LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 11/15 ts. 3-4
  • Motlha wa Rona o o Senang Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlha wa Rona o o Senang Tsholofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 11/15 ts. 3-4

Motlha wa Rona o o Senang Tsholofelo

MOITHUTI mongwe yo mosha wa kholetšhe o rile: “Ke ne ke ka rata go bona lefatshe le le mo kagisong mo botshelong jwa me, mme kea itse gore se ke toro fela ka ntlha ya kilano yotlhe e e mo lefatsheng.” A le wena o ikutlwa ka tsela eno? A boemo jwa lefatshe bo lebega bo sena tsholofelo go wena?

Pono e e sa solofetseng jalo ga e ikgopolelwe fela. Maemo mo lefatsheng a tlhokofatsa go tswa mo diponong tse di farologaneng. Go nna gone ga motho goa bopelwa. Moya wa lefatshe, dijo le metsi di kgotlelwa ka lobelo lo lo boifisang. Maemo a itsholelo a senyegela pele mmogo le go oketsega ga bokebekwa, di boloka ba bantsi mo poifong ya ka metlha ya matshelo le dithoto tsa bone. Khuduego le kgatelelo tsa lefatshe di ka se lekanngwe le sepe.

Se se bileng se tsentse tsebetsebe go feta ke matshosetsi a tshenyego ya nuklea e e akgegang jaaka seru godimo ga lefatshe jaaka dintwa le ditsuololo di tswelela pele go sena tshupo epe ya go kokobela. Fa a bua ka go tlhoka tsholofelo ga ba le bantsi, moithuti mongwe o ile a re: “Go lebega go sena sepe se motho ka bongwe a ka se dirang gotlhelele ka ga kganetsano ya ntwa ya nuklea.”

Le eleng fa go nyelediwa ke nuklea go ka faposiwa, go nna gone ga motho go tla bo go le mo kotsing ka ntlha ya bontsi-ntsi jwa batho. “Palo ya batho ba lefatshe lotlhe e gola ka mo go boitshegang le ka selekanyo se segolo thata mo eleng gore ka ngwaga wa 2000—dingwaga di le 16 fela go tloga gompieno—lefatshe, ka dibilione tsa lone tse di ntseng di oketsega, ga le ne le kgona go ka ntsha dijo le lookwane tse di lekaneng, go sa buiwe ka ditiro tsa boitshediso, matlo, thuto le tlhokomelo ya boitekanelo,” ga bega jalo makasine wa Parade. “Mme gore go tla diragalang mo bogareng jwa lekgolo la dingwaga la bo-21 (fa bana ba ba tsholwang mo lesomeng leno la dingwaga ba tla bo ba atamela botsofe) go emisa mogopolo.”

Dimilione di setse di swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya seemo se se boifisang sa dijo se se leng gone mo dinageng tse dintsi tsa Mafatshe a a Fatlhogang a le mantsi. Ramatlhale kwa U.S. Census Bureau’s Center for International Research a re: “Kwantle ga gore merafe yotlhe e tseye kgato ka potlako go laola palo ya batho, ke bona ditsamaiso tsa mebuso di phatlalala.” Se se bonelwang pele, gammogo le phokotsego ya ditsa-botshelo, ke go anama ga tlhaelo-dikotla le bolwetsi, dikhudugo tse di kgolo, tlala e kgolo, borumolano jwa naga le eleng dintwa.

Lefa go ntse jalo, go oketsega ga letlhoo la motho le bogagapa di hupetsa tsholofelo epe ya gore batho ba ka rarabolola mathata le dipharologanyo tsa bone ka tlhaloganyo le ka kagiso. Molao wa boganka o a rena ereka thubakanyo e nna tsela e e tlwaelegileng ya go ntsha dingongorego, tse eleng tsa tota kana tse di ikgopolelwang. Melemo e e “siilweng ke nako” ya bokaulengwe—go amega le go tlotla ba bangwe—go bonala e batla e se teng gotlhelele mo lefatsneng la rona la gompieno. Eleruri, jaaka Bibela e boleletsepele, go na le “pitlaganō ea merahe, . . . ; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Luke 21:25, 26.

O ka nne wa re, ‘Mme ka mo go tlhomamisegileng, ereka banna ba ba godileng ba bona poitshego e e tla tlogang e diragala ya dipaka tsa rona tse di tlhokofatsang, ba ka dira ditumalano tsa go tlhomamisa gore lefatshe le nne le kagiso le tshegofalo.’ Lefa seno se ka eletsega jang, a mme ke tsholofelo ya mmatota? Pego ya ditiragalo e bontshang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela