Boitumelo Ka Kamano E E Tlhokegang Thata
“NCA e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.” (Moreri 9:4) Ka mafoko a makhutshwanyane ao, Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a tlhalosa boammaaruri jwa motheo gore botshelo bo botlhokwa go na le dithoto dipe kana mekgele epe e e gakaletsweng e re ka solofelang go e fitlhelela. Kwa ntle ga botshelo, ga re ka ke ra solegelwa molemo ke sepe sa dilo tseno. Ee, botshelo bo a tlhokafala mo go senkeng ga rona boitumelo.
Sengwe se se “Molemō Bogolo go Botshelō”
Lefa go ntse jalo, e re ntswa botshelo bo ratega, go na le sengwe se se leng botoka thata. ‘A seo se ka kgonega?’ O ka tswa o ipotsa. ‘Ke eng seo se ka rategang thata go na le botshelo ka bojone?’
Kgosi Dafide wa bogologolo wa Iseraela o ne a re neela karabo. Fa a ne a lebisa go Mmopi, ebong Jehofa Modimo, o ne a re ka kanaanelo e e boteng: “Gonne bopelonomi yoa gago yoa loratō bo molemō bogolo go botshelō; dipounama tsa me di tla gu baka.” (Pesalema 63:3) Mafoko a a tswang mo pelong a ga Dafide a bontsha gore go nna moamogedi wa bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo, joo bo theilweng mo go nneng le kamano e e molemo le ene, ke mo go rategang segolo-bogolo go na le eleng botshelo ka bojone. Goreng seno se le jalo?
Se Se Dirang Gore Botshelo bo Kgonege
A re re gongwe o ne o filwe mpho, sengwe se o neng o se rata tota. Tota o ne o ka itumela fela thata go amogela mpho mme ka gongwe o bone boitumelo jo bogolo ka go e dirisa. Mme tota ruri, o ne o tla bo o tlhaela tebogo fa o ne o ka akanya fela ka mpho mme o sa akanye ka monei wa yone. A se se dirileng gore mpho e nne gone e ne e se kamano ya gago ya botho le monei wa yone? Fa e le gore kamano e e ntseng jalo e ne e se gone, go ka bo go se ka ga nna le mpho le gone go e ipelela.
Se se tshwanang se boammaaruri ka botshelo. E re ntswa bo ratega jaaka bo ntse, re tshwanetse go gakologelwa ko botshelo jwa rona bo tswang gone le kafa bo tshegediwang ka gone. Eleruri ga re a ka ra bo tlhola ka borona, lefa e le gore re ka bo tshegetsa ka borona fela kwa ntle ga dipaakanyetso tse di gakgamatsang tse Jehofa a di dirileng mo lefatsheng. (Pesalema 100:3; Ditihō 14:17) Lebaka la go bo re na le botshelo, mme kwa ntle ga pelaelo re a bo ipelela ka selekanyo se se rileng, ke tshupo ya bopelonomi jo bo lorato mo letlhakoreng la Mmopi yo Mogolo, Jehofa Modimo. A re ka se bone gore ke goreng Kgosi Dafide ka peloyotlhe a ne a ikutlwa gore ‘bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo bo molemo bogolo go botshelo’?
Go na le lebaka le lengwe la gore ke goreng go nna le kamano e e amogelesegang le Mmopi go le botlhokwa fela thata go na le go nna le botshelo—isagwe ya rona e ikaegile ka yone. A re boneng kafa seno se leng jalo ka teng.
A ga o dumele gore botshelo bo a fetoga mme bo tletse ka matshwenyego? Motho a ka bereka ka dingwaga tse dintsi e le gore a tle a fitlhelele mokgele mongwe wa dilo tse di bonalang o a o tsayang o le mosola fela thata. Lefa go le jalo, loso ka bofefo lo mo amoga sengwe le sengwe seo a ileng a se fitlhelela. Go ntse fela jaaka Kgosi Solomone yo o botlhale a rile: “Gonne motho oa ba a na le eñ mo letsapeñ ya gagwè yeotlhe hèla, le mo thekisegoñ ea pelo ea gagwè, mo o inaeañ letsapa ya gōna tlhatse ga letsatsi? Gonne malatsi a gagwè aotlhe ke mahutsana hèla, le thekisègō ea gagwè ke mahumapelo hèla; E, le eboñ mo bosigoñ pelo ea gagwè ga e ikhutse. Se le shōna ke boithamakō hèla.”—Moreri 2:22, 23; bapisa 2:3-11.
Go sa kgathalesege seno, ke boikaelelo jwa Mmopi wa rona yo o lorato gore botlhe bao ba mo ratang le go mo utlwa ba tla gololwa mo kakabalong le bolefeleng tseo re di fufulelang gompieno. Jehofa o re tlhomamisetsa tsholofelo eno ya gagwe e e gakgamatsang: “Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isaia 65:22.
A pontsho eno ya bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo ga e botoka thata go na le botshelo jwa rona jwa jaanong jo bo khutshwane jo bo mahutsana? Go nna moamogedi wa bopelonomi jo bo lorato jwa gagwe, ee, go tshela mo Thulaganyong e Ntšha le go ipelela botshelo jo bo tletseng ka boikaelelo le bokao eleruri e tla bo e le mokgele o mogolo fela thata go o lekela. Go iponela tebelelo eo e e itumedisang, motho o tshwanetse go gapa kamogelo ya ga Jehofa jaanong le go boloka kamano e e atamalaneng le ene le batho ba gagwe.
Kgatlhego ya Lobaka-Lokhutshwane e Bapisiwa le Mosola wa Lobaka-Loleele
Ka ntlha ya mabaka a a fa godimo, eleruri e tla bo e le go nna pono-khutshwane le go sa tlhalefa ka rona go tshwarega fela thata ka telekiso ya boitlotlomatso, go tuma, khumo, go ipatlela botshelo, go batla thutego, go ipaakanyetsa botshelo, kana sengwe se sele se se tsewang se le mosola mo tsamaisong eno ya dilo. E re ntswa mekgele eno ka boyone e ka tswa e se phoso, go lelekisa ope wa yone jaaka selo se se botlhokwa bogolo go ka tswa go ka re dira gore re tlhokomologe maikarabelo a rona pele ga Mmopi wa rona. Kgabagareng, re ka nna ra latlhegelwa ke kamogelo ya gagwe mme ra palelwa ke go bona “botshelō yo eleñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:19; Luke 9:24.
Go tsaya tsela e e ntseng jalo go ka tshwantshiwa le mosimanyana yo o ka tlogelang sekolo mme a ya go bereka jaaka leibara e e sa itseng sepe e le fela gore a bone madi a a ka rekang sengwe. O ka nna a ikutlwa gore o gololesegile gotlhelele mo dithibelong tsa sekolo mme o na le nako e e monate. A mme ga a ikamoge molemo wa lobaka lo loleele fela ka ntlha ya kgatlhego ya lobaka lo lo khutshwane e e belaetsang? Ka mo go tshwanang he, a motho ga a pono-khutshwane fa a tlhokomologa kamano ya gagwe le Mmopi ka go bo a tshwaregile thata mo go lelekiseng mokgele mongwe wa botho?
Lefa gone rotlhe re nna re ntse re tshwaregile, gantsi re kgona go bona nako le nonofo go dira dilo tseo eleruri re di bonang di le botlhokwa, a gago jalo? Ka gone, ka kutlwisiso e e sa tlhaeleng ya tlholego ya motho, Jesu ka tsepamo o ne a supela gore: “Gonne kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.”—Mathaio 6:21.
Ka jalo ke “khumo” ya mofuta ofe e o e tlhomileng mo pelong ya gago? Go tsabakela le go nyedima ga lefatshe go ka bonala go kgatlha tota. Mme ipotse: Melemo eno e go tweng ke e e bapetsweng ka dilo tsa go nna jalo e tsaya lobaka lo lo kae? A di tlisa boitumelo jwa boammaaruri kana menate ya nakonyana fela, jaaka seokobatsi, seo se tlogelang sedidi se se sa eletsegeng kana se se botlhoko morago ga foo?
Dira Tlhopho e e Botlhale
Go na le thuto e e molemo e e ka ithutiwang mo bathong ba motlha wa ga Lote. “Ba ne ba ya, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhōma, ba aga,” Jesu o ne a rialo. Ka mantswe a mangwe, ba ne ba tshwaregile ba dira sengwe seo ba neng ba se tsaya se le botlhokwa, kwa ntle ga go sekegela tsebe thata thato ya Modimo. Matswela? “Me ka letsatsi yeuo hèla, ye Lote o duleñ mo Sodoma ka yeōna, ga na molelō le sulefera mo go cwañ legodimoñ, me ga ba laila botlhe hèla.” Go tswa foo, tsholegelong molemo ya rona, Jesu o ne a oketsa ka gore: “Go tla nna hèla yalo mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna.”—Luke 17:28-30.
Ditshupo tsotlhe di re bolelela gore “letsatsi yeuō” le godimo ga rona. Ka go amega ka molemo wa rona wa bosakhutleng, Jehofa Modimo o ile a ntsha ditlhagiso tse di boaboediwang ka Lefoko la gagwe le ka batho ba gagwe ba ba rulagantsweng mo merafeng yotlhe. Taletso ke go boela morago ka ditelekiso tsa bogagapa mme go letlanwe le ene. Go ka se nne botlhale eleruri ka rona go tlogela dikgatlhego tsa rona tsa botho go gapa nako yotlhe ya rona le nonofo, mo eleng gore re tla palelwa ke go arabela pitso eno ka lorato. Go na le moo, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a e baya, re tshwanetse ra lemoga go potlaka ga metlha: “Bōna, yanoñ ke motlha o o lebosègañ; bōna, yanoñ ke letsatsi ya polokō.”—2 Bakorintha 5:20; 6:2.
A o tla nna gareng ga bao ba tla segofadiwang ka tebelelo eno e e itumedisang ya go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo go tsena mo Thulaganyong e Ntšha ya tshiamo e e solofeditsweng ke Modimo? Seo se ikaegile ka seo o se tsayang se le botlhokwa thata mo botshelong jwa gago jaanong le ka seo o se dirang go bona kamano e e amogelesegang le Modimo. Tlhopho ke ya gago!
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Fa o leboga monei wa mpho . . .
. . . go tweng ka monei wa mpho e kgolo fela thata, Jehovah Modimo