LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 8/1 ts. 27-30
  • “Lo Sepelè mo go Chwanetseñ . . . Ka Bopelotelele”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Sepelè mo go Chwanetseñ . . . Ka Bopelotelele”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bo A Tlhokafala Gompieno
  • Go Nna Pelotelele Mongwe go yo Mongwe
  • Dikao tse di Tshwanelang Go Ediwa
  • Melelwane ya Bopelotelele
  • ‘Aparang Bopelotelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nnang Pelotelele mo go Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ela Dikao Tsa Bopelotelele Tlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 8/1 ts. 27-30

“Lo Sepelè mo go Chwanetseñ . . . Ka Bopelotelele”?

O NE A tshwarwa gangwe le gape mme a apewa ka dipotso tse di botlhoko thata. Nako nngwe o ne a bo a gatelelwa le eleng mo mebileng mo pele ga babogedi ba ba goeletsang a patilwe ke magolegwa a banna ao ditiro tsa bone tsa borukutlhi eleng tsa polao le go thubetsa le bogodu. O ne a golegwa le go kgaoganngwa le lelapa la ga gabo ka dingwaga tse di fetang 20.

Boitemogelo jwa mosadi yono wa Mokeresete ka gongwe ga se jo bo tlhaolegileng, ka go bo bantsi ka mo go tshwanang ba ile ba itshokela dingwaga tse ditelele tsa kgolegelo. Mme “bokebekwa” jwa gagwe eleruri bo ne bo sa tlwaelega: E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go latofatsa tumelo ya gagwe go ka bo go ile ga mo tlisetsa kgololo e e bofefo. Ka gone he ke eng se se ileng sa kgonisa mosadi yono eseng go ineela fela mo tshwarong e e ntseng jalo mme gape go tshwarelela boitumelong jo bo rileng?

Go arabela potso eno, a re lebiseng go Mokeresete yo mongwe yo o ikanyegang yo le ene a neng a tshwarwa ka ntlha ya boemo jwa gagwe jwa bodumedi joo a neng a bo tsaya. Yono e ne e le moaposetoloi Paulo. Fa a ne a kwalela phuthego kwa Efeso, o ne a re: “Ke gōna, nna mogolegwi mo Moreneñ, ke lo rapèla thata, gore lo sepelè mo go chwanetseñ picō e lo bidicweñ ka eōna, Ka boikokobeco yotlhe le bonōlō, le ka bopelotelele [moya o moleele], ka go iphapaanyana mo loratoñ; Le ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.”​—Baefesia 4:1-3.

Bakeresete mo Efeso ba ne ba na le “picō” e e gakgamatsang ya botshelo jwa selegodimo le Keresete Jesu. (1 Petere 1:3, 4) Mme e le gore ba tle ba kgone go e bona, ba ne ba tshwanelwa ke go ‘sepela,’ kana go itshwara ka bobone, ka tsela eo e neng e tla supa gore ba ne ba e tshwanela. Paulo o ne a supela gore “bopelotelele” bo ne bo le botlhokwa-tlhokwa mo go direng ga bone seno. Lefa go ntse jalo, “bopelotelele,” bo ne bo sa reye fela go bogela botlhoko kana go sa tsewe sentle ka lobaka lo loleele le le lelefaditsweng lwa nako. Motho yo o robegileng leoto ‘o boga ka lobaka,’ a mme o na le kgetho nngwe e sele? Lefa go ntse jalo, motho yo o pelotelele, o itshokela go tshwarwa makgwakgwa kwa ntle ga go ipusolosetsa kana go tenega ka boikaelelo. Bonya jwa gagwe mo go gakaleng ke boiteko jwa boikgapo jwa ka bomo.

Paulo o bontshitse boikgapo jo bo ntseng jalo mo go itshokeng fa a ne a tshwaretswe mo ntlong. O ne a itse gore go ne go direla “bocwèlèlō pele yoa Mahoko a a Molemō bogolo.” (Bafilipi 1:12) Gape, go ne go dumelela Paulo go bontsha boikanyegi jwa gagwe le boineelo jwa gagwe go Jehofa Modimo, go supa gore o ne a ‘sepela kafa go tshwanetseng’ mo pitsong ya gagwe ya botshelo jwa selegodimo. Paulo ka gone ka boitumelo o ne a itshokela kgolegelo. Mme Bakeresete ba bantsi fa e sa le ka mo go tshwanang ba ile ba bontsha bopelotelele. Ga se botlhe ba ba nang le “picō” ya selegodimo. Mme ba ile ba tlhotlheletsega go ‘sepela kafa go tshwanetseng’ ka tlhotlhwa ya botshelo jo bosakhutleng, go sa kgathalesege gore ke kwa legodimong kana mo pusong ya selefatshe ya Bogosi.

Legale, fa go bapisiwa, ke ba se kae fela bao ba ileng ba boga botshelo jwa kgolegelo jo bo botlhaswa. A bopelotelele bo botlhokwa tlaseng ga maemo a a ntseng jalo? Ee, eleruri, ka go bo Paulo o ne a kgothaletsa phuthego yotlhe ya Efeso go ‘sepela kafa go tshwanetseng . . . ka bopelotelele.’ Efeso e ne e le motse o o botlhokwa-tlhokwa mo kgaolong ya Roma ya Asia. Lohumo lwa one e ne e le serai se se ka nnang gone go Bakeresete. Gape e ne e le motse o o neng o itsiwe ka bopepe, bodimona, boloi, le boselamose, motse o o neng o tletse ka baobamedi ba modimo wa sesadi Aretemise, kana Diana. Raditiragalo wa bogologolo Lucius Seneca o ne a re malebana le Baefesia: “Batho ba ipatlela monate go tswa motsweding mongwe le mongwe. Ga go mokgwa ope wa boatla o o nang le dithibelo . . . Re fekeediwa gotlhelele ke go lebala seo se tlotlegang.” ‘Ka gone go sepela kafa go tshwanetseng’ e ne e le boitemogelo jo bo lekang Bakeresete koo.

Jalo ga go gakgamatse go bo Paulo gape a ne a kwalela Baefesia: “Me ke gōna ke bua lehoko ye, ke bile ke shupa mo Moreneñ, ka re, lo se ka loa tlhōla lo sepela yaka Badiehaba ba sepela, mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè, Ka ba hihadicwe mo tlhaloganyoñ ea bōnè, ba le baeñ ba sa itse botshelō yoa Modimo.” (Baefesia 4:17, 18) Abo go tshwanetse ga bo go ile ga nna bokete jang ne go tshela gareng ga batho ba boitsholo jo bo ntseng jalo jo bo bodileng! Mme ka go nna pelotelele, ka gone Mokeresete o ne a tla tshela bobotlana ka go itshoka.

Bo A Tlhokafala Gompieno

Le rona gompieno ka mo go tshwanang re iphitlhela re dikanyeditswe ke boikepo, dilo tse di bonalang, le tlhotlheletso ya bodimona. Tota, go na le kgatelelo e e bileng e le kgolwane mo Bakereseteng gompieno ka go bo Satane a ile a piriganyediwa mo sebakeng sa lefatshe mme a ititeile sehuba go senya tumelo ya rona. (Tshenolō 12:12, 17) Ka gone he re tshwanetse gore re nne kelotlhoko fela thata ya kafa re sepelang ka teng fa e le gore re tla tswelela re tshwanela. Mme jaaka Bakeresete ba bogologolo, re tshwanetse go nna pelotelele. Go boammaaruri, ke mo go sa tlwaelegang ka motho go bontsha boikgapo jo bo ntseng jalo. Legale, bopelotelele ke tshupo ya moya wa Modimo godimo ga Mokeresete. “Me louñō loa Mōea ke . . . bopelotelele,” go rialo Bagalatia 5:22. Mme bo re solegela molemo jang one?

Bopelotelele bo re thusa go itshokela maemo a a bokete a tsa itsholelo, mathata a tsa botsogo, le dikgatelelo tse dingwe tsa botshelo mo lekgolong la dingwaga la bo-20. Re itse gore ke ka baka lang mathata a a ntseng jalo a le gone mme gape le gore kgololo e gautshwanyane! (2 Timotheo 3:1-5; Luke 21:28) Le eleng fa re thulane le kganetso e e nonofileng mo tirong ya go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi, bopelotelele bo direla jaaka lobota lo lo sireletsang loo lo re thusang eseng fela go itshoka mme le go boloka tsholofelo ya rona e tshela.

Go latela kgakololo ya ga Paulo ya go nna “pelotelele eotlhe . . . ka boitumelo” gape go ile ga thusa go tokafatsa maemo a tsa selegae a a tsunyetsang. (Bakolosa 1:11) Ka dinako tse dingwe Bakeresete ba golaganngwa mo lenyalong le ba ba sa dumeleng. Monna mongwe o ne a re: “Botshelo jwa lelapa la rona eleruri bo ne bo sa feretlhe fela mme gape ke ne ka tshwanelwa ke go itshokela mefuta yotlhe ya makete . . . Go ne go sa apewa dijo . . . Go se diaparo dipe tse di phepa le tse di gatisitsweng . . . Ka dinako tse dingwe puo e e botlha mo mosading wa me mo go nna.” Mme monna yono wa Mokeresete o ne a le pelotelele. “Ke ne ka retologela go Jehofa nako le nako mo thapelong,” o ne a rialo, “mme ke ne ka ikanya mo go Ene gore a nthuse go tlhagolela nonofo e e molemo ya bopelotelele e le gore ke se ka ka latlhegelwa ke tekatekano ya me ya Bokeresete . . . Seno se ne sa nthusa go itshoka.” Matswela? Morago ga dingwaga tse 20 tsa kganetso, mosadi wa gagwe o ne a nna Mokeresete le ene! “Abo ke leboga Jehofa jang ne,” monna yono a rialo, “go bo a ile a nthusa go tlhagolela loungo lwa moya, bopelotelele.”

Go Nna Pelotelele Mongwe go yo Mongwe

Ereka bopelotelele e le loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo, ga bo tsamaisane le “ditihō tsa nama,” tse di jaaka dikilano, le kgang, le lefufa, le dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano. (Bagalatia 5:19-21) Go felela ka eng fa re letlelela “ditihō” tseno go kukunya le go laola ditirisano tsa rona mongwe go yo mongwe?

Seemo se se kopanyeletsang Moshe se bontsha kafa seno se ka diragalang. Go bolelwa a ne a le “boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Lefa go ntse jalo, mo pakeng nngwe, o ne a khutlela go nna pelotelele. Fa tlhaelo ya metsi ya tšhaba e ne e bonala, batho ba ba se nang tumelo ba ne ba goeletsa ka gore: “E bile lo lereditseñ phuthègō ea ga Yehofa mo nageñ e, ha e bo ne ne re shwèla hano, rona le dikgomo tsa rona?” (Dipalō 20:4) Seemo seno se ne se tlhoka mo letlhakoreng la ga Moshe ka bobedi boikgapo le kakanyetso e e bobebe ya lebaka la gore puo ya bone ya botsuolodi tota e ne e lebagantswe le Jehofa ka namana! Lefa go ntse jalo, Moshe, o ne a letlelela ditlhotlheletso tsa senama go mo fekeetsa. Mopesalema a re: “Le gōna ba mo gakatsa kwa metsiñ a Meriba, ga ba ga tla ga nna mashwè mo go Moshe ka ntlha ea bōnè: Ka go bo ba rukutlhèla mōea oa gagwè, me a bua ka phorumèlō ka dipounama tsa gagwè.”​—Pesalema 106:32, 33.

Jaaka ekete o ne a le mmaakanyetsi wa dikgakgamatso wa metsi, Moshe ka tšararego o ne a re: “Utlwañ yana, bacuolodi ke lona; a re tla lo ntshetsa metse mo lehikeñ ye?” (Dipalō 20:10) Ee, Moshe o ne a letlelela moya wa komano le wa ngongorego wa ba bangwe go mo dirisa nthagaraga. Mme ka ntlha ya tatlhegelo ya gagwe ya boikgapo mme gape le ka go palelwa ga gagwe ke go galaletsa Jehofa, o ne a kganelwa go tsena mo Lefatsheng ja Tsholofetso.

Bakeresete gompieno ba tshwanetse go nna kelotlhoko go sa wele mo seraing seno. Ka dinako tse dingwe bakaulengwe ba rona ba Bokeresete ba ka nna motswedi wa thumulano, jaaka Baiseraele ba ne ba ntse mo go Moshe. “Me motlhanka oa Morèna ga aa chwanèla go lwa, ha e se go nna bonōlō hèla mo go botlhe, a le secwiriri go ruta, a le boiphapaanyō.” (2 Timotheo 2:24) Tlhagiso e e go 1 Bathesalonia 5:14 ka gone he e ya tshwanela: “Lo nnè pelotelele mo go botlhe.”

Dikao tse di Tshwanelang Go Ediwa

Keresete o ne a tlhoma sekao se se itekanetseng sa bopelotelele. Ga se fela gore o ne a itshokela “puo e e ganetsang ya baleofi” mme gape mathata ao a neng a tlhaga gareng ga barutwa ba gagwe ka sebele. (Bahebera 12:3, NW) Ka dinako tse dingwe ba ne ba le bonya e ka tswa e le go tlhaloganya kana go dirisa dithuto tsa gagwe. Lefa go le jalo, le ka motlha ga a ise a ke a ba gagolake. Fa mo bosigong jwa kōkō ya gagwe barutwa ba gagwe ba ne ba robala, Keresete ka bonolo o ne a ba tlhagisa ka go re: “Lo robaletseñ? oogañ, lo rapele gore lo se tsene mo thaeloñ.”​—Luke 22:46.

Fa e sa le tsogo ya gagwe, Jesu o ile a tswelela go bontsha boitshoko le bopelotelele. Ka sekai, Saulo, e ne e le mmogisi wa Bakeresete, motlhapatsi, le mokgadi. Lefa go le jalo Keresete o ne a mmontsha boutlwelo botlhoko ka tsela eo e neng ya gogela kwa goreng Saulo a nne molatedi yo o kwa godimo wa ga Keresete. Paulo (yo pele e neng e le Saulo) o a tlhalosa: “Leha go nntse yalo ka bōna boutlwèlō botlhoko ka ntlha ea se, gore Yesu Keresete a bōnatsè bopelotelele yoa gagwè yotlhe mo go nna, ke le oa tlhōgō, gore e nnè sekaō sa ba ba tla namañ ba dumèla mo go èna, go tla ba bōna botshelō yo bo sa khutleñ.”​—1 Timotheo 1:15, 16.

Dikwalo di re bolelela gore re “tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè [Keresete].” (1 Petere 2:21) A o bontsha boitshoko jo bo tshwanang malebana le badumedi ka wena fa ba le bonya go dirisa molao-motheo mongwe wa Bibela? A o neela moya wa bopelotelele o o tshwanang malebana le batho ba lefatshe bao ba se nang kitso ya boammaaruri? A o tlhotlheletsega go thusa ba ba ntseng jalo go bona boammaaruri?

Lefa go ntse jalo, sekao sa bopelotelele se se se nang bolekanngo, ke Jehofa. “Yehofa o tletse bopelotlhomogi, me o pelochweu, o bonya go galeha, o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko.” (Pesalema 103:8; Ekesodo 34:5-7) Lemororo banna ba ba jaaka Moshe ba ne ba tlalelwa ke Baiseraela ba ba ditlhogo dithata, Jehofa o ne a re: “Motshegare otlhe ke tlhotse ke otlololetse mabōgō a me seshabeñ se se sa utlweñ le se se tataletseñ hèla.” (Baroma 10:21) Mme go ne go na le boikaelelo mo go bontsheng bopelotelele jo bo ntseng jalo. Jaaka rre yo o nang le ngwana wa setlhakana tlhogo, Jehofa o ne a gana go itlhoboga ka gore ga ba na go tokafatsa mo botsalanong jwa gagwe jo bo sentsweng le Baiseraele. Mme boitshoko jwa gagwe bo ne jwa tlhagisa matswela​—masalela a tšhaba eo a ne a bolokwa!

Melelwane ya Bopelotelele

Lefa go ntse jalo, boitshoko jwa ga Jehofa ga se jwa go ya go ile. Go ganela ruri ga lseraele ditlhagiso tsa ga Jehofa go ne ga felela ka gore ba kgophelwe kgakala le Modimo jaaka tšhaba. Isaia o ne a re: “Me ba ne ba cuolola ba utlwisa mōea oa gagwè o o boitshèpō botlhoko: ke gōna o na a hetoga a nna mmaba oa bōnè, èna ka esi a tlhabana nabō.” (Isaia 63:10) Ee, fa nako e ntse e ya “bogale yoa ga Yehofa yoa cogèla batho ba gagwè.” (2 Ditihalō 36:15, 16) Bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa fela.

Seno se na le ditlhaloso tse di masisi go rona gompieno. E tla bo e le boeleele go feleletsa ka gore Modimo ka metlha yotlhe o tla iphapaanya le bosula. Go boammaaruri, jaaka Paulo a bua: “Modimo [ka] o rata go shupa bogale yoa ōna, le go utlwatsa nonohō ea ōna, oa iphapaanya ka pelotelele yo bogolo le diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō.” Lefa go le jalo go ile ga nna le boikaelelo mo boiphapaanyong jo bo ntseng jalo, go re “o utlwatsè botlalō yoa kgalalèlō ea ōna.” (Baroma 9:22, 23) Ee, ka ntlha ya boikgapo jwa Modimo, leina la gagwe le boleletswe mo lefatsheng lotlhe. Gape, Modimo o ile a itsise “letsatsi ya pusholoshō” ya gagwe ka batho ba gagwe. (Isaia 61:2) Go boammaaruri gore ba bantsi ba ile ba sotla le go tlhapaola molaetsa ono wa tlhagiso, jaaka Baepikuria le Basetoika mo motlheng wa ga Paulo bao ba neng ba re, “O ba a rata go buañ mmalabadi eo?” (Ditihō 17:18) Mme gakologelwa, Modimo o tla “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.”​—2 Bathesalonia 1:8.

Lefa go ntse jalo, fa go ntse go ntse jalo, re tshwanetse go tswelela le tiro ya go rera dikatlholo tsa Modimo go fitlhelela Modimo a senola gore ke nako ya go ema. Re tshwanetse go ‘supa boitshoko go fitlhelela Morena a tla.’ (Yakobe 5:7) Mme go itshokela ka bopelotelele masula a a farologaneng a a tlisiwang ke botshelo mo tsamaisong eno go tla tlhagisa matswela a a bonalang. Go tla oketsa ikanyo ya rona mo go Jehofa. Go tla nolofatsa dikamano tsa rona le ba bangwe le go thibela mathata a a sa tlhokafaleng go tlhagoga. Boitshoko bo ka raya bothata, mme go sa kgathalesege gore re bomang kana re ka tswa re nna kae, e ka tswa re gololesegile kana re mo kgolegelong, re itemogela kganetso kwa lapeng kana mo bodiheding jwa Bokeresete, kagiso le kutlwano tseo bopelotelele bo di godisang di tla oketsa boipelo le thethebalo mo matshelong a rona. (Baefesia 4:2) Ka jalo he, a re lekeng bojotlhe jwa rona go sepela kafa go tshwanetseng ka bopelotelele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela