Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go simolola ka tokololo ya makasine ono, polelo e ntšha ka setlhogo se se fa godimo e tla bonala go Tora ya Tebelo.
MO DINGWAGENG tse tlhano tse di fetileng, go tloga ka March wa 1980, The Watchtower e ile ya tshola polelo ya ditsebe tse pedi e e nang le ditshwantsho e bong, “Lefoko la Modimo le Tshedile” gangwe ka kgwedi. Ka go dirisiwa ditshwantsho dingwe di na le mokwalo o o motlhofo go balega, dithuto tse dintsi le ditiragalo tse dintsi tsa Bibela di ne tsa tlotlwa ka tsela e e papametseng, ka mokgwa o o motlhofo go tlhaloganngwa Jaanong polelo e ntšha, e e tlotlomatsang botshelo jwa ga Jesu Keresete le bodihedi jwa gagwe, e tla tseela “Lefoko la Modimo le Tshedile” sebaka.
Mo ditsebeng tse pedi tse di latelang o tla bona karolo ya ntlha ya polelo eno e ntšha. Mo dikgweding tse di latelang di le mmalwa, o ka lebelela pele go amogela kgang e ntšha mo tokololong nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo. Ditlhogo tse disha tse di tlhomaganang di tla nna le sebopego se se tshwantshitsweng sentle, sa ditsebe tse pedi jaaka sa “Lefoko la Modimo le Tshedile.”
Go a tshwanela gore Jesu Keresete a tlotliwe ka tsela eno go Tora ya Tebelo, ka gobo Jesu o ile a nna le tlhotlheletso e kgolwane mo ditiragalong tsa setho go na le motho ope fela. Lefa go le jalo, se se leng botlhokwa bogolo thata, matshelo a dibilione tsa batho ba ditso tsotlhe le merafe a ile a solegelwa molemo fela thata fa a ne a tla go lemoga botshelo jwa gagwe le dithuto tsa gagwe.
Ka gongwe o setse o ile wa itse mo go golo ka ga Jesu le bodihedi jwa gagwe. A mme o itse sentle nako le lefelo la ditiragalo mo o ka kgonang go di nyalanya le go di gakologelwa botoka? Ka sekai, Jesu o ne a kgetha baaposetoloi ba ba 12 ba gagwe leng—a kwa tshimologong ya bodihedi jwa gagwe kana moragonyaneng fela thata‘? A e ne e le pele kana morago ga mosadi wa Mosamaria a sena go mo kgetholola jaaka Keresete? Mme o ne a le kae fa a ne a kgetha ba ba 12, kana a fepa ka dikgakgamatso ba ba 5 000, kana a neela Thuto ya mo Thabeng? Ereka polelo eno e ntšha e tla tlhatlhamanya polelo ya botshelo jwa ga Jesu le bodihedi jwa gagwe le go baakanyetsa ka diseting tse di bonalang sentle le kakgelo e e tlhalosang, e tla thusa go gatiseletsa ka mo go sa phimogeng mo tlhaloganyong ya gago ditiragalo tseno tse di sa lebalesegeng.
Polelo eno e tla thusa babadi ba Bibela ba lobaka o loleele gammogo le diithuti tse disha tsa Bibela, le batsadi fa ba ithuta le bana ba bone. Dipotso di a baakanyediwa ka boikaelelo jwa seno. A tsela e e molemo ya go itlwaelana le mosimolodi wa Bokeresete le dithuto tsa gagwe! O ka nna wa bonela pele ditsela tseo ka tsone o ka dirisang ditlhogo tseno mo go direleng lelapa la gago le ba bangwe. Gakologelwa, mongwe le mongwe tota o rata dipolelo, mme bantsi ba di ipelela ka sebopego sa go kgaosetswa fa ba amogela karolo ka go kgaosetswa nako le nako.
Ka jalo, go tloga fela kwa tshimologong ya kgang ya ntlha kgothaletsa ba bangwe go itepatepanya le polelo eno e e tswelelang. O tla elatlhoko gore ditsopolo tsa Bibela ga di a tsopolwa ka tlhamalalo gore o tle o tlhaloganye motlhofo, mme ka motswedi wa Bibela o baakanyediwa kwa bofelong jwa polelo nngwe le nngwe. Kgothaletsa go balwa ga ditiragalo tseno tsa Bibela. Ee, dirisa polelo eno e ntšha go Tora ya Tebelo ga molemo mo tirong ya gago ya go dira barutwa!