LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/15 ts. 4-6
  • A Batho Ba ka Tlisa Tharabololo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Batho Ba ka Tlisa Tharabololo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dikgolagano Dia Tlhomama?
  • Popego ya Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang
  • Isagwe ya Bana ba Rona e e Itumedisang
    Tsogang!—1997
  • Ntwa ya Nuklea—A e Ka Tilwa?
    Tsogang!—2004
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Bogosi jwa Modimo—Pheko ya Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/15 ts. 4-6

A Batho Ba ka Tlisa Tharabololo?

GO TLOGA kgale jaaka hisetori e bontsha, dikgolagano di nnile tsa rojwa ka metlha ka ntlha ya go rata dikgatlhego tsa bogagapa tsa bomorafe. Go feta moo, ga dia ka tsa thibela ntwa.

“Fa e sale batho ba ipopa ka ditlhopha tsa ditso, dikgolagano tsa kagiso di ne tsa tsamaisana gammogo le ntwa. Lefa go ntse jalo dikgolagano tse di ntseng jalo tsa kagiso ke tsietso ka go sa itse di pataganngwa le kagiso fa di seo le ntwa. Seno se ne sa dira gore baakgedi bangwe ba akgele ka gore ereka ntwa e nnile kotsi jaana, re akanya gore go ikaega ka dikgolagano go tla e thibela. Lefa go ntse jalo, mo bokhutlong seno se itshupa e se one motheo. Ntwa ya Nuklea e tla nna bodiphatsa, mme ke fela maitemogelo a hisetori e leng kaelo mo goreng dikgolagano di tla fedísa ntwa,” go kwadile jalo Laurence W. Beilenson mo bukeng ya gagwe ya The Treaty Trap.

A Dikgolagano Dia Tlhomama?

Pego ya hisetori e bontsha gore dikgolagano ga di thibele ntwa. “Merafe yotlhe e nnile ya sekamela mo go robeng dikgolagano,” go buile jalo Beilenson. Mme gone le fa bao e leng baagi fela ba ka patelediwa katlholo ya kgotla-tshekelo kgatlhanong le go roba tumalano mo morafeng wa bone, eno ga se kgang e e tshwanang lefa dikgolagano magareng ga merafe di tlolwa. Ntwa e ka lejwa jaaka sediriswa se se mosola sa go siamisa.

Le eleng lekgotla la melao ya merafe-rafe ga lea kgona go rarabolola dikgotlhang le go boloka kagiso ya lefatshe. Kgotla-tshekelo ya tshiamo ya merafe-rafe (Kgotla-theo-molao ya Merafe e e Kopaneng, eo gantsi go lebisiwang go yone jaaka kgotla-tshekelo ya Lefatshe), ka sekai, ga e ne e pateletsa dikatlholo tsa yona. Mo boemong jwa seo, e itshetlegile ka maikutlo a lefatshe le seo ba se dumelang. Merafe e mentsi e ne ya gana go amogela katlholo ya kgotla-tshekelo jaaka e e pateletsang go rarabolola dikgotlhang. Mme go ya ka melao ya kgotla-tshekelo ya lefatshe, morafe o ka gana katlholo ya yona ka go tlhalosa seno pele ga fa kgang nngwe e ka tseelwa kwa kgotla-tshekelo.

Se se oketsang bothata jono ke ntlha ya gore merafe e tlhokometse ka mo go kgethegileng dikgang tseo di tla amang bolaodi jwa tsone. Ka gone, ba tlhokomela segolo thata fa ba dira dikgolagano, gantsi ba di dira ka mokgwa o o tla ba letlelelang go ipata fa go ka direga gore bolaodi jwa bone bo lekanyediwe. “Gangwe le gape dikgolagano di dirwa ka tsela e e sa tlhamalalang,” go kwadile jalo go The Encyclopedia Americana. “Melao ya go ranolela e mentsi”. . . lefa go ntse jalo ga gona mokgwa o o amogelwang ka kakaretso wa tiriso epe e e tshwanetseng ya yone. . . Ka gone dikgaogano di tlhaga mabapi le tlhaloso e e tshwanetseng ya one, mme thebolo ya go tlola dikgolagano e tletse gotlhe.” Jaaka Charles de Gaulle, yo ikileng ya bo e le moperesidente wa Fora, o kile a bua jaana: “Dikgolagano di tshwana le meroba le malomo. Di tlhomama fela fa di santse di le gone.” Ka gone, fa re tsopola go Les Orientales, ya ga Victor Hugo o okeditse ka gore: “Au! goa swabisa go bo ke bona basetsana ba bannye ba swa jaana.”

Popego ya Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang

Go ne ga bolelwa kgale mo Bibeleng gore motlha wa rona o tla bo o laolwa ke batho ba ba ikgodisang, bao ba leng bogagapa ba ba sa batleng go dumela kana go dira tumalanong le mafoko a bone. Go 2 Timotheo 3:1-5 re bala jaana: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.”

‘Metlha ya bofelo’ e simoletse mo lekgolong leno la dingwaga—ka 1914, ka ntwa ya ntlha ya lefatshe—mme e ne ya tswelela go fitlhela mo motlheng ono. Bonnete jwa boperofeti jwa Bibela bo ne jwa nitamisiwa ka tlhomamo ke pego ya hisetori. Ba tshositswe ke bosetlhogo jwa Ntwa e Kgolo, jaaka e ne e bidiwa ka nako eo, merafe e ile ya leka go dira dikgolagano tseo di neng di tla thibela ntwa e nngwe ya dikgotlhang tse di ntseng jalo. Pele ga ntwa go ne go sena le e seng kgolagano e e tlosang ntwa mo lebopong kana mokgatlho ope o o ikaeletseng go pateletsa kagiso. Jalo baeteledipele ba lefatshe ba ne ba bona go tlhokega go kgothaletsa ditumalano magareng ga merafe gore e dire seo go tlhomamisa kagiso ya lefatshe.

Kgolagano ya Merafe e ne ya solofetsa gore maloko a merafe a tla tshegetsana le go sireletsana le gore a ne a se kitla a ya ntweng, ntle lefa ba itshireletsa, mme morago ga go neela kgotlhang ya bone go lekgotla la kgolagano go rarabolola bothata ba tla letlelela nako ya go baa marumo fatshe e e kana ka dikgwedi tse tharo. E ne ya tsena tirisong ka 1920. Dikgolagano tsa Locarno, di ne tsa tsenngwa tirisong ka 1926, moo tuduetso e e jaaka “phenyo ya kagiso le polokesego” e neng ya utlwala gareng ga merafe ya Europa. Tumalano ya Paris, eo e itsegeng gape jaaka Kellogg-Briand Pact, e phatlhaladitse ka “go boela gape ntweng.” E ne e tla nna tumalano ya ba bantsi eo e neng e letleletswe go amogelwa ke merafe yotlhe. E e kileng ya phatlhalatswa pele ka 1929, e ne ya saenwa ke merafe e le 63 e e ileng ya dumalana gore e tla fedisa dikgotlhang tsa bone fela ka “tsela ya kagiso.” Bontsi jwa dikgolagano dingwe bo ne jwa tsena tirisong ka nako eo, mme tsa dira gore ba bantsi ba akanye gore ntwa e tla nna selo sa nako e e fetileng. Mme ga go aka ga tsaya lobaka lo lo leele merafe eo e bo e kopanetse mo ntweng e nngwe gape ya lefatshe.

Jalo he, a batho ba ka tlisa kagiso? Pego ya hisetori le ditiragalo tsa lefatshe gompieno di araba ka gore Nnya! Jaaka mokwadi Beilenson a sobokantse ka gore: “Morago ga tshenyo ya Ntwa ya Lefatshe I, banna ba puso ba ne ba dira dikgolagano tse dintsi tsa kagiso tse di fetang tseo di neng di kile tsa rulaganngwa pele. E sale go tloga ka nako eo ga dia ka tsa thibela maikutlo a go tlhokomologa dikgolagano jaaka mo nakong epe ya hisetori kana tshenyo ya Ntwa ya Lefatshe II, kana dintwa tse dingwe tse dinnye. Go sa kgathalesege kgolagano ya Merafe e e Kopaneng, merafe e ne ya nna e kgaogane.”

Gompieno, jaaka Bibela e ile ya bolela ka setho “e le ba ba sa itshwareleñ” ga gona kgolagano ya kagiso eo e akaretsang mme matshelo a lefatshe a mo boemong jwa poifo. A seno se kaya gore ga gona tsholofelo epe mo dipakeng tsa rona tse di tlhokofatsang? Fa e le gore go na le pheko e ikaegile ka eng?

[Setshwantsho mo tsebe 5]

“Dikgolagano . . . di tlhomama fela fa maemo a letla”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela