“U Se Ka Ua Ikgogona Lecōgō”
Ka go utlwa taelo ya ga Jesu Keresete ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi,” Basupi ba ga Jehofa ba etela baagelani ba bone ka metlha. (Mathaio 24:14) Ba bangwe baa reetsa ebile ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi. Ba bangwe ga ba o rate. Lefa go ntse jalo, Moreri 11:6 e re gakolola ka gore: “Mo moshoñ u yalè peo ea gago, me mo maitsiboeeñ u se ka ua ikgogona lecōgō: gonne ga u itse e e tla tlhōmamañ, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tla nna molemō coopedi tsa chwana hèla.”
Go ka nna le matswela a a molemo mo go jaleng peo ya Bogosi ka metlha mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a fuduga mo motseng wa Hamilton mo Canada go ya Minneapolis, Minnesota, kwa United States. Koo o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa fa ba ntse ba tsamaya ka tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. O kwala jaana:
Go Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Hamilton:
Leno ke lekwalo la botlhe bao ba supang mo Hamilton. Mo dingwageng tse dintsi ke bone ba bantsi ba lona mo bodiheding jwa lona. Le jetse peo e ntsi mo botshelong jwa me mme ke lo leboga lotlhe. Fa ke ne ke fudugela kwa Minneapolis, mo ngwageng o o fetileng, Basupi ba bangwe ba babedi ba ne ba nketela gape. Ka nako eo ke ne ke ikemiseditse. Ke ne ke itse gore malatsi a lona mo tirelong a ka nyemisa mooko, ka lone lebaka leo ke batla gore lo itse gore lo ne lwa ama pelo ya bobotlana nku e le nngwe. Lo thusitse go tshela motheo oo ba bangwe ba neng ba ka aga mo go one. Ke tshwarelwa thuto ya Bibela gabedi ka beke, mme ke santse ke na le dilo di le dintsi tse ke tshwanetseng go di ithuta.
Nka le itsise gore botshelo jwa me jaanong bo tladitswe ka mogopolo o o nang le boikaelelo joo bo neng bo seo pele.
Ke lo leboga lotlhe.
Laurie M.