Loa Amogelwa mo Kopanong ya “Baboloka Bothokgami” ya 1985!
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsege thata eseng fela ka bodihedi jwa bone jo bo tlhoafetseng jwa ntlo le ntlo mme gape le ka dikopano tsa bone tse dikgolo tsa Bokeresete. Tseno di ile tsa tshwarwa go feta dingwaga di le lekgolo jaanong, go simolola moragorago kwa ka 1879. Go na le sekai se se molemo sa Dikwalo sa dikopano tseno.
Baiseraele ba ne ba tlhoka go phuthega mmogo makgetlo a le mararo ka ngwaga mo meletlong ya bone. Jehofa o ne a e tsaya jaaka e e leng botlhokwa thata mo eleng gore o ile a dira gore Moshe a e otlelele kgapetsa mo Dikwalong tsa ntlha tse tlhano tsa Sehebera. Bona Ekesodo 23:14-17; 34:22-24; Lefitiko 23:4-22; Dipalō 28:16–29:12; Duteronome 16:1-16. Gape re bala gore batsadi ba ga Jesu ba ne ba tlhatlhogela kwa Jerusalema ka metlha ba ya moletlong wa Tlolaganyo.—Luke 2:41, 42.
Dingwaga di le 38 jaanong, dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa di ntse di latela sekao se se tshwanang le seo sa Baiseraele ba bogologolo. Gabedi ka ngwaga mongwe le mongwe re ipelela go phuthega mmogo kwa dikopanong tsa rona tsa potologo, go akareletsa gongwe diphuthego tse di tlogang go 8 go ya go 20. Jaanong he re lebe pele ka tlhoafalo mo go kopaneng mmogo gangwe ka ngwaga mongwe le mongwe kwa dikopanong tsa rona tsa kgaolo, tsa borafe, kana tsa merafe-rafe. A re anaanela dikokoano tseno segolo jaaka re tshwanetse? Ga se bakaulengwe ba rona botlhe go ralala lefatshe bao ba nang le lesego leno. Jalo pego ya bosheng jaana go tswa kwa nageng ya Balkan koo tiro e sa bolong go nna kafa tlase ga dithibelo gone e kaya gore “ke lekgetlo la ntlha re kgonneng go tshwara kopano ya kgaolo mo holong ya morafe . . . Bakaulengwe ba ne ba e itumeletse thata.”
Ba ne ba na le lebaka la go itumela, gonne go lebega ekete fa palo e e kwa godimo ya Basupi e phuthega mmogo, boitumelo le jone bo nna bogolo. Naga nngwe e begile ka 1983 gore “kopano ya ‘Kutlwano ya Bogosi’ ka December e ne e le ya botlhokwa-tlhokwa mo ngwageng oo eleruri,” mme e nngwe e e tlhalositse jaaka “e e tlhomologileng go di gaisa tsotlhe mo ngwageng.” Ga go gakgamatse go bo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba dira dithulaganyo, gantsi ka ditlhabelo tse dikgolo, go nna gone kwa dikopanong tsa kgaolo mo matsatsing otlhe a le mararo le sephauho.
Ngwaga o o fetileng re nnile le tshiamelo ya go nna gone kwa dikopanong tsa “Koketsego ya Bogosi.” Thulaganyo e boletse ka moo setlhogo seo se neng se tshwanela ka gone ka ntlha ya dikoketsego tse dikgolo mo baboleding ba Bogosi lefatshe ka bophara. Go feta moo, e otleletse ditlamego tsa Mosupi mongwe le mongwe mabapi le koketsego eo. Mme abo re amogetse didirisiwa tse di molemo jang ne tsa bodihedi jwa rona—The Reference Edition of the New World TransIation of the Holy Scriptures, thuso ya go ithuta Bibela eleng Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha, le bukana ya Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri! Monongwaga go na le motswedi o mongwe gape wa boipelo! Re ipelela go phuthega mmogo mo kopanong ya “Baboloka Bothokgami.” Setlhogo seno se lebisa tlhokomelo go botlhokwa jwa go nna le seabe ga rona mo go galaletseng leina la ga Jehofa ka go boloka bothokgami go kgabaganya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya ga Satane.
Abo setlhogo seo se le botlhokwa jang ne! Se nyalana le kganetsano e e botlhokwatlhokwa eo e lebaneng le dibopiwa tsotlhe tse di botlhale, eleng, tshwanelo ya bolaodi jwa ga Jehofa, jaaka bo tshegediwa ke dibopiwa tseo di bolokang bothokgami go sa kgathalasege sotlhe seo Satane Diabolo a ka se dirang. Ga go motlhofo go boloka bothokgami mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ tseno. (2 Timotheo 3:1-5) Go farologana thata le go dirisa tsela e e motlhofo. Go kaya go ‘tsena ka kgoro e e pitlaganeng le go tsamaya mo tseleng e tshesane e e isang botshelong.’—Mathaio 7:13, 14.
Go boloka bothokgami jaaka badihedi ba ga Jehofa Modimo go akareletsa dipatlafalo tse pedi tsa motheo. Mo letlhakoreng le lengwe go na le tlhokafalo ya go tlhagisa maungo a moya e le gore re tle re “kgabisè thutō ea Modimo Moreboloki mo diloñ cotlhe.” (Tito 2:10) Mo letlhakoreng le lengwe re na le thomo ya go rera le go dira barutwa, jaaka re nna le seabe mo go diragatseng boperofeti jwa Bibela.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Go fitlhelela dipatlafalo tse pedi tseno, re tlhoka go tswelapele re batla Bogosi le tshiamo tsa Modimo pele. Re tshwanetse go lwa kgatlhanong le maano otlhe a a boferefere a ga Satane Diabolo, diteko tsotlhe tse lefatshe leno la bogologolo le di bayang mo tseleng ya rona ka sebopego sa go rata dikhumo le go senka menate, mme re tshwanetse go dira jaaka Paulo a dirile, ‘re kgobe mebele ya rona, re e beye mo taolong.’ (1 Bakorintha 9:27; 1 Petere 5:8; 1 Yohane 2:15-17) Go thulana le matshosetsi a bothokgami jwa rona ka katlego ga se selo se se motlhofo.
Fa re lemoga ka botlalo kgwetlho ya go boloka bothokgami jwa rona, re tla tla kopanong re ‘humanegile semoyeng.’ (Mathaio 5:3) Re tla tlhokomela ka botlalo seo se buiwang go tswa kwa seraleng, re tsaya dintlha, re kopanela mo go opeleng ka pelo yotlhe, le go tsena mo moyeng wa dithapelo tseo di neelwang. Gape, re tla reetsa ka kelotlhoko kgakololo eo e neelwang mabapi le go boloka bothokgami jwa rona go Jehofa Modimo, go balekane ba rona ba lenyalo, le go Bakeresete ka rona. Ka dipuo, dipotsolotso, dipontsho, le metshameko re tla kgothadiwa le go tlhomelelwa gore re ikemisetse go, feta lefa e le leng go boloka bothokgami go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya bogologolo, e e boikepo ya dilo.
Le eleng gone gore re tla batla go tlodisa matlho ntlha ya gore dikokoano tseno tsa rona tse dikgolo di direla jaaka bosupi mo lefatsheng Ka January yo o fetileng yono kopano ya “Koketsego ya Bogosi” e ne e tshwaretswe kwa Setediamong sa River Plate, Buenos Aires, kwa Argentina, ka matsatsi a le mane. E dirile dikgang tse dikgolo! Kgatiso ya dikgang ya lefelo leo eleng Ahora e ile ya neela pego e e molemo ya ditshwantsho tsa mmala mabapi le kopano eo, ka setlhogo sa konokono, se se reng “Tumelo e Tlatsa Ditediamo.”
Kafa tlase ga setlhogo se segolo se se reng, “Bogosi Jo Bo Golang—Jwa Basupi ba ga Jehofa,” setlhogo sa ditsebe tse pedi se rile ka bontlhanngwe: “Go a gakgamatsa eleruri. Go dumela ke go bona. Tumelo e sutisa dithaba. E tshwanetse ya bo e le tumelo eo e tlhotlheleditseng palo-gare ya batho ba le 42 000 ka tidimalo le ka thulaganyo e e kgatlhisang go tlatsa manno a kgwele ya dinao a Setediamo sa River Plate ka nako ya matsatsi a mane a selemo se se mogote seno. Gape e tshwanetse ya bo e le tumelo eo e kgonneng go phutha ba ba ikanyegang bao ba seng kafa tlase ga 46 000 go sa kgathalesege bong, bogolo, kitso, lotso, kana bomorafe mo letsatsing la bofelo la kopano ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa . . . go sa kgathalesege gore a rea dumela kana ga re dumele re tlhakanela megopolo le dithuto tsa bone, boidiidi jono jotlhe bo tshwanelwa ke tlotlo ya rona e kgolo. Ba itshupa ba le boikokobetso ba kgaogane gotlhelele le dilo tse di senang mosola tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi le lefatshe la segompieno leo re tshelang go lone; ba dira thuto ya kagiso le lorato mo bakaulengweng.”
Setlhogo se ne sa tswelela pele ka go re: “Go tweng ka thulaganyo ya bone? Tsotlhe di ne di tsamaya ka tolamo. Mapodisi ao a neng a rometswe koo a ne a lapisegile ka ba ne ba sa dire sepe . . . Le eleng tiragalo e nnyane, jaaka go kgopisa, kana tlhakatlhakano eo e diragatseng mo matsatsing a mane ao. . . . Re setse ka kagiso e e senang selekanyo eo Basupi ba lebegang ba na le yone . . . Go sa kgathalesege gore ba phoso kana nnya, ba gapile tlotlo ya rona. Ke eng seo se ba tlhotlheletsang? Tumelo eo. Tumelo eo e e sutisang dithaba.”
Ga go na pelaelo gore, ka go itshwara ga rona jaaka badihedi ba Bakeresete ba ga Jehofa Modimo, re ka neela bosupi jo bo molemo mo bathong ba ba kwa ntle. Go boammaaruri gore, go nna Mokeresete le ka motlha ga go ise go ke go nne motlhofo. Jesu o rile go ne go kaya go tsaya mokgoro wa tlhokofatso. Go direla kopano ya rona ya “Baboloka Bothokgami” tshiamo go tla re thusa gore re nne balatedi ba ba molemo ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 16:24.