Amogela Thuso ya Modimo go Fenya Diphoso tsa Mo Sephiring
“Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—BAFILIPI 4:13.
1. Ke topo efe eo rre mongwe yo o neng a amegile a neng a e dira?
MOSIMANYANA o ne a nale leebana.a O ne a phoka mahulo mo molomong, a tsibikela, mme ka dinako tse dingwe a wela mo metsing kana mo molelong. Rragwe yo o neng a tshwenyegile o ne a ya go batla monna yo o neng a itsiwe ka go fodisa balwetse. Fa go sena go banala ekete rre o ne a sa ikanye thata gore monna yoo o tla kgona, o ne a goa a re: “Kea dumèla; thusa go tlhōka go dumèla ga me!”
2. Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o batla go re thusa go fenya diphoso?
2 Re ka ithuta sengwe mo go rre yono yo o neng a senka thuso ya ga Jesu. Monna o ne a dumela gore tumelo ya gagwe e ka ne e ne e le phoso; mme ebile gape o ne a tlhomamisa gore Jesu o ne a batla go thusa. Go ka nna jalo le ka rona, jaaka re lebane le diphoso tsa rona—le e leng tsa sephiri—le go berekela go di fenya. Re ka ikanya gore Jehofa Modimo o batla go re thusa, jaaka a ile a thusa ba bangwe mo nakong e e fetileng. (Bapisa Mareko 1:40-42.) Ka sekai, o ne a thusa moaposetoloi Paulo go emelana le diphoso tseo di ka nnang gone ka ntlha ya go nna le letlotlo kana go tlhoka. Motho yo o humanegileng o ka nna a eletsa mahumo; tlhaelo ya motho yo o humileng e ka nna go ikanya ga gagwe thata mo katlegong ya gagwe le go lebela ba ba kobo-dikhutshwane kwa tlase. (Yobe 31:24, 25, 28) Paulo o ne a fenya jang kana a tila jang diphoso tse di ntseng jalo? O re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:11-13.
3. Ke ka baka lang fa go le botlhale gore re leke go fenya makoa a rona?
3 Ka go ikaega ka nonofo ya Modimo, re a bo re le botlhale fa re berekela go fenya diphoso tsa rona, re sa di tlhokomologe ka go bo fela ga jaanong di ka ne di le tsa sephiri. Mopesalema o ne a re ka Jehofa: “O itse maōma a pelo.” (Pesalema 44:21) Fa re sa fenye diphoso tsa rona, di ka felela di re gobaditse thata. Molaomotheo ono o a dira: “Dibe tsa batho ba bañwe dia bōnala, di hetèla pele di ea tshekishoñ; me tsa batho ba bañwe le bōnè di ba sale moragō.” (1 Timotheo 5:24) A re tlhatlhobeng diphoso tse pedi tseo di tlwaelegileng tseo di tlhokang tlhokomelo ya Bakeresete bao ba batlang go itumedisa Jehofa.
Phoso ya Sephiri e e Akareletsang Keletso ya Dikobo
4, 5. (a) Bibela e neelana ka pono efe e e lekalekaneng ka keletso ya kafa dikobong? (b) Ke ditlhagiso dife tseo re di fitlhelang mo Dikwalong mabapi le keletso ya kafa dikobong?
4 Nngwe ya dimpho tse di molemo-lemo tsa Modimo ke lenyalo, gammogo le kgono le keletso ya tsalo. (Genesise 1:28) Keletso ya kafa dikobong eo e bontshiwang mo dikamanong tsa lenyalo ke ya tlholego ebile e phepa. Bibela e akgola motho yo o bonang boipelo jwa kafa dikobong le molekane wa gagwe. (Diane 5:15-19) Lefa go ntse jalo, monate wa kafa dikobong o ka seke o nne o sa lekanyediwe. Jaaka papiso akanyetsa keletso ya rona ya dijo. Go re natefelela ga tsone ga go reye gore re tshwanetse ra simolola ra nna le keletso e e sa itekanelang ya dijo, kana gore ga re tlhoke go laola gore re ja leng, re ja kae, le gore re ja jang.—Diane 25:16, 27.
5 Paulo o ka nna gongwe a bo a ne a kile a nyala, mme ebile a itse gore tiriso e e tlwaelegileng ya kafa dikobong magareng ga balekane e ne e tshwanela. (1 Bakorintha 7:1-5) Jalo o tshwanetse go bo a ne a raya sengwe se sele fa a ne a kwala a re: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le [thato ya dikobo, NW], le keleco e e boshula, le pelotshètlha.” (Bakolosa 3:5) O tshwanetse a bo a ne a raya tiriso ya kafa dikobong eo e fetileng boemo jo bo tshwanetseng jwa lenyalo le bokao. Moaposetoloi o ne a re gape: “Moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo [thatong ya kafa dikobong ya bopelotshetlha NW].” (1 Bathesalonia 4:4, 5) Kgakololo eno e e tsepameng, le e e tlhotlheleditsweng e mosola go Bakeresete ba ba nyetseng le ba ba sa nyalang.
6 Ke ka baka lang fa Bakeresete ka tshwanelo ba tila go ikgobolola?
6 Tsela nngwe eo ka yone ‘thato e e ntseng jalo ya keletso ya nama’ (1 Bathesalonia 4:5, The New Testament for English Readers, ka Henry Alford) gantsi e bontshiwang ka yone ke ka motho go tsosa dirwe tsa gagwe tsa bonna kana bosadi go bona monate o o kopanyelediwang. Seno se bidiwa phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi, kana go ikgobolola. E tlwaelegile thata gareng ga batho ba senna le ba sesadi ba ba sa nyalang. Mme le batho ba ba nyetseng ka bontsi ba tshwarega mo go yone. Go tlwaelega ga yone go gogela dingaka di le dintsi mo go boleleng gore ke ya tlholego mme ebile e mosola. Lefa go ntse jalo, tlwaelo eno e fapaana le kgakololo ya Modimo kgatlhanong le “thato ya kafa dikobong ya bopelotshetlha.” Re ka lemoga ga botoka gore ke ka ntlha yang, le gore ke ka baka lang fa Bakeresete ba tshwanetse go fenya tlwaelo eno, ka go akanyetsa kgakololo nngwe eo Jesu a neng a e neela.
7. Mathaio 5:28 e baakanyetsa jang ka lebaka le lengwe gape la go ithiba mo phaphamisong ya dirwe tsa bonna le bosadi?
7 Jesu o ne a re: “Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.” (Mathaio 5:28) O ne a itse gore megopolo ya kgotelo ya boaka gantsi ke yone e e etelelang pele ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang. Ebile, le eleng bone bao ba buelelang phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi ba dumalana gore gantsi e kopanyeletsa go itlhamela ditoro tsa kafa dikobong. Morago ga e sena go bua ka “go tlhoma mogopolo mo monateng oo phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi e ka o tlisang,” buka Talking With Your Teenager e a oketsa: “Ba ka nna ba ikakanya ba tlhakanetse dikobo ka kgololesego kana le balekane ba bone ba bong jo bo tshwanang kana le batho ba bagolwane jaaka barutabana, ba-losika, le eleng [batsadi]. Ba ka nna ba itlhamela ditoro ka ga tlhaselo ya kafa dikobong. Gotlhe mono ke mo go tlwaelegileng gotlhelele.” A mme go ntse jalo? Bakeresete ba ka tsaya jang ditoro tse di itlhametsweng tseo le phapamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi “go nna mo go tlwaelegileng” go ya ka tlhagiso ya ga Jesu ka ga ‘boaka mo pelong’ kana kgakololo ya ga Paulo kgatlhanong le “thato ya kafa dikobong ya bopelotshetlha”? Nnya, ditoro tse di ntseng jalo tse di itlhametsweng le go ikgobolola—e ka ne e le ka mosha kana ka mogolo, ka motho yo o sa nyalang kana ka motho yo o nyetseng—di tshwanetswe go fenngwa.
Go Fenya Phoso Eno ya Kwa Bothokong
8, 9. Ke temogo ya mabaka afe e e ka thusang motho go kgaogana le mokgwa wa phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi?
8 Fa Mokeresete a ne a na le phoso eno ya sephiri, o ka dira eng go e fenya, “go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ.” (1 Bathesalonia 4:4) Ka Lefoko la gagwe, Modimo o re baakanyeletsa ka thuso e e molemo-lemo.
9 Santlha go botlhokwa go lemoga gore Jehofa o na le ditekanyetso. O phepafatsa bophoso jwa go tlhakanela dikobo kwa ntle le lenyalo, ebong boaka le kgokahalo. (Bahebera 13:4) Jalo he, fa re dumela gore ditsela tsa gagwe di re siametse, re tla batla dituelo tse di kgotsofatsang tsa tiriso ya kafa dikobong mo lenyalong fela. (Pesalema 25:4, 5) Buka Adolescence, ka E. Atwater, e supa gore mabapi le phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi, basha gantsi ba bontsha ‘tidimalo, ditlhong le boitlhobogo.’ Lebaka le lengwe leo le neelwang ke gore ‘katamelano ya kamano ya lorato eo e tsamaelanang mmogo le kamano ya bonna le bosadi ga e gone mo phaphamisong ya dirwe tsa bonna le bosadi.’ Ee, go na le bomosola mo go laoleng keletso ya kafa dikobong go fitlhelela e ka dirisiwa mo dikamanong tse di lorato tsa lenyalo.
10. Dingwe tsa dikgato tseo motho a ka di tsayang gore a ithuse go fenya tlwaelo eo ke dife?
10 Lefoko la Modimo le baakanyetsa ka thuso e e oketsegileng ka go gakolola le re: ‘Dilo tsotlhe tsa boammaaruri, dilo tse di tshwanetsweng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo; mme fa go na le molemo mongwe, mme fa go na le pako, lo gopole dilo tse.’ (Bafilipi 4:8) Ka phepafalo, ditshwantsho tse di tsosang keletso ya dikobo le dibuka tsa boitsholo jo bo sa siamang ga se dilo tse di ‘itshekileng le tse di bolelwang ka molemo kana tse dintle.’ Mme gantsi-ntsi tseno ke tsone tse di ipelelwang ke ba ba phaphamisang dirwe tsa bonna le bosadi. Mongwe le mongwe yo o ikemiseditseng go fenya phoso eno, o tshwanetse he, a tila gotlhe gotlhe dilo tse di ntseng jalo tse di tsosang keletso ya dikobo. Boitemogelo bo ile jwa supela gore fa dikeletso tsa motho di simolola go gogelwa mo keletsong ya dikobo ka tsela eo e neng ya re pele ya gogela mo goreng go dirwe phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi, go tlhoma mogopolo ka boikemisetso mo go se se molemo le se se itshekileng go ka ritibatsa dikeletso. Seno se botlhokwa-tlhokwa segolobogolo fa motho a le nosi kana a le mo lefifing, koo phoso ya sephiri ya boikgobololo e tlwaelegileng thata teng.”b—Baroma 13:12-14.
11. Tlhalosa dilo tse dingwe gape tseo di ileng tsa itshupa di le mosola mo go fenyeng phoso eno?
11 Thuso e nngwe gape ke go nna o tlhagafetse, tumalanong le tlhagiso e e reng: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula.” (Baefesia 5:15, 16) Ikopele dikakantsho kaga dilo tse di molemo tseo o ka di dirang mo Mokereseteng yo o godileng yoo o ka buang sephiri le ene. (Isaia 32:2) Ba le bantsi bao ba ileng ba fenya phoso eno ba dumela gore go itse ga bone gore Mokeresete yo o amegileng o tla bo a ntse a le gone go ba tlhola gore botswelelo jwa bone bo ntse jang go ne ga ba thusa go godisa boikgapo. Le gale, Ene yo o tshwanetseng goitse diphiri tsa rona yo o gautshwane thata ke Jehofa. Jalo he go botlhokwa-tlhokwa go retologela go ene ka thapelo, o senka thuso ya gagwe. (Bafilipi 4:6, 7) Fa mongwe yo o setseng a tsere lobakanyana a lwantshana le phoso eno a ka “kgopiwa,” o ka kopa Modimo gore a mo fe nonofo, go tswa foo a simolole gape go ntšhafatsa maiteko a gagwe mme gantsi o ka nna a atlega gape, le eleng ka lobaka lo lo leelenyana.—Bahebera 12:12, 13; Pesalema 103:13, 14.
Go Lwantshanya le Tiriso e e Sa Tshwanelang ya Tagi
12. Pono ya Mokeresete ke efe ka dino tsa tagi?
12 Temana nngwe ya Bibela e re: ‘Mofine o itumedisa Modimo le motho.’ (Baatlhodi 9:13) O ka nna wa dumelana, ka jaana dino tsa tagi di ile tsa thusa mo go lapoloseng le go nna motswedi wa boitumelo go ba le bantsi. (Pesalema 104:15) Lefa go ntse jalo, ke ba sekae fela bao ba ka latolang gore tiriso ya tagi e ka lere dikotsi mo mmeleng le mo boitsholong. Bothata jo bogolo ka tlhamalalo ke botagwa. Phoso eno e masisi mo e leng gore Modimo o tlhagisa gore matagwa a ka lelekwa mo phuthegong le go kganelwa mo Bogosing. (1 Bakorintha 5:11-13; Bagalatia 5:19-21) Bakeresete ba lemoga seno mme ebile ba dumalana gore ba tshwanetse go tila go tagwa. Mme, kwantle ga botagwa, ke jang tiriso ya tagi e ka nnang phoso ya sephiri?
13. Tshwantsha kafa go ikaega ka tagi go ka golang ka gone?
13 Mokeresete o ka nwa ka tekanyetso fela, mme gone a bo a nne le phoso e e masisi. Akanyetsa boitemogelo jwa monna yoo re tla mmitsang Pule.
Ene, le mosadi wa gagwe, le bana ba ne ba nna Bakeresete ba boammaaruri ba bile ba tlhagafetse mo phuthegong ya lefelo la bone. Fa go ntse go ya Pule o ne a tlhomiwa jaaka mogolwane mme a bo a lejwa jaaka ‘pilara’ mo diphuthegong tse di mo motseng oo. (Bagalatia 2:9) Ka mo go utlwalang, o ne a lebana le dikgatelelo tsa go godisa lelapa la gagwe le tlhobaelo nngwe mo go tlhokomeleng letsomane. (2 Bakorintha 11:28) Lefa go ntse jalo, tiro ya gagwe, e ne ya mo leretse kgagamalo e ntsi ka jaana khampane eo a neng a bereka mo go yone e ne e gola, mme mohiri wa gagwe a batla gore a dirisanye le mathata a le mantsi le diphetso.
Mo maitseboeng a le mantsi Pule o ne a le mo pitlaganong Mme a lemoga gore fa a ne a ka hupa gangwe kana gabedi o ne a tla thusega go lapologa. Legale, ka go bo a ne a le Mokeresete yo o godileng o ne a tila ka kelo tlhoko go nwa ka mo go feteletseng kana botagwa. Lemororo a ile a nwa go sekae go intsha tsapa mo maitseboeng, o ne a sa tlhoke tagi mo motshegareng, lefa e le go nwa fa a ntse a ja dijo. O ne a sa itsege jaaka ‘motho yo o lemaletseng bojalwa.’—1 Timotheo 3:8.
Go sa lebelelwa Pule o ne a robadiwa mo sepatela go ariwa loaro lo lo tlwaelegileng Go ne go bonetse dikai dingwe tse di sa tlwaelegang. Di ne di tsetswe ke eng? Go ne ga seka ga tsaya badiri ba tsa kalafi lobaka go tlhomamisa gore Pule o ne a itemogela dikai tsa tlalelo. Ee, mmele wa gagwe o ne o setse o ikaegile mo taging. Seno se ne sa gakgamatsa lelapa, mme ba ne ba mo ema nokeng le go mo tshegetsa mo boikemisetsong jwa gagwe go tila tagi gotlhelele.
14. Ke eng seo se ka gogelang mo goreng motho a sotliwe ke dino tsa tagi?
14 Bangwe ba ikutlwa gore tagi e nnile le boemo jo bo sa tlwaelegang mo matshelong a bone, jalo ba leka go loba go nwa ga bone, ba sa batle gore ba lelapa le ditsala ba lemoge gore ba nwa go le kana kang kana gore ga kae. Bangwe ba ka nna ba se ka ba ikutlwa gore ba ikaegile ka tagi, mme gone go nwa go ne ga nna kgang kgolo mo letsatsing. Botlhe ba ba mo maemong ano a mabedi ba mo kotsing e kgolo ya go nwa ka mo go feteletseng mo pakeng nngwe kana go nna batlhapelwa ba ba fitlhegileng Akanyetsa seane seno: “Boyalwa yoa mofine ke moshotli, boyalwa yo bo loileñ ke phokelèlō; me leha e le mañ eo o timèlañ ka yōna ga a botlhale.” (Diane 20:1) Kgang ke gore go nwa ka mo go feteletseng go ka dira gore motho a itshware boganka le go nna boeleele. Lefa go ntse jalo, bojalwa bo ka nyenyefatsa motho ka tsela e nngwe. Motho o tshwanelwa ke go nyadiwa fa a akanya gore go nwa ga gagwe go fitlhegile mo Modimong.
15. Mafoko a ga Paulo go 1 Bakorintha 9:24-27 a lebagane jang le go dirisa tagi ga Mokeresete?
15 Lengwe la maungo a moya wa Modimo ke boikgapo, mme re lo tlhoka mo dintlheng tsotlhe tsa botshelo. (Bagalatia 5:22, 23) Paulo o ne a tshwantsha Mokeresete le motabogi. Mo lobelong lo lo tlwaeleging motabogi o “bontsha boikgapo mo dilong tsotlhe, (NW)” gore fela “a amogele serwalo se se bolang.” Ka mo go tshwanang, Mokeresete o tlhoka go bontsha “boikgapo mo dilong tsotlhe” e le gore a tle a bone tuelo e e kwa godimo—BOTSHELO. Paulo o ne a otlelela gore rotlhe re tshwanetse ra ‘baya mmele wa rona mo taolong’ go ‘tlhomamisega gore e seka ya re re sena go rerela ba bangwe mafoko a a molemo, rona ka rosi ra ganwa,’ jaaka ka phoso ya sephiri e e kopanyeletsang tagi.—1 Bakorintha 9:24-27.
16. Motho o ka tlhomamisa jang fa ele gore a tagi e fetogile phoso mo kgannyeng ya gagwe?
16 Ke eng seo se ka thusang Mokeresete go dirisana le phoso eno? Go a thusa go lemoga gore lefa monwi a ka lobela batho ba bangwe mokgwa wa gagwe, ga a o fitlhele Modimo. (1 Bakorintha 4:5) Ka gone, ka boikanyegi—mo matlhong a Modimo—motho o tshwanetse go akanya ka mekgwa ya gagwe ya go nwa. (Re raya go nwela boitumelo kana phelelo e e rileng, eseng fela selekanyo se se botlana jaaka seno se se tlwaelegileng gammogo le dijo.) Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba re, ‘Mme ga ke tlamege go nwa. Ke go ipelela fela; go a ntapolosa. Fa ke rata ke ka ithiba.’ Mme kana, ponong ya dikotsi tseo di ka nnang gone tsa go nwa mo go feteletseng kana go ikaega ka tagi, ke eng o sa dire jalo fela kgwedi kana tse pedi? Kana, ereka go na le tshekamelo e e maatla ya go latola gore bothata bo teng, fetsa maikutlo gore o tla tsaya kgwedi yotlhe o ithibile ka metlha yotlhe fa go nwa e le mo go tlwaelegileng. Ka sekai, motho yo gantsi a hupang morago ga tiro, pele a ka ya go robala, kana kwa maitisong o ka tila go dira jalo. Ka gone o ka kgona go sekaseka kafa a ikutlwang ka gone. Fa go le bokete, kana ‘a sa kgone le eleng go lapologa,’ o na le phoso e e masisi.
17. Ke ka baka lang fa Mokeresete yo o nang le phoso e e fitlhegileng e e kopanyeletsang tagi a tshwanetse go berekela gore a e fenye?
17 Fa Mokeresete yo o pelo-e-phepa a tla go lemoga gore o na le phoso fa pele ga Modimo e e kopanyeletsang tagi, go tla nna motlhofo go e fenya. O ka ne a setse a itse gore Bibela e bolela gore ke ‘motho yo o seeleele’ yo o akanyang gore ‘metsi a a utswiwang a monate, le senkgwe [kana tagi] se se jewang mo sephiring se a nateha.’ Lefa go ntse jalo, ba ba ntseng jalo, Diane di re, ba tla felela ba tuuletswe mo losong. Phapaanong le seo, motho yo o botlhale o rata kgalemelo, mme ka boitumelo ‘o tlogela ba ba sa tlhalehang mme a tswelele a tshela ka go tsamaya mo ditseleng tse di tlhamaletseng tsa tlhaloganyo.’ (Diane 9:1, 6, 8, 13-18) Ee, Modimo o baakanyetsa ka thuso e e oketsegileng go thusa go fenya diphoso tsa sephiri go itse seo se leng kwa pele, gore phelelelo e tla nna eng.
Modimo o Duela Ditiro tsa kwa Bothokong
18. Jaaka fa re fenya diphoso tsa rona tsa sephiri re ka tlhomamisega ka eng? (Diane 24:12; 2 Samuele 22:25-27)
18 Batho bangwe ba tshelela mo poifong ya gore ditsela tsa bone di tla lemogiwa, ke batho kana ke Modimo. A go se nne jalo ka rona. Go na le moo, a re tsheleng ka go lemoga gore ga re kake ra Mo fitlhela dilo dipe, “gonne Modimo o tla isa tihō ñwe le ñwe mo tshekoñ, le señwe le señwe se se shubegileñ, leha se le molemō kgotsa se le boshula.” (Moreri 12:14) A re amogeleng thuso ya ga Jehofa go fenya diphoso tsa rona, le eleng tse di fitlhegileng Mme he re ka kgona go leba nakong eo fa “dilō tsa lehihi tse di hitlhilweñ” di tla tlang mo leseding le “dikgakologèlō tsa dipelo” di bonadiwa. “Me hoñ motho moñwe le moñwe o tla bōna pakō ea gagwè mo Modimoñ.”—1 Bakorintha 4:5; Baroma 2:6, 7, 16.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Mathaio 17:14-18, Mareko 9:17-24, le Luke 9:38-43 di notsha gore go tsenwa ke ledimona ke gone goneneg ga dira boemo jwa gagwe jalo. Bibela e dira phaologanyo magareng ga leebana leno le je le dirwang ke dilo tse dingwe tsa tlholego.—Mathaio 4:24.
b Fa gongwe fa motho a ntse a robetse mmele o nna le tlhapologo ya kafa dikobong e e sa ikaelelwang. Eo go diragala ga yone ga tlholego go sa tshwaneng le boikgobololo jo motho a ikutlwang.
A O A Gakologelwa?
◻ Modimo o ikutlwa jang ka diphoso tsa sephiri tseo re ka neng re di lwantsha?
◻ Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e supang gore go ikgobolola go tshwanetse go tilwa?
◻ Mokeresete o ka fenya jang mokgwa wa go ikgobolola?
◻ Ereka Bibela e sa nyatse tiriso ya tagi, tiriso ya yone e ka nna phoso ya sephiri jang?
◻ Ke dikgato dife tse di botlhale tseo di ka tsewang mo go dirisaneng le phoso ya sephiri eo e kopanyeletsang dino tsa tagi?
[Lebokoso mo go tsebe 17]
O Ne a Fenya go Ikgobolola
JAAKA LEKAWANA, C——— o ne a na le maikutlo fela a a tlwaelegileng a kata dikobong mme gape o ne a na le bothata. Go tlogeng fa a ne a na le dingwaga tse 13 o ne a nna le mokgwa wa go ikgobolola, gantsi mo sephiring fa a le mo kamoreng ya gagwe. O ne a go tlhabelwa ke ditlhong mme a ikutlwa gore go ne go sa utlwise ope botlhoko.
Nakong ya fa a le dingwaga tse 19, tlwaelo e ne e setse e tseneletse kwa teng Mo pakeng nngwe C——— o ne a ipolela mo moruting wa gagwe, mme o ne a bolelelwa gore lemororo go le phoso, go ne go se masisi thata. Fa C——— a sena go tsenelela bosole, o ne a seka a nna mo bothokong thata. Jalo he, e ne e se gantsi a ineelang mo go ikgobololeng. moo, tota, go bileng go ne go bontsha gore mokgwa wa gagwe pele e ne e se ka ntlha ya kgotelo e e sa laolesegeng
Fa a sena go tlogela bosole, C——— o ne a boela gae. O ne a simolola go reka dimakasine tsa mekwalo ya diaka mme fa a sena go gotediwa ke tseno, a bo a bile a boela mo ditseleng tsa gagwe tsa pele. Fa a sena go nna a le nosi, go ne go le motlhofo gore a bone dikwalo tse di gotetsang kafa dikobong Gantsi o ne a iphaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi ka makgetlo a le mmalwa ka letsatsi.
Go tswa foo a simolola go ithuta Bibela le modihedi wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a tla go ithuta ka ga pono ya Modimo ka boitsholo jo bo sa siamang, C——— o ne a ikutlwa a tlhwajwa ke ditlhong go ka reka dilo tsa mekwalo ya diaka, mme a batla go kgaogana le mokgwa wa go ikgobolola. O ne a leka. Mme morago ga beke kana tse pedi o ne a ikutlwa a pitlagantswe ke keletso ya dikobo, mme a eme fa go rekisediwang dikoranta gona. mme a gotediwe ke dikwalo tseo tse di senang boitsholo jo bo siameng Fa a sena go boela gae, o ne a ikutlwa ka gore ereka jaana a setse a paletswe, o ne a ka nna a fetela kwa pele. Morago, a tlelwe ke tshwabo e kgolo. A o ne a se ketla a kgona go ikgaoganya le mokgwa ono o o bosula?
Kgabagare C——— o ne a bua le mogolwane wa semoya mo phuthegong Modihedi yono o ne a le kutlwisiso mme a mo thusa gore a lebe dintlha tseo di thailweng mo Bibeleng tseo di tla mo thusang go tokafatsa boikgapo jwa gagwe. Modihedi o ne a tlhalosa gape a re:
‘A o ke o tseye keletso ekete ke keetane. Tomagano ya ntlha e nnyennyane mme ebile e bokoa. Mme fa ditomagano di ntse di tlhomagana di nna di ntse di nna dikgolwane le go tia. Go ntse fela jalo ka ditlhotlheletso tse di gogelang kwa phaphamisong ya dirwe tsa bonna le bosadi. Jalo o tlhoka go emisa kgotelo ka bofefo jo bo ka kgonegang Fa e ntse e diega, keletso ya gago le yone e tla gakala. Kgabagare e tla pala go ka ema. Ee, leka go kgaola keetane mo tomaganong ya ntlha. Fa o setse o utlwa tlhotlheletso e tla DIRA SENGWE! Ema mme o fetole boemo jwa gago, pholetšha ditlhako tsa gago, e ya go tsholola matlakala—sengwe le sengwe fela go kgaola tomagano. O ka nna wa simolola go balela sengwe kwa godimo. jaaka Bibela kana kgatiso nngwe ya Bokeresete eo e tla gogelang megopolo ya gago mo dintlheng tse di phepa.’
Modihedi yono o ne a botsa C——— kwa dipokanong gore dilo di ne di tsamaya jang, ka metlha a mo akgola le go mo kgothatsa mo boitlhomong jwa gagwe. Go ne ga feta dibeke di supa C——— a ntse a atlega. Mme gape, ta a tlaletswe mme ebile a kgobegile marapo ka ntlha ya bothata jo bongwe, a ineela gape, a reka dibuka tse di tsosang kgotelo. Seo sa gogela mo poelong-morago Ditiragalo tse di ntseng jalo di ne di busetsa kwa morago, mme modihedi a mo tlhotlheletsa gore a tswelele a kgaratlha. Ka bonya mabaka a nna a lelefala go ya go dibeke di le 9, go tswa foo dibeke di le 17, mme morago le eleng boleelenyana. Ka bonya ka bonya tsholofelo ya gagwe ya gola gore o tla lala a kgonne bothata jwa sephiri
Kgabagare C——— o ne a lebana le lebaka la gore Jehofa o ne a itse gotlhe mo a neng a go dira. Ka gone, fa a ne a batla go direla Modimo ka segakolodi se se phepa gotlhelele o ne a tla tshwanelwa ke gore a tlose tlwaelo eno gotlhelele mo botshelong jwa gagwe. O ne a dira jalo! Jaanong ga a gakologelwe le eleng gore e setse e le lobaka lo lo kana kang Jaaka Mokeresete yo o tlhomang sekao C——— o ile a neelwa boikarabelo bongwe mo phuthegong mme e bile o dira dithulaganyo tsa gore a oketse tirelo ya gagwe pakong ya Modimo. Ke motho yo o farologanyeng.