Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 5, 1985
POKANO YA NGWAGA LE NGWAWA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka October 5, 1985, e tla tshwarelwa kwa Holong ya Kopano ya Basupi ba ga Jehofa, 973 Flatbush Avenue mo Kgaolong ya Brooklyn, New York City. Pokano ya ntlha ya maloko fela e tla tshwarwa ka 9:30 a.m., mme e latelwe ke pokano ya kakaretso ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m., Matlhatso, October 5, 1985.
Go tla anaanelwa fa maloko a Setlhopha sa Semolao a tla itsise Of isi ya Mokwaledi ka phetogo epe ya ngwaga o o fetileng mo diatereseng tsa bone tsa poso gore makwalo a ka metlha a kitsiso le makwalo a boemedi a tle a fitlhe go bone ka bonako fela morago ga August 15.
Makwalo a boemedi, ao a tla romelwang go maloko mmogo le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetswe go busiwa e le gore di fitlhe kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho e seng morago ga September 1. Jaaka leloko lengwe le lengwe le itse, le tshwanetse go tlatsa le go busa lekwalo la lone la boemedi ka bonako, ka go bontsha gore a o tlile go nna teng kwa pokanong eno ka boene kana nnya. Boikitsiso jo bo neetsweng mo lekwalong la boemedi lengwe le lengwe bo tshwanetse go nepagala mo ntlheng eno, ereka go tla ikaegwa ka jone fa go tlhomamisiwa e sale gale bao ba tla nnang gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go akareletsa le pokano le dipego tsa semolao tsa kgwebo, di tla konelwa ka 1:00 p.m. kana moragonyana ga moo. Ga go kitla go nna le thulaganyo epe ya thapama. Ka ntlha ya sebaka se se lekanyeditsweng, go tla tsena fela yo o nang le tekethe. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka megala.