LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 8/15 ts. 28-29
  • A O Ka Obamela Setshwantsho?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Obamela Setshwantsho?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ya Bone E ne Ya Falola Teko e e Maswe Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Modimo wa Gago ke Mang?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Ga ba Obamele Setshwantsho
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Ga ba A ka Ba Obama
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 8/15 ts. 28-29

Lefoko la Modimo Le Tshedile

A O Ka Obamela Setshwantsho?

Go ka tweng fa e le gore kotlhao ya go sa obame ke go bolawa? A o ne o tla obamela setshwantsho he? Joo e ne e le boemo jo go neng go lebanwe najo mo Babelona wa Bogologolo go feta dingwaga tse 2 500 tse di fetileng.

NEBUKADENESARE kgosi o ne a na le setshwantsho se segolo sa gauda sa bogodimo jwa mabogo a le 90 (27 m) a se tlhomile mo lebaleng la Dura. Jalo a bitsa basimegi botlhe ba puso ya gagwe go tswa mo nageng yotlhe go tla go se obamela. Baobamedi ba bararo ba ga Jehofa ebong Shaderake, Meshake le Abedenego, jaaka o ka bona, ba mo gare ga bao ba leng gone.

Moemedi wa kgosi a goeletsa gore botlhe ba tshwanetse ba ‘wele fa fatshe le go obamela setshwantsho sa gauda seo Nebukadenesare kgosi a se tlhomileng.’ Fa o ne o le teng koo o ne o tla dirang? Mongwe le mongwe a wela fa fatshe le go obama kwantle ga Shaderake, Meshake le Abedenego. Ba sala ba eme gonne ba itse gore go kgatlhanong le molao wa Modimo go obamela setshwantsho.​—Ekesodo 20:4, 5.

Baobamedi ba bararo ba ga Jehofa Modimo ba tlisiwa fa pele ga Kgosi Nebukadenesare. A botsa a re, “A lo diha ka boomo, ha e bo ne ne lo sa dihele modimo oa me yana, lo sa ōbamele sechwanchō se ke se tlhomileñ?” Mme a re: “Me ha lo sa se obamele, lo tla latlhelwa ka lobaka louō hèla mo gare ga boikepishō yo bo molelō, yo bo tukañ; me modimo e be e le ohe o o tla lo gololañ mo diatleñ tsa me?”

O lebane le pōpō e e ntseng jalo, o ne o tla dirang? Shaderake, Meshake le Abedenego, jaaka o ba bona, ba bua ka tlhamalalo ba re: “Ha go ka nna yalo, Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola . . . Me ha go sa nna yalo, u tlo u itse, kgosi, ha re gana go dihèla medimo ea gago, le go obamela sechwancho sa gauda se u se tlhomileñ.”

Kgosi e shakgetse. A laola gore: ‘Ba gotedise boikepiso ga supa bogolo go tlwaelo ya jone go gotedisiwa ga gale! Ba bofeng le go ba latlhela mo molelong!’ Mme go diragalang ka Shaderake, Meshake le Abedenego? Ba wela mo gare-gare ga molelo. Mme ba emelela le go simolola go tsamaya mo teng ga molelo.

Fa kgosi e lebelela mo teng, mo boemong jwa go bona banna ba le bararo a bona banna ba bane ba itsamaela ba sa še!

Motho wa bone ke moengele yoo Jehofa a mo rometseng go sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka nako eo kgosi ya tshoga thata mme ya bitsa ya re: “Shaderake, Mesheke le Abedenego, lona batlhanka ba Modimo o o Mogodimodimo, cwañ, lo tlè kwano!” Mme ba dira jalo.​—Daniele 3:1-30.

Jehofa o ne a itumelela tumelo le bopelokgale tsa batlhanka ba gagwe. O tla itumela le ka rona fa re na le bopelokgale jwa go gana go obamela kana go tlotla setshwantsho sa mofuta ope seo baeteledi-pele ba lefatshe ba ka se tlhomang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela