Go Atlega mo go Ageng Lelapa la Bobedi
MO LETSATSING ja gagwe ja tseo Felix ka ponyo ya leitlho o ne a nna motsadi. Mosadi wa gagwe o ne a na le morweetsana wa dingwaga tse supa go tswa lenyalong la gagwe la go le pele. Moragonyana mo tsatsing jeo fa a ntse a tsamaya le morweetsana yo wa gagwe yo mosha ka mosadi, o ne a tshosiwa ke go mo utlwa a tlhapatsa mme a tlhamalatsa mosetsanyana ka bonolo. Karabo ya gagwe e e bogale e ne ya mo akabatsa: “Bona, ga o rre!” Jaaka Mokeresete, Felix o ne a batla go aga lelapa leo le neng le tla galaletsa Ene ‘eo lelapa lengwe le lengwe le mo kolotang leina la gagwe.’ Lefa go ntse jalo, jaanong o ne a na le sekgoreletsi sa maikutlo a a kokomogileng ao ka one lelapa la gagwe la bobedi le lesha le neng le tla tshwanelwa ke go dirisana le one.—Baefesia 3:15.
E re ntswa mo nakong e e fetileng go nyalwa gape ga molekane yo a neng a swetswe e ne e le lone lebaka le legolo la malapa a a tswakanyeng, dipalo tse di yang magoletsa tsa tlhalo mo ‘metlheng eno ya bofelo’ jaanong di ile tsa gogela kwa dipalong tse dikgolo tsa malapa a mabedi. (2 Timotheo 3:1-5) Ka baka lang? Ka go bo jaana mo e ka batlang e nna diphesente tse 80 tsa batho ba ba tlhadilweng-ka bana ba bantsi—ba nyalwa gape. Mo godimo ga moo, go na le manyalo a mangwe a bao bana ba bone ba tsetsweng kwantle ga go nyalwa. Go ya ka ba Stepfamily Foundation, ka 1990 batho ba bantsi thata mo United States ba tla bo ba le karolo ya lenyalo la bobedi go na le lwantlha—ba dira gore lelapa la bobedi e nne mefuta e mentsi thata e e tlwaelegileng ya magae! Mme lelapa la bobedi le na le mathata a mofuta o o leng wa one fela.
Seemo se se Farologaneng
E re ntswa manyalo a ntlha go sa gola ga molekane yo mongwe gantsi go tsewa e le motswedi o mogolo wa bothata, mo manyalong a bobedi motswedi o mogolo o akanyediwa e le go godisa ngwana. Ka motsadi yo mosha go gapa lorato le tlotlo ya bana bao tota ka tlholego eseng ba gago—bao ba ka go lebang jaaka motseneledi—ke namane e tona ya tiro. Motsadi wa tlholego o tshwanetse go ithuta go bontsha lorato go molekane yo mosha kwantle ga go ikgogona mo baneng ba e leng ba gagwe. Mme fa lelapa la bobedi le tlisa bana mmogo ba bong jo bo farologaneng kana fa monna a godisa morweetsana wa gagwe ka mosadi, go na gape le kgagamalo e e ka nnang gone: bodiphatsa jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Go bolelwa gore, diphesente tse 25 tsa malapa a bobedi a nna le dikamano tsa dikobo tsa boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 6:9, 10.
Bana ba matlaaanya, le bone, gantsi ba lwantshana le maikutlo a a golang a ketsaetsego—kganano, lefufa, kilo le boikanyegi jo bo thulanang. Botlhoko jwa tlhalo kana loso lwa motsadi bo dira gape paakanyo eno le e leng gore e nne bokete thata. Ka maswabi, dipego di bontsha gore malapa a a tswakanyeng a a fetang a ka nna mane mo go a a le some a felela ka tlhalo mo dingwageng tsa ntlha tse tlhano. Legale, lelapa la bobedi le le atlegileng le ka agiwa. Jang?
Motheo wa go Dirisana le Mathata
“Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” (Pesalema 127:1) Go nta Jehofa a ‘aga’ lelapa la bobedi go raya go kaela maiteko gore go tle go nniwe le lesego la gagwe ka go baya ditaolo tsa gagwe, melaometheo le kgakololo ya gagwe kwa pele. “Selo se le sengwe se se ileng sa dira pharologanyo ka rona,” go ipobola jalo Felix, “e ne e le go baya Lefoko la ga Jehofa kwa pele ga maikutlo a ba bangwe mo lelapeng. Ke ne ka tila go bolelela morwadiake ka mosadi boikutlo jwa me kaga dilo, mme ka go dirisa Bibela motheo wa kutlwano o ne wa bopiwa koo megopolo e mebedi e ka kopanang teng.” O ne a dirisa Bibela go ‘tlhamalatsa dilo’ lea go nna tekanyetso ya legae. (2 Timotheo 3:16) Fa bana ba bona gore le eleng batsadi ba utlwa “kgakololo ea ga Yehofa,” ba lemoga gore melaometheo ya gagwe e e tsepameng, eseng dikgopolonyana tsa motsadi wa bobedi, e laola lelapa.—Diane 19:21; 20:7.
Banyalani bangwe bao mongwe le mongwe wa bone a neng a tla ka bana ba bararo mo lelapeng la bobedi ba ne ba bona katlego ka go bo “bana eleruri ba ne ba leka go dirisa Bibela.” Morago ga go gola, mongwe wa bana bano o ne a kwala ka gore: “Koo go nang le popagano ya malapa a mabedi, kgang kgolo ga motlhofo e ka nna ya botshelo fela ka tlhago go na le ya semoya mo eleng gore tlhokomediso e retololelwa fela mo goreng go dirisanwe mmogo go na le go re go direlwe Jehofa jaaka setlamo sa lelapa.” Malapa a mantsi a bobedi a Bakeresete a a ileng a atlega a dumela gore sekopololo ke go lekela kamano e e molemo ya botho le Modimo ka go leka ka natla go latela Lefoko la gagwe.
Temogo E A Tlhokafala
Ka bofefo fela morago ga mmaagwe a se na go nyalwa gape, Marla wa dingwaga tse 12 o ne a tsuologa le eleng go thoba makgetlo a le mmalwa. Batsadi ba gagwe ka tshwanelo ba ne ba tlhoka kutlo mo go ene mme ba ne ba tlhokomologa motswe wa boikutlo o eleng one bothata. “Mmè le nna re ne re atamalane tota,” ga tlhalosa jalo Marla, “moo re neng re ikutlwa re le motho le monnawe, re ne re robala le eleng mo bolaong bo le bongwe. Mme fa rre wa bobedi a ne a tla, ke ne ka forokiwa ke katamelano eno. Ke ne ka ikutlwa ka bofefo fela ke se na fa ke ka bobang teng.” Ee, gangwe le gape motsadi wa bobedi ga a ke a lemoga kafa ene go bonalang a ile a sutisetsa kgakala ngwana wa letlaleanya mo maikutlong a motsadi wa gagwe wa tlholego mme a tlhokomologa phereetsego ya boikutlo e e tsalwang ke seno. Go tlhokafala eng?
“Ka botlhale,” go rialo Diane 24:3, legae le “nitamisiwa ka tlhaloganyō.” Temogo e leba go pota ditiro kana mafoko ka kwa go bona mabaka a dira jalo. Ka motlhala, ngwana wa letlaleanya a ka nna a lebega a ngalogile. Mme ka baka lang? A e ka tswa e se ka ntlha ya boikanyegi jo bo thulanang jo bo mo akareletsang ene le maikutlo a gagwe ka motsadi yo o tsamaileng? Mmatlisisi Elizabeth Einstein, yo ka boene eleng mmabana ba bobedi, o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Stepfamily: “Motsadi yo o go tsetseng ga a ka ke a emisediwa—le ka motlha. Le eleng motsadi yo o suleng kana yo o ileng a phuaganya bana o nna le lefelo le le botlhokwa mo matshelong a bana. Jaaka ke ithutile bosheng fela jaana, sephiri mo go nneng motsadi wa bobedi ke, go sa tsietse ka mafoko a a borethe kana go iphaka.” A re “eo go lebega e le yone tsela ya dipelo tsa bana ba gago ba matlaaanya.” Go lemoga seno, motsadi wa bobedi wa Mokeresete o leka eseng go solofela “lorato lwa ponyo ya leitlho” lefa e le gone go ikutlwa a kgaphelwa kwantle falo sa tle go ene. Mme seno ga se motlhofo.
“Ke ka itshokela go ka ganwa ke ope fela kwantle ga morwadia monna wa me,” go ne ga ikuela jalo mmè mongwe wa bobedi. “Go ganwa ke Amy go khurumetsa letsatsi ka maru a mantsho, pelo e e tletseng e nna logapa.” O ne a oketsa ka gore: “Amy ke wa me tota. Katlego ya me jaaka motsadi wa bobedi e raya mo go golo.” Ka mo go utlwalang, kgano e e ntseng jalo e ya hutsafatsa. Legale Bibela e ya gakolola: “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” (Moreri 7:9) Fa e le gore mongwe ke pelo-mmete—a kgopisega motlhofo fela—le go bobamisa kilo “mo sehubeñ,” go bonala fa bo tla tlisa mafoko a a bogale le ditiro.
Legale, temogo e dira jang ka sebele? Fa mosetsanyana wa bobedi ka mosadi wa ga Felix a ne a garolaka, o ne a gakologelwa gore o ne a atamalane ka mo go kgethegileng le rraagwe yo o tlhokafetseng “O bua boammaaruri, ga ke rrago, mme ke rata gore ke nne tsala, gammogo le go nna mokaulengwe wa gago wa semoya,” ya nna karabo ya gagwe e e lebelang pele. Jalo, ‘tlhalefa mo pelong’—mme ka nako e e tshwanang tlhagolela ‘maikutlo a senna’!—Diane 16:21; 14:1.
Tlhaelo ya go sa tlwaelane mo lelapeng la bobedi gantsi e gogela kwa go seo Bibela e se bitsang “boikgodishō,” ke gore, “boitshwaro jo bo opisang tlhogo” kana go dira maiphako a gotlhelele a e seng one le go ngakalalela ano kwa ntle ga go ineela,’ jaaka buka mantswe nngwe ya Sehebera e e tlhalosa jalo. Boitebonosi jo bo ntseng jalo bo tsala ngakalalo. (Diane 13:10) “Lemororo go ne go le bokete go go dira, ke ne ke leka go khutlela go akanya fela kaga maikutlo a e leng a me sebele,” go ne ga bolela jalo mongwe wa bana ba bobedi. “Fa ke se na go go dira, ke ne ke kgona go utlwela yo mongwe botlhoko le go nna le tlhomogelopelo. O sa ntse o ntse o na le maikutlo a gago, mme o tlhagolela maikutlo ao a akareletsang motho yo mongwe.”
Go tlhagolela boikutlo jwa tlhomogelopelo lelapa la bobedi le tshwanetse go buisana! Diane 13:10 e oketsa jaana: “Mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.” Dipuisano tsa ka metlha tsa lelapa—‘go buisana mmogo’—go ka rarabolola mathata le go bopa kutlwano ya lelapa. Lefa go ntse jalo, batsadi, ba tshwanetse go kitlana mo go akanyeng ga bone ka dinako tsa dipuisano tse di ntseng jalo. Fa nako e ntse e ya, go ganelela ka dipuisano tse di ntseng jalo ka metlha go tlisa matswela a a molemo. Elatlhoko dikakantsho tse dingwe tse di thusang mo tsebeng ya 25.—1 Petere 3:8.
Ka go ‘buisana mmogo’ le eleng mo phosong e e ka nnang gone ya kafa dikobong e ka tshwarwa ka tsela e e botlhale. Batsadi bangwe ka papamalo ba ile ba bua le bana ba bone pele ga go nyalana gape mme ba akanyetsa ka dilo tse di jaaka kafa basetsana ba tshwanetseng go apara ka teng kana go itshwara ka teng fa ba na le rraabone wa bobedi le bokgaitsadi a bone ba bobedi fa ba le teng. Jaaka bana ba gola, dipuisano tse di tswelelang di a tlhokafala ga ntsi, mme batsadi ba etelela pele, ka go bo bana ba ka nna le ketsaetsego ka dinako tse dingwe ka go sa itse.
Fa Kotlhao E Tlhokafala
Kwantle ga pelaelo nngwe ya dikgang tse di tsunyetsang mo go ageng lelapa la bobedi ke tsela e kotlhao e dirwang ka teng. Ereka jaana “boeleele bo bohelecwe mo peduñ” ya ngwana—go akareletsa le ngwana wa letlaleanya—kotlhao ya ka metlha e botlhokwatlhokwa. (Diane 22:15; 13:1) Mokeresete mongwe o ne a fitlhela gore morwa wa gagwe yo mosha wa lelapa la bobedi o ne a tshela botshelo jo bo se nang molelwane. “Ke ne ke le kelotlhoko thata go ngaparela thulaganyo ya botlhogo,” ga bolela jalo Pat, yo ngwana wa gagwe wa bobedi kgabagare a neng a nna mongwe wa ditsala tsa gagwe tse di botoka thata. “Ke ne ke iketleeditse ka metlha yotlhe go mo tlhalosetsa gore ke ka baka lang, go buisana le eleng go boelela dilo mmogo, mme ke ne ke ka se ke ke sokamise dilo ka ntlha ya gagwe fa a ne a sa batle. Ke ne ke gagamaletse thata thata dithulaganyo tsa ga Jehofa.”
“Eleruri, kotlhao e a dira,” go bolela jalo bagakolodi ba lelapa la bobedi Drs. Emily le John Visher, “fa fela motho yo o amogelang kotlhao a kgathala ka boitshwaro le kamano le motho yo o dirang kotlhao.” Go fitlhelela popagano eno e gola, bangwe ba ile ba letlelela motsadi wa bana sebele go nna ene yo o etelelang pele mo kotlhaong. Tota, rre wa bobedi e sala e ntse e le tlhogo fela ya legae, mme puisano e ntle le mosadi wa gagwe ka mabaka a kotlhao, o ka nna a dira gore e nne ene yo o go dirang. Kafa dikwalong, ka bobedi batsadi ba tshwanetse go dira ‘melao’ ya kotlhao. (Diane 1:8; 6:20; 31:1) Ereka lelapa lengwe le lengwe la bobedi le farologane, ga go na melao e e tsepameng ya kafa kotlhao e ka dirwang. Lefa go le jalo motsadi wa bobedi o tshwanetse ‘go tlhamalatsa kafa go seo se siameng,’ eseng go fegelwa le eleng go gakatsa ngwana ka go solofela diphetogo tse dintsi thata ka bofefo. (Isaia 28:26-29; Bakolosa 3:21) Mo letlhakoreng le lengwe, bana ba matlaaanya ba tshwanetse ba amogela kotlhao. Esethere wa metlha ya Bibela o ne a le kutlo e e kanaanelo go motlhokomedi wa gagwe kana rraagwe wa mogodisi Moredikai yo o neng a mo godisa morago ga batsadi ba gagwe ba se na go swa. Kotlhao ya gagwe e ne ya mo thusa go nna mongwe wa basadi ba ba molemo-lemo.—Esethere 2:7, 15, 20.
Ka dinako tse dingwe kotlhao ya motsadi wa bobedi e ka nyadiwa ke go rata bobe ga mogatse ngwana wa gagwe yo a mo tsetseng le go sa diragatse kotlhao e e ntseng jalo. Mmè mongwe wa Mokeresete wa bana ba bararo, yo o neng a nyalwa gape, o ne a tlhalosa go re: “O ikutlwa o panyelediwa magareng ga batho ba babedi bao o ba ratang tota.” Le ka motlha o se ka wa lebala gore kamano ya gago le molekane wa gago ke yone ya ntlha ntlha. E re ntswa ka dinako tse dingwe go ka nna botlhoko, lekela go thibela lorato lwa tlholego fela mo go tleng gareng ga lona loo babedi. Aberahame ka botlhale o ne a thibela leloko lepe fela la mo gae go senya kamano ya gagwe le mosadi wa gagwe Sara kana go kgoreletsa go diragadiwa ga thato ya bomodimo.—Genesise 16:1-6; 21:8-14.
Lemororo yo mongwe a ka nna a se kgone go ikutlwa ka tsela e e tshwanang kaga ngwana wa letlaleanya jaaka motsadi wa tlholego, ka bobedi ba tshwanetswe go tshwarwa ka tekatekano. Molao-motheo wa konokono mo go direng diphetso ke o: “U se ka wa nna le bao o ba ratang thata.” (1 Timotheo 5:21, Phillips) Go motlhofo go dira diipato tsa diphoso tsa ngwana wa gago wa tlholego le go godisa tseo tsa ngwana wa letlaleanya. Go botoka ka rre le mmè go buisana ka go sa dumalane gope fela malebana le kotlhao kwa bothokong, ba fitlhelele phetso mme go tswa foo ba ise popagano ya bone kwa baneng. Morago ga a se na go gola mo lelapeng la bobedi le le neng la atlega ka bana ba mefuta e mebedi, Alesia, yo jaanong a leng 19, o a gakologelwa: “Selo sa botlhokwa mo batsading ba me e ne e le go tsepama ga bone ka kotlhao. Re ne re itse gore go sa kgathalesege gore o morwa kana morwadia mang rotlhe re ne re otlhaelwa diphoso tsa rona. Ditekanyetso tsa bone kana ditebelelo tsa bone ka metlha yotlhe di ne di tshwana.”
Nna Pelotelele—Go Tsaya Nako
“Bokhutlō yoa selō bo molemō bogolo go tshimologō ea shōna: me eo o pelotelele mo moeeñ o molemō bogolo go eo o boikgodishō mo moeeñ.” (Moreri 7:8) Fa bantsi ba phuaganya fela ka ditshimologo tsa ntlha ntlha tse di makgwakgwa, bao ba itshokang gantsi ba fitlhela gore lelapa le simolola go rarabolola mathata. “Babatlisisi ba re go tsaya dingwaga tse nne go ya go tse supa ka lelapa le lesha la bobedi go nna le le tsepameng, go tlhagolela boikutlo jwa ‘rona,’” go ne ga rialo mogolwane mongwe Elizabeth Einstein. Tiriso ya melao-metheo ya Bibela e ka khutshwafatsa lobaka lono lwa phetogo; legale, go nna ‘pelotelele mo moyeng’ go tshwanetse!
“Motho eo o pelotshetlha” kana yo o dikgoka yo o ka tswang a akanya gore o itse kafa tota lelapa le tshwanetseng go dira ka teng, ebile a solofela diphetogo tsa ponyo ya leitlho, “o cosa dikgañ.” Metlhala e e farologaneng ya botshelo jwa lelapa le maikutlo a a nonofileng a a neng a tiisiwa ke dingwaga tsa go tlwaela ga a motlhofo go fetoga. Ka botlhale o se ka wa ‘ikanya mo maanong a gago’ kana ditlhotlheletsong tsa ka pele fela, mme ka boikobo ikaege ka kaelo le thuso ya ga Jehofa.—Diane 28:25, 26.
Dituelo tsa Go Atlega
Kitso, botswerere le boitemogelo tsa bao ba mo lelapeng la bobedi di ka humisiwa ke go bopaganngwa ga matshelo a a farologaneng a lelapa. Mmabana mongwe wa Mokeresete o ne a re ka morwadie ka monna: “Valerie o ne a oketsa lentswana mo lelapeng la rona. O ne a na le tsela ya gagwe ya go leba dilo eo ka dinako tse dingwe e neng e bula ditebo tsa rona.” Go bofelelwa mo ngwaneng yo eleng wa gago yo o mo tsetseng ke selo se sengwe, mme go bopa katamalano koo go se nang botsalo jwa tlholego fela—fa ngwana a ka nna a go gagolaka—go tlhalosiwa ke batsadi ba bantsi ba malapa a bobedi ba ba itumetseng jaaka “mpho e e kgethegileng.”
Lemororo mathata a teng a le magolo go kgona go dira mmogo go omosa pelo. Phitlhelelo e e ntseng jalo e ka gagamalela kwa dinonofong tse di botlhokwa tsa moya, tse di jaaka bopelotelele, kutlwisiso, tlhomogelo pelo le go intsha setlhabelo. “Ke ne ka ithuta kafa ke ka dirisanang le maemo le kafa ke neng ke ka kgona ka teng le go tlogelela mo gongwe mo go Jehofa,” go ne ga bolela jalo Louise morago ga go godisa bana ba matlaaanya ba le bararo. “Eno e ne e le thuto e e botlhokwa-tlhokwa. E ne ya nthusa gore ke nne motho wa semoya yo o botoka. O lemoga gore fa o direla Jehofa ga o ne o leka go dira sengwe le sengwe ka bogagago.”
Tuelo ya go bona lelapa la gago le neela kgalalelo go Modimo e dira gore boiteko e nne jo bo tshwanelang Fa Kgosi Dafide a ne a bolelela morwawe kafa a neng a ka dira tempele ka teng kgalaletsong ya ga Jehofa, o ne a mo neela gape se go ka bolelwang gore e ne e le sekopololo sa go aga lelapa la bobedi le le atlegileng. O ne a re: “A Yehofa a nnè nau, . . . a Yehofa a go neè bonokopela le tlhaloganyō, me . . . u tshegetse molaō oa ga Yehofa Modimo oa gago. Hoñ u tla tlhōgōnōlōhala.”—1 Ditihalō 22:11-13.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
BAKENG SA PUISANO YA LELAPA
(1) Bonang nako e e tshwanetseng le lefelo la go buisana ka metlha kaga maikutlo.
(2) Botlhe ba tshwanetse go leka go bua go tswa pelong le go ntsha letlhoo lepe fela kana kgobalo epe fela ya boikutlo. Phepafatsa gore maikutlo a leloko lengwe le lengwe a tsewe tsia.—Yobe 33:3.
(3) Lekang go dira dipolelo jaaka ditshupo tsa maikutlo go na le jaaka ditatofatso Ka motlhala, “Fa ke ne ke goroga mo gae ke ne ke utlwile botlhoko ebile ke kgopegile go bona gore go ne go se ope yo o neng a tlhatswitse dikotlele,” go na le gore, “Ga go ope yo o kgathalang fa. Lotlhe eleruri lo pelotshetlha ebile lo ditshwakga.”—Bakolosa 4:6.
(4) Nna bonolo mongwe go yo mongwe le go leka go tlhomogela maikutlo a ba bangwe pelo.—Baefesia 4:31, 32.
(5) Dirang ditharabololo tse di tsepameng le tse di utlwalang, le go akanyetsa melao-metheo epe fela ya Bibela e e kopanyelediwang
(6) Khutlisang puisano ka dikakgelo tse di popota, tse di kgothatsang tseo di thusang go tlhagolela lelapa le le bothitho le go neela leloko lengwe le lengwe boikutlo jwa gore o a tlhokega.—Baefesia 4:29.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Batsadi bao ba buisanang mmogo gantsi ba tila mathata malebana le bana ba matlabaanya