Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tshegetsa Tumelo ma Lelapeng le le Kgaoganeng
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go di ha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka le ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) Mo lefatsheng lengwe la Botlhaba, ‘go nnela ruri’ mo dithutong tsa Bibela go ne ga felela ka masego a magolo go Mrs. L—— morago ga gore a fetoge mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Mrs. L—— gammogo le monna wa gagwe ba ne ba godiseditswe mo malapeng a Ba-Hindu. O ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ka 1959, mme morago ga go ithuta Bibela le bone, o ne a amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Morago o ne a rerela moñ na wa gagwe le bangwe ba-losika. (Bapisa Yohane 1:40, 41.) Monna wa gagwe o ne a seka a bontsha kgatlhego epe, mme mongwe wa basetsana kwa gabone ebong R—— o ne a ithuta le ene. Ka 1961 ba ne ba kolobediwa boobabedi e le go tshwantshetsa boineelo jwa bone go Jehofa. Fa bana ba ga Kgaitsadi L—— ba ntse ba gola, o ne a ba ruta le go ya le bone kwa dipokanong. Fa morwadie yo mogolo, S——, a fetsa sekolo, o ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa, a kolobediwa, mme a nyalwa ke Mosupi. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ene le monna wa gagwe ba ne ba tsidifala mo semoyeng. Morwawe yo mogolo o ne a latela thuto e e kwa godimo mme gape a ikopanya le ba ba bosula. O ne a nyala mosetsana mongwe wa Mokatoliki mme a emisa go kopanela le batho ba ga Jehofa. Mo letlhakoreng le lengwe, morwadie yo monnye, morago ga go fetsa sekolo, o ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa mme a kolobediwa.
Kgaitsadi L—— o ne a nna a rerela balosika lwa gagwe. Ngwana yo mongwe gape wa mosetsana mo gabone o ne a kgatlhega mme monna wa gagwe o ne a mo ganetsa fela thata, le eleng go senya Bibela ya gagwe le dibuka. O ne a sa mo letle go tsamaya le bana ba gagwe ba bararo kwa dipokanong, mme o ne a ithuta le bone kwa gae. Fa nako e ntse e tsamaya le ene o ne a ineela le go kolobediwa, lefa moñ na wa gagwe a ne a ntse a mo ganetsa fela thata. Kgabagare, bana ba gagwe botlhe ba barare ba ne ba fetoga Basupi ba ba ineetseng le go kolobediwa.
Ka nako eo, Kgaitsadi L—— o ne a tswelela go nna a ntse a rerela balosika lwa gagwe. Fa a ne a bua le kgaitsadie le mosadi wa gagwe, kgaitsadie o ne a se ka a kgatlhega, mme mosadi wa gagwe o ne a reetsa. Morago ga go nna le kitso e e lekaneng ya Bibela, o ne a ineela go Modimo mme a tshwantshetsa sena ka kolobetso ya metsi.
Kgaitsadi L—— o ne a rerela kgaitsadie yo mongwe gape, yo a neng a ganetsa boammaaruri. Mme mosadi wa gagwe, gammogo le morwadiabone, ba ne ba simolola go ithuta. Morwadiabone o ne a romelwa kwa Canada go ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe tsa sekolo mme o ne a tsweledisa le thuto ya gagwe ya Bibela le go kopanela le Basupi koo. Kgabagare, o ne a emela boammaaruri mme a kolobediwa. O ne a nyalwa ke mokaulengwe mongwe wa mmulatsela kw a Canada, mme rraagwe le mmaagwe ba ne ba ya kwa lenyalong la gagwe. Bokopano jwa bone le bakaulengwe kwa Canada bo ne jwa ama rraagwe fela thata.
Matswela a go Rerela Balelapa la Gagwe
Jehofa o ne a segofatsa maiteko a a ikanyegang aga Kgaitsadi L——. Fa nako e ntse e tsamaya morwadie yo mmotlana o ne a tlogela tira e e duelang sentle, a dira tire ya nakwana, mme a simolola go direla Jehofa jaaka modihedi wa nako e e tletseng. Morwadie yo mogolo le monna wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta gape mme ba boela ba ya dipokanong ba bo ba simolola go arola gape mo bodiheding. Morwawe yo o neng a nyetse mosetsana wa Mokatoliki ebile a tlogetse boammaaruri o ne a simolola go ithuta gape mme kgabagare o ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa mme a kolobediwa. Morwawe yo mmotlana le ene o ne a ineela le go kolobediwa mme a emela kgwetlho ya boitlhaodi. (Isaia 2:4) O ne a atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong ya bosole, mme o ne a naya bosupi jo bo nonofileng fa pele ga setlhopha sa baatlhodi. Rraagwe, ebong moñ na wa ga Kgaitsadi L——, o ne a kgatlhwa ke boemo jo bo neng jwa tsewa ke morwawe mo a neng a kgatlhega mme a simolola go ya dipokanong.
Eleruri, abo tirelo ya dingwaga tse 29 tseo mo go tsone Kgaitsadi L—— a neng a ikanyega a le mo lelapeng le le kgaoganeng ka tsone di ne tsa kgotsofatsa jang ne le go duela! Jaanong o ipelela go nna le maloko a lelapa la gagwe le balosika ba le 18 ba ba kolobeditsweng. Ekete boitemogelo jono bo ka kgothatsa le go gomotsa ba le bantsi ba bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi bao, kafa tlase ga maemo a a tshwanang, ba tshwanetseng go itshoka le go tshegetsa tumelo ya bone mo malapeng a a kgaoganeng.—1 Petere 2:19, 20; 1 Bakorintha 7:12-16.