kgetha le morago fa ba ne ba direla mo setlhopheng se se laolang. (Luke 9:46, 54; 22:54-62; Bagalatia 2:11-14) Legale, eleruri ba ne ba na le moya wa Modimo mme ba ne ba tlhomilwe tlaseng ga kaelo ya one. Ka mo go tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna le tshepo ya gore ‘moya o o boitshepo o ile wa tlhoma balebedi, go disa phuthego.’ (Ditihō 20:28) Kgakololo eno e ne ya neelwa malebana le banna ba ba ntseng jalo: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.”—Bahebera 13:7.