LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 1/1 ts. 3-4
  • Ke Eng Fa Go Buiwa Thata Jaana Ka Hara-Magedona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa Go Buiwa Thata Jaana Ka Hara-Magedona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ntwa ya Haramagedona ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Haramagedona—Bangwe Ba re Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 1/1 ts. 3-4

Ke Eng Fa Go Buiwa Thata Jaana Ka Hara-Magedona?

“HARA-MAGEDONA”​—leina leno le le mo Bibeleng le kaya eng? Le supiwa nako nngwe le nngwe mo khabareng e e bonalang sentle, go tla nna le tlhomagano ya ditihogo tse di rutang tseo di tla supiwang mo ditokololong di le nne tsa Tora ya Tebelo ya January le February, 1985. Go solofelwa gore dipuisano tseno tsa Dikwalo di tla go gomotsa ka kitso ya gore HARA-MAGEDONA tota tota ke eng.

“Nna ka nosi, ke gopola ka baperofeti ba lona ba bogologolo mo Testamenteng e Kgologolo le ditshupo tseo di bolelelang-pele ka Hara-Magedona, mme ke be ike ipotsa gore​—a jaana re se lone losika loo Io tla bonang seo se diragala.”​—Ronald W. Reagan, tautona wa United States, October 18, 1983.

“Tshenolo gompieno ga se tshwantshetso fela e e mo Bibeleng mme e nnile kgonego tota ya mmannete. Ga go ise go ko go diragale gope pele mo botshelong jwa motho go bo re ile ra nna fela mo losing lwa kudumedi le phalolo.”​—Javier Perez de Cuellar, mokwaledi-mogolo wa Merafe e e Kopaneng, June 8, 1982.

“HARA-MAGEDONA” e setse e le yone puo fela mo lefatsheng Lefoko leno le le utlwalang le kaya kotsi e e tlang le ntse le utlwiwa gangwe le gape go tswa melomong ya baruti, bora-dipolotiki, baeta-pele ba mafatshe, bora-masole, baitseanapeng, mme le eleng go ba tsa itsholelo. Mo United States fela, lefoko Hara-Magedona le fitlhelwa mo ditlhogong tsa dibuka di ka nna 15 tseo di ileng tsa anamisiwa ka 1983. Le ile la nna namane e tona ya kgang mo dibukeng tse dingwe tse dintsi, dingwe tsa tsone e le tseo di ileng tsa rema ka dimilione.

Go ka nna ga bonala ekete go a gakgamatsa go bo lefoko leno le ile la tlhatlogela godimo thata jaana ka go itsege thata, ka go bo jaana tiriso ya ntlha e e kwadilweng ya lefoko Hara-Magedona e fitlhelwa mo Bibeleng​—mme koo le dirisiwa gangwe fela. (Tshenolō 16:16, King James Version) Lefa go le jalo baruti ba ka se ke ba ikaye fa e le bone fela ba ileng ba dirisa lefoko leo. Ka bo 1800 lefoko Hara-Magedona le ne la simolola go dirisiwa ka tsela e nngwe gape e e seng ya Bibela. Lefa go ntse jalo, e ne ya nna fela go fitlhela masimologong a bo 1900 “Hara-Magedona” le ileng la dirisiwa ka go tshwana fela le “kgatlampolo nngwe le nngwe fela e kgolo” kana “thulano ya bofelo-felo.”

Fa e sale go tloga nakong eo lefoko Hara-Magedona le ile ka bonya ka bonya la tsenelela mo tirisa-mantsweng ya ditlhopha tse di farologaneng tsa mefuta ya ditiro, nngwe le nngwe e le bitsa ka mofuta o o farologaneng wa bokao. Ka 1912, Theodore Roosevelt, fa a ne a ipapaletsa go ka tlhophiwa gape jaaka tautona wa United States, o ne a dirisa lefoko leno ka tsela ya sepolotiki. O ne a ikgantsha a re: “Ka pelo e e tiileng le matlho a a bonang sentle, re eme mo Hara-Magedona mme ebile re tlhabanela Morena.” Roosevelt o ne a fenngwa mo tlhabanong eo ya sepolotiki ya go ka tlhophiwa gape.

Mo metlheng ya jaanong ke ka ntlha ya seemo se se maswe sa ketsaetsego go bo go na le puo e e kana-kana kaga Hara-Magedona: matshosetsi a nyeletso ya nuklea ya lefatshe lotlhe, mariga a maleele a nuklea ka go thaisololwa ga dibolao tseo tse di boitshegang, ntwa e kgolo kwa Botlhaba Gare, kana go kgautlhana ga tshoganyetso ga metheo ya lefatshe ya itsholelo. Ka gone, lefoko Hara-Magedona le ntse le tlhagoga gompieno le e leng mo mafelong ao a neng a sa lebelelwa gotlhelele:

◆ Baesekopo ya ditshwantsho tsa metshamekwane e e tsayang nako e telelenyana ya Majapane ya setlhogo se se reng “Hara-Magedona mo Kiohijoji” e bontsha ditshwantsho tsa metshamekwane tseo di emelang molemo le bosula, di le mo ntweng go ya fela kwa bokhutlong.

◆ Naledi e go tweng Halley’s Comet eo e lebeletsweng go bonala ka 1986 e ile ya dira gore Frankfurter Neue Presse e bo e bue ka go re “e ka nna le yone gape ya bolelela-pele kaga Hara-Magedona” go bao ba dumelang mo botlhodingm

Mme ga go epe ya tseno e e leng Hara-Magedona. Gompieno go na le mafoko a mangwe gape a a utlwalang a a bolelang kaga Hara-Magedona​—ke ao a ntseng a nonofela kwa pele mme a utlwadiwa ke batho ba ba ka fetang dimilione tse pedi le halofo. A o a utlwile? Ka go reetsa mafoko ano, ga o na go ithuta fela seo Hara-Magedona e seng sone, mme se se botlhokwa go feta, gore tota e raya eng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela