LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 20-21
  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “Modimo O ne A ba Tsaya ba Siame”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 20-21

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Mmaakanyi wa Tsela O Tsetswe

ELISABETHE o setse a le gaufi le go tshola ngwana wa gagwe. Mo dikgweding tse tharo tse di fetileng Maria o ne a ntse a nna le ene. Mme jaanong ke nako ya gore Maria a mo sadise sentle mme a tsamaye loeto lo loleele a boela gae kwa Nasaretha. Le ene gape, mo dikgweding tse di ka nnang thataro, o tla tshola ngwana.

Ka bofefo fela Maria a sena go tloga, Elisabethe a tshola ngwana. Abo e le boipelo jang ne fa tsalo e le e e atlegileng mme Elisabethe le loseanyana lwa gagwe botlhe ba itekanetse! Fa Elisabethe a bontsha baagelani ba gagwe ngwananyana le ba-losika, botlhe ba ipela le ene.

Letsatsi la boroba bobedi morago ga botsalo jwa gagwe, go ya ka molao wa Modimo, mosimanyana mo lseraele o tshwanetse go rupisiwa. Mo pakeng eno ditsala le ba-losika ba a tla ba etile. Ba bolela gore mosimane o tshwanetse go reelelwa ka rragwe, eleng Sakarie. Mme Elisabethe a bua. A re ‘Nnya!’ ‘O tshwanetse go bidiwa Johane.’ Gakologelwa, leo ke leina leo moengele Gabariele a neng a re le tshwanetse go neelwa ngwana.

Lefa go ntse jalo, ditsala tsa bone di gana ka gore: ‘Ga go na ope gareng ga ba-losika lwa lona yo o nang le leina leo.’ Go tswa foo, ba dirisa diatla, ba botsa rragwe gore o batla mosimane a neelwa leina lefe. A kopa sematla sa sekwalelo, Sekarie, mme kgakgamalong ya bone botlhe: ‘Leina la gagwe ke Johane.’

Mme ka seo nonofo ya go bua ya ga Sekarie ya busediwa ka kgakgamalo. O tla gakologelwa gore o ne a latlhegelwa ke nonofo ya gagwe ya go bua fa a ne a sa dumele kitsiso ya moengele ya gore Elisabethe o tla nna le ngwana. Jalo he, fa Sekarie a bua, botlhe bao ba nnang mo tikologong ba akabetse mme ba ithaya ba re: ‘Tota la re ngwana yono o tla nna eng?’

Sekarie jaanong o tladitswe ka moya o o boitshepo, mme o bolelela pele malebana le morwawe: ‘O tla bidiwa moperofeti wa Mogodimodimo, mme o tla etelela pele Jehofa mme a mmaakanyetse tsela. O tla bolelela batho gore ba tshwanetse go bolokwa ka gore dibe tsa bone ba di itshwaretswe.’

Ka nako yone eno Maria, yo ka phepafalo a santseng a le mosadi yo o iseng a nyalwe, o setse a gorogile kwa gae kwa Nasaretha. Go tla diragalang fa go tla go itsiwe gore o ithwele? Luke 1:56-80; Lefitiko 12:2, 3.

◆ Johane o ne a feta Jesu ka dingwaga tse kae?

◆ Ke dilo dife tse di neng tsa diragala fa Johane a ne a le malatsi a roba bobedi

◆ Go ne ga bolelelwa-pele gore Johane o tla dira tiro efe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela