Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Ngwana Yo O Solofeditsweng
MO BOEMONG jwa go boela kwa Nasaretha, Josefa le Maria ba nna mo Bethelehema. Mme fa Jesu a le malatsi a a herang bobedi ba a mo rupisa jaaka Molao wa Modimo go Moshe o laola. Go bonala ebile e le mokgwa go raya ngwana wa mosimane leina mo letsatsing la bohera bobedi. Jalo ba bitsa ngwana wa bone leina ba re ke Jesu, jaaka moengele Gabariele a ne a laetse go le pelenyana.
Go feta kgwedi e ka nna nngwe mme Jesu o malatsi a le 40. Jaanong batsadi ba gagwe ba mo isa kae? Kwa tempeleng mo Jerusalema eo e leng dimmaele disekaenyana go tloga ko ba nnang teng. Go ya ka Molao wa Modimo go Moshe malatsi a le 40 morago ga go tsalwa ga ngwana wa mosimane, go tlhoka gore mmè a ise tshupelo ya bointlafatso kwa tempeleng.
Seo ke se Maria a se dirang Mme o lere dinonyane di le pedi tse dipotlana jaaka tshupelo. Seno se senola sengwe kaga seemo sa itsholelo sa ga Josefa le Maria. Molao wa ga Moshe o supa gore phelehu e potlana, eo eleng tlhotlhwa e kgolo thata go na le dinonyane, e tshwanetse go ntshiwa. Mme fa mmè a ne a ka se kgone seno, maeba a le mabedi kana maphoi a ne a ka lekana.
Mo tempeleng monnamogolo mongwe o tshola Jesu ka matsogo. Leina la gagwe ke Simeone. Modimo o ne a mo senoletse gore o ne a ka se swe pele ga a ka bona Keresete kana Mesia, yo o solofeditsweng ke Jehofa. Fa Simeone a tla mo tempeleng mo letsatsing leno, moya o o boitshepo o mo kaela ngwana yo o tshotsweng ke Josefa le Maria.
Fa Simeone a ntse a tshotse Jesu o leboga Modimo, a re: ‘O diragaditse tsholofetso ya gago, ka ke bone ka matlho a me poloka e o e baakantseng.’ Josefa le Maria ba gakgamala fa ba utlwa seno. Go tswa foo Simeone o a ba segofatsa le go raya Maria a re morwawe “o beecwe go wa le go coga gapè ga batho ba le bantsi mo go Iseraela” le gore bohutsana, jaaka tšhaka e e bogale, bo tla phololetsa moya wa gagwe.
Mo pakeng eno go na le moperofeti mongwe wa sesadi yo o dingwaga tse 84 yo o bidiwang Ana. Tota, ga a ke a tlhokafala mo tempeleng Mo go lone lobaka leo o atamela gaufi le go simolola go leboga Modimo le go bua kaga Jesu go botlhe ba ba reeditseng.
Abo ditiragalo tse di itumedisang tseno mo tempeleng di itumedisitse Josefa le Maria! Ruri, go ba tlisetsa fela thata gore ngwana ke Ene yo o Solofeditsweng ke Modimo. Luke 2:21-38; Lefitiko 12:1-8.
◆ Go bonala gore e ne e le mokgwa go neela leng lesea la mosimanyana mo Iseraela leina?
◆ Ke eng se se neng se tlhokwa go mmè wa Moiseraela fa ngwana wa gagwe a ne a le malatsi a le 40 ka go gola, mme go diragatsa patlafalo eno go ne ga senola eng kaga seemo sa itsholelo sa ga Maria.
◆ Ke mang yo o neng a lemoga Jesu gore ke mang mo pakeng eno, mme jang?