LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 7/1 ts. 18-24
  • Go Tlhagolela Boingotlo jwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhagolela Boingotlo jwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai tsa Boingotlo
  • Boingotlo Bo A Utlwala
  • Dithuso tsa go Tlhagolela Boingotlo
  • Boingotlo jwa Bokeresete—Tshupo ya Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Bori—Nonofo e e Rotloetsang Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Botlhokwa Jwa go Nna Boingotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 7/1 ts. 18-24

Go Tlhagolela Boingotlo jwa Bokeresete

1. Ke ditlhaloso dife tse di bontshang gore batho bangwe ba lefatshe ba ile ba lemoga bomosola jwa boingotlo?

BOINGOTLO e ne e le molemo o pele o neng o anaanelwa ke banna ba ba botlhale ba lefatshe jeno. Ka gone re bolelelwa jaana: “Motho yo o boingotlo ga se gantsi a tlhoka go amogelwa sentle ke bao a tlotlang le bone, ka go bo ga go ope yo o ka fufegelang motho yo o sa lebegeng a ipegetse godimo.” Mme go ile ga twe: “Boingotlo ke lesedi je le phatsimang; bo siamisetsa mogopolo go amogela kitso, le pelo boammaaruri.” Motho yo o tlhaelang boingotlo ga se gantsi a ka nna le mogopolo o o bulegileng.

2. Ke jang banna bangwe ba ba itsegeng ba ileng ba bontsha boingotlo?

2 Mme gape, banna bangwe bao ba ileng ba itsege ka ntlha ya diphitlhelelo tsa bone ba ile ba bontsha boingotlo. Ka gone Albert Einstein o kile a tlhalosa a re “moya o a bonala mo melaong ya Lobopo—moya o o kwa godimodimo thata go feta wa motho, ebile e le oo fa re lebane le one ka dinonofo tsa rona tse di kwa tlase re tshwanetseng ra ikutlwa re se ba sepe.” Mme le Sir Isaac Newton, yo ba le bantsi ba mo tsayang e le moitseanape yo o kwa pele pele yo o kileng a nna gone, o ne a akgela jaana nako nngwe: “Fa ke ile ka bona go gaisa ba bangwe, ke ka go palama mo magetleng a mekaloba.” Bao ka phepafalo ba nang le mogopolo o o tshwanang ke dingaka dingwe tseo di ileng tsa ara Basupi ba ga Jehofa. Morago ga go dira maaro a a bokete ka katlego kwa ntle ga tshelo ya madi, ba ile ba bolelela balwetsi ba Basupi gore tlotla e ya kwa Modimong, eseng mo go bone jaaka dingaka ka sebele.

Dikai tsa Boingotlo

3. (a) Ke eng seo se tla re thusang go tlhagolela boingotlo? (b) Ke eng seo se ka bolelwang kaga Moshe le boingotlo?

3 Ke eng seo se tla re thusang go tlhagolela nonofo e e eletsegang thata, ee, e e tlhokafalang thata ya boingotlo? Ka phepafalo, go dirisa sotlhe seo se ileng sa bolelwa mo ditlhogong tse pedi tse di kwa pele ka go nna mafega le boingotlo go tla re thusa go tlhagolela boingotlo. Thuso e nngwe mo go tlhagoleleng boingotlo ke go akanyetsa kafa Jehofa a ileng a dirisa batlhanka ba gagwe ba ba boingotlo ka tsela e e maatla thata. Modimo o ne a ka dirisa jang batho bao ba neng ba ipatlela kgalaletso le go itebisa tlhokomelo go na le go Modiri wa bone! Gone go ntse jalo—e ne ya nna gangwe fela Moshe o neng a dira seno tlaseng ga kgagamalo e kgolo le kgopisego. Lefa go le jalo, abo a ile a ja maduo a seo! Mme gore Moshe ele ruri o ne a le boingotlo go ka bonwa kafa e neng ya re go le pele a ipelaela gore a o ka ya go Farwe. Mme ebile, Dikwalo di bolela gore “me yana monna eouō, Moshe, a bo a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.”—Dipalō 12:3; Ekesodo 4:10-17.

4. Elihu le Josefa ba ne ba bontsha jang boingotlo jo bo tshwanetseng?

4 Sekao se sengwe se sentle sa boingotlo e ne ya nna Elihu yo mmotlana. O ne a letela ka bopelotelele go fitlhelela bagolwane ba gagwe, Jobe le ditsala tsa gagwe tse tharo, ba latlhela la bone pele ga a ka bua. Elihu o ne a sena moya ope wa bokwagodimo mme o ne a lebisa kgalaletso yotlhe go Modiri wa gagwe. (Yobe 32:4-11, 21, 22; 36:9) Josefa, morwa tlhogo ya lotso Jakobe, le ene o ne a bontsha boingotlo jo bo tshwanetseng fa a ne a tlisiwa fa pele ga Farwe yo mogolo mme a bodiwa fa e le gore a o ne a ka tlhalosa toro ya mmusi-mogolo. Josefa o ne a neela Jehofa tlotla ka go phutholola ditoro.—Genesise 40:8; bapisa Daniele 2:26-30.

5. Ke ka baka lang fa boingotlo jwa ga Gideone bo ne bo le botlhokwa go Jehofa Modimo?

5 Akanyetsa gape, kgang ya ga Gideone. Fa a ne a amogela thomo ya gagwe, o ne ka boingotlo a bolela gore mophato wa gagwe e ne e le o mmotlana wa Manase mme ene ka boene o ne a le mmotlana go botlhe mo ntlung ya ga rraagwe. Jalo Gideone e ne e le yo mongwe yo Jehofa a neng a tla mo dirisa mo go nyeletseng Bamidiana ka go bo Modimo a ne a ikemiseditse gore a bone tlotla ka phenyo. E ne e le monna fela yo ka boammaaruri a neng a le boingotlo yo a neng a ka direla ka tshwanelo mo boemong joo.—Baatlhodi 6:14-16; 7:2-7.

6. (a) Ke ka baka lang fa Jehofa a ne a itumelela topo ya ga Kgosi Solomone yo mmotlana? (b) Ke motlhanka ofe yo mongwe yo mmotlana wa ga Jehofa yo o neng a bontsha boingotlo jo bo tshwanetseng, mme mabapi le eng? (c) Ke jang boikutlo jwa ga Elihu yo mmotlana, Solomone le Jeremia bo ka amang basupi ba ga Jehofa ba ba santseng ba le babotlana kana bao ba iseng ba nne le maitemogelo?

6 Solomone yo mmotlana, fa e ne e le lantlha a dirwa kgosi, o ne ka mo go tshwanang a bontsha boingotlo. Fa a ne a bodiwa ke Modimo mo torong gore o ne a ka rata go nna le eng, Solomone ka boingotlo a araba: “Ke ñwanyana hèla; . . . Ke gōna, naea motlhanka oa gago pelo e e tlhaloganyañ, gore a tlè a atlholè chaba ea gago, gore ke harologanyè molemō le boshula; gonne mañ eo o nonohileñ go atlhola chaba e ea gago e kgolo e?” Jehofa o ne a itumelela boingotlo jwa ga Solomone fela thata mo a neng A mo neela e seng botlhale fela mme le mahumo a le mantsi le kgalalelo. (1 Dikgosi 3:4-14) Ka ntlha ya boingotlo jwa ga Solomone, Jehofa o ne a mo dira mmusi yo o botlhale go gaisa babusi botlhe ba batho. Jeremia o ne a bontsha boingotlo jo bo tshwanang fa a iteba bosha jwa gagwe fa a ne a bilediwa go nna moperofeti wa ga Jehofa. (Yeremia 1:6-8) A o ka ne o le mosupi wa ga Jehofa yo o saleng mmotlana kana yo o senang maitemogelo? Fa go ntse jalo, ruri o tla itshupa o le botlhale fa wena, jaaka Elihu yo mmotlana, Solomone le Jeremia, o bontsha boingotlo jo bo tshwanetseng.

7. Mafoko a ga Paulo go 1 Bakorintha 2:1-5 a re baakanyetsa jang sekao se se molemo sa boingotlo jwa baboledi ba Bogosi?

7 Se se tshwaegang gape e ne ya nna boingotlo jwa ga moaposetoloi Paulo. Lemororo e ne e le Mofarasai yo o rutegileng thata ebile ya re moragonyana a dirisiwa thata thata ke Jehofa Modimo, Paulo ga a ka a belahadiwa ke ditshiamelo tsa gagwe. Fela jaaka ene ka boene a ile a re: “Nna ba ga echo, e rile ke ea koñ go lona, ka bo ke sa ee ka bontlè yoa puō leha e le yoa botlhale, ke lo bolèlèla bosaitsiweñ yoa Modimo. Gonne ke ne ke ikaeletse, go re, ga nketla ke itse sepè mo go lona, ha e se Yesu Keresete, le èna a bapocwe. Me ka nna le lona ke le mo bokoeñ, le mo poihoñ, le mo bogoloñ yoa thoromō. Me puō ea me, le go rèra ga me, ga se ka ga èma ka mahoko a a mahachwa a botlhale, ha e se ka chupeco ea Mōea, le ea nonohō: Gore tumèlō ea lona e se ka ea èma mo botlhaleñ yoa batho, ha e se mo nonohoñ ea Modimo hèla.” (1 Bakorintha 2:1-5) Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa e ne e le bangwe ba batho ba ba rutegileng thata. Mme, jaaka Paulo, ba bontsha boingotlo ka go bolela mafoko a a molemo, ba latela sekao se sentle sa ga moaposetoloi ka botlhale.

8. Jesu o ne a baakanyetsa jang ka sekao se se molemo-lemo le se segolo sa boingotlo?

8 Sekao se segolo go di feta tsotlhe le se se molemo-lemo sa boingotlo, le fa go le jalo, ga se sepe se sele fa e se sa ga Jesu Keresete. A pharologano e kgolo jang magareng ga Morwa Modimo le ene yo o neng a nna Satane Diabolo! Le ka motlha Keresete ga a ise e re ka go tlhoka boingotlo a batle go lekana le Jehofa Modimo. (Mathaio 4:8-10; Bafilipi 2:5-8) Go na le moo, Jesu o ritibetse gotlhelele go nna mothusi wa ga Rraagwe le mmueledi. (Diane 8:30; Yohane 1:1) E ne ya re fa a sa le mo lefatsheng a nna a bua ka go nna mmotlana ga gagwe mo Modimong. (Yohane 5:19, 30; 7:28; 8:28, 42) O ne a se ka a itlotlomatsa ka sebele, a lebisa tlhokomelo go Jehofa. (Mareko 10:18) Ka nako ya fa Jesu a ne a lekwa thata, boikutlo jwa gagwe e ne e le: “Rra wè, ha go ka nna yalo, a senwèlō se, se mphetè: leha go nntse yalo, eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Mathaio 26:39) Kwa ntle ga pelaelo, Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa boingotlo. Ruri, he, dibopiwa tsa semoya tsotlhe tsa Modimo le batho botlhe ba tshwanetse go ingotla.

Boingotlo Bo A Utlwala

9. Go ya ka 1 Bakorintha 4:6, 7, ke ka baka lang fa boingotlo mo batlhankeng ba Modimo bo utlwala?

9 Gore re nne boingotlo go na le tlhaloganyo; go a utlwala. A mme gone, a rotlhe ga re batho ba ba sa itekanelang? Ke mang yo o ka latolang seo! (1 Dikgosi 8:46) Rotlhe re dira diphoso. Maitemogelo a rona a a tlhaela mme le yone kitso ya rona ga se e e senang bofelelo. Mo godimo ga moo, sengwe le sengwe seo re nang naso ke se re se amogetseng. Ka gone moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa badumedi-ka-ene gore ba seka ba fetela ka kwa go dilo tse di kwadilweng “gore,” jaaka fa a ile a tlhalosa, “go se nne opè oa lona eo o belahalañ ka eo moñwe, me a nyatse eo moñwe. Gonne mañ eo o gu chwanolotseñ le eo moñwe? me u na le eñ se u se kañ ua se nèwa hèla? me ha u se neilwe, u belahalèlañ, yaka ekete ga ua se nèwa?” (1 Bakorintha 4:6, 7) Ka phepafalo, bogolo jwa seo re leng sone bo ikaegile ka thuo ya rona ya dibopapopego, maemo a rona a botshelo mme segolo bogolo mo paakanyetsong ya Modimo.

10. Katlego mo tirelong e e boitshepo e ikaegile ka eng, mme go lemoga lebaka leo go tshwanetse ga re ama jang?

10 Mme ebile, a ga go boammaaruri gore go sa kgathalesege katlego lefa e ka nna efe e re ka nnang nayo mo tirelong ya rone e e boitshepo, sengwe le sengwe se ikaegile ka tshegofatso ya ga Jehofa? Go tshwantshetsa: Go sa kgathalesege gore molemi o ka bereka go le kana kang, seemo sa loapi ke lebaka le le botlhokwa thata mo kgolong ya dijalo. Mme mopesalema o ne a elatlhoko kafa tshwanelong: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla: ha Yehofa a sa dise motse, molebedi o cogèla lehèla hèla.” A tlhagisa ntlha e e tshwanang mabapi le tiro ya badiri ba Bakeresete, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisañ.” (Pesalema 127:1; 1 Bakorintha 3:6, 7) Ee, fa re akanyetsa kgang, re tshwanetse ra dumela gore boingotlo bo a tshwanela go rona rotlhe, go sa kgathalesege dikgono tsa rona, diphitlhelelo kana dithoto.

Dithuso tsa go Tlhagolela Boingotlo

11. Go rata Jehofa Modimo go tla re thusa jang go nna boingotlo?

11 Gareng ga dinonofo tseo di tla re thusang go ingotla ke lorato, lorato lo lo seng pelotshetlha. Fa re anaanela sotlhe se Jehofa Modimo a se dirileng, a sa ntseng a se dira ebile a santseng a tla se re direla, ruri re tla mo rata ka dipelo tsa rona tsotlhe, moya, tlhaloganyo le nonofo. (Mareko 12:30) Jalo ga re ne re ikgantsha ka borona. Tota ebile, boikgantsho bo fapaane le boingotlo. Go na le moo, ka metlha yotlhe re tla bua re bo re dira ka boingotlo jo bo tshwanetseng gore re se ka ra gogela tlhokomelo go rona mme e leng go Jehofa Modimo, re dira gore kgalaletso yotlhe le tlotla di ye kwa go ene. Mme he re tla bo re reetsa kgakololo e e reng: “A motho eo o botlhale a se ipelahatse ka botlhale yoa gagwè, le motho eo o thata a se ipelahatse ka thata ea gagwè, a mohumi a se ipelahatsè ka khumō ea gagwè: Me eo o ipelahatsañ a a ipelahatsè ka go re, oa ntlhaloganya, oa nkitse, ha ke le Yehofa eo ke dihañ bopelonomi yoa loratō, le katlholō, le tshiamō, mo lehatshiñ: gonne ke natehèlwa ke dilō tseuō, go bua Yehofa.”—Yeremia 9:23, 24.

12. Kamano e e molemo le Modimo e tla re thusa jang go nna boingotlo?

12 Go tlhagolela kamano e e atamalaneng le Jehofa go tla re thusa gape go ingotla ka metlha yotlhe. Go lebeletswe gore re ingotle fa re sepela le Modimo wa rona. (Mika 6:8) Bokgakala joo ka jone Mmopi, bogolo jwa gagwe, poitshego ya gagwe le dinonofo tsa gagwe di leng tsa sebele go rona, ke jone bokgakala joo re tla itshwarang ka boingotlo jo bo tshwanetseng. Re tla batla go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Moshe, yo o neng “a ichoka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:27) Go ntse jaaka ekete re ne re le bana ba bannye bao re itshwarelelang ka seatla sa Rraarona wa selegodimo. Go ikotla ga rona ka metlha ka Lefoko la ga Jehofa le go ‘nnela ruri mo thapelong,’ ee, ‘go rapela ka go bisa go khutla,’ go tla re thusa go nna le kamano eno e e atamalaneng e e molemo le Modimo.—Baroma 12:12; 1 Bathesalonia 5:17.

13. Keletso ya rona go etsa Jesu Keresete e ka re thusa ka tsela efe go nna boingotlo?

13 Lorato le kanaanelo ya sotlhe seo Mong wa rona, Jesu Keresete a se re diretseng le go itse seo se rewang ke go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe thata le gone go tla re thusa go ingotla. Abo Jesu a ile a re tlhomela sekao se sentle le se se molemo-lemo, se se itekanetseng! Bokgakala joo ka jone re tsayang tlamego ya rona ya go latela dikgato tsa gagwe thata ka masisi, re tla thusiwa go ingotla. Jang? Ka jaana re tla lemoga kafa re tlhaelelang kgakala ka teng mo go mo etseng ka botlalo. Go ka nna ga re jesa monate fa re ipapisa le ba bangwe. A mme re ikutlwa re ja monate fa re bapile le Jesu Keresete? Go na le moo, re tshwanetse ra ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo—ka botlhoko re lemoga lebaka la gore re tlhaela go dira seo tota re batlang go se dira mme gantsi re dira seo re sa eletseng re ka bo re se dira. Ga go na Mokeresete ope yo o lemogang tota tota kafa a tlhaelang ka teng gore o ka nna moetsi wa ga Jesu Keresete yo o ka ikutlwang a ka ikgantsha ka sebele sa gagwe.—Baroma 7:15-25.

14. Ke ka baka lang fa lorato Iwa bokaulengwe lo ka re thusa go nna boingotlo?

14 Ka mo go tshwanang, go rata basupi-ka-rona ba ga Jehofa le maloko a malapa a rona go tla re thusa go ingotla. Jaaka pina ya bogosi e le tlhalosa: “Lorato lo na le matlho a go bona molemo. Lorato lo agelela bokaulengwe.” Ee, lorato lo tla re dira gore re anaanele dinonofo tse di molemo tsa ba bangwe. Mme seno se ka re thusa jang gore re ingotle? Mme kana, tlhaelo ya boingotlo e kgopisa ba bangwe, e ba dira gore ba se wele dibete. Ereka jaana re sa batle go kgopisa ba bangwe bao re ba ratang, lorato Iwa mmannete Iwa bokaulengwe lo tla re dira gore re ingotle. Tlhaelo ya boingotlo e tsosa dikgaisano, dikgadikano, kana e dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba le kwa tlase go rona. Mme lorato “ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela.” Go na le moo, le boingotlo.—1 Bakorintha 13:4.

15. Boikgapo bo ka re thusa jang go nna boingotlo?

15 Boikgapo, ebong loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo, le jone bo re thusa go tlhagolela boingotlo. (Bagalatia 5:22, 23) A go na le kamano nngwe tota magareng ga bobedi jono? Ruri e teng. Gantsi motho o sekametse mo go bueng kana go direng selo sa go itsholegela molemo kana sa go ipoka, fa gongwe e le fela ka ntlha ya go kgoberega maikutlo. Ka bonakonyana fela fa motho a sena go bua kana go dira seno, o ka nna a lemoga phoso eo a e dirileng. Seno ke ka go bo pelo ya motho e ya faposa, e boherehere, e tsietso. (Yeremia 17:9) Mme go bontsha boikgapo, go kgwa moya, go akanya, go akanyetsa fela kafa mafoko a rona kana ditiro di ka amang ba bangwe ka gone, go tla re thusa go bontsha boingotlo jo bo tshwanetseng. Ka sekai, kwa ntle ga go go akanyetsa sentle, re ka nna ra sekamela mo go tseeng setoki sa nama se se monate-nate kana se segolwane mo go tsotlhe, kuku kana kungwa fa re tsholelwa kana re fiwa selwana ka nako ya dijo tsa motshegare. Mme boikgapo le kakanyetso di tla re kgonisa go ganana le tlhotlheletso eo. Go ntse fela jalo le mo go itlhopheleng bonno jo bo botoka kwa ntle ga boingotlo mo modirong. Jaaka Jesu a ile a tshwantshetsa, re ka nna ra kopiwa gore re ye go nna mo lefelong le le kwa tlase. Lefa go ntse jalo, go dirisa tlhaloganyo go le gonnye le boingotlo go tla re kganela mo go direng phoso e e ntseng jalo ya matlhabisa ditlhong mo dintlheng tseno.—Luke 14:8-11.

16. Ke ka baka lang fa tumelo mo go Jehofa e ka re thusa go nna boingotlo?

16 Loungo lo longwe la moya leo le tla re thusang mo go tlhagoleleng boingotlo ke tumelo mo go Jehofa, e e tla felelang ka kamano e e molemo le ene. Go sa itekanelang ga motho go sekamela mo go tsoseng poifo ya go ka latlhegelwa ke dilo tse di molemo tsa botshelo, e ka ne e le tse di bonalang, tsa botlhale, maikutlo kana tsa semoya. Mme tumelo mo go Jehofa e tla re kganela mo go itshubeleleng kwa pele ka mafega kana ka go senang boingotlo. Go na le moo, re tla tlogelela dikgang mo diatleng tsa ga Jehofa. Fa re ingotlile, re tla kgona go leta go fitlhelela Modimo a baakanya dikgang kana a dira gore re tsewe tsia kana re tlhatloge. Pele fa Dafide a ne a nna kgosi, o ne a bontsha boingotlo jono. O ka bo a ile a itseela dikgang mo diatleng, ka jaana a ne a setse a tloditswe jaaka kgosi. Dafide o ka bo a ile a nna mmusi wa Iseraela gone fela foo ka go bolaya Kgosi Saulo, mme nnyaa, Dafide ka boingotlo o ne a letela Jehofa go mo neela bogosi, mme seno Jehofa a se dira, ka nako e e leng ya Gagwe.—1 Samuele 24:2-6; 26:10, 11.

17. Kutlwelo botlhoko e ka re thusa ka ditsela dife go nna boingotlo?

17 Thuso e nngwe ya boingotlo ke kutlwelo botlhoko, mo go rayang gore motho a ipeye mo seemong sa ba bangwe. Ka motlhala, tlhaelo ya boingotlo e ka dira gore mogolwane mo phuthegong a nne gangwe le gape a je nako fa a tshwere dikabelo tsa gagwe mo dipokanong tsa phuthego. Mme fa a na le kutlwelo botlhoko, o tla kgona go ipaya mo seemong sa bagolwane ka ene bao ba amegileng kaga go nna le nako e e lekanetseng ya dikarolo tsa bone mo thulaganyong. Mogolwane yo o boingotlo gape o tla akanyetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya, bao ba sa go anaaneleng fa pokano e e ja nako go sena lebaka le le utlwalang. Tota, kutlwelo botlhoko e tla dira gore motho a nne boingotlo mo dikamanong tsotlhe, eseng fela mo phuthegong ya Bokeresete. Kutlwelo botlhoko e ne ya dira gore moaposetoloi Paulo a nne ‘Mojuda mo Bajudeng, jaaka yo o mo molaong mo go ba ba mo molaong, bokoa mo go ba ba bokoa,’ jalo jalo—gotlhe e le ka ntlha ya mafoko a a molemo. Seo se ne se raya gore a nne boingotlo, a bontsha bareetsi ba gagwe gore o ne a sa ikgopole ka gope fa a le botoka go ba gaisa.—1 Bakorintha 9:19-23.

18. Ke eng seo se ka bolelwang ka bomolemo jwa boingotlo jwa Bokeresete?

18 Eleruri, boingotlo jwa Bokeresete bo buelelwa ke go le gontsi thata. Abo go tlhaela ga boingotlo go lerile botlhoko bo le bontsi jang go kgabaganya ditiragalo! Go bontsha boingotlo ruri go a utlwala mo Mokereseteng. Go felela ka dikamano tse di molemo le Modimo, Basupi ka rona ba ga Jehofa, malapa a rona le ba bangwe. Boingotlo bo tla bo bo thuse le rona ka sebele, ka bo tla re dira gore re retibale le go sa tlalelwe. Ka botlhale, Lefoko la Modimo le re thusa thata go nna boingotlo. Ekete ka gone re ka neela tshupo ya botlhale jwa mmannete ka go tlhagolela le go bontsha boingotlo jwa Bokeresete.

O Ka Araba Jang?

◻ Ke jang bangwe ba batho ba basha ba ba kwadilweng mo Bibeleng ba ileng ba bontsha boingotlo?

◻ Jesu Keresete o ne a neelana jang ka sekao se segolo thata e bile se le sentle thata sa boingotlo?

◻ Ke ka ditsela dife go rata Jehofa le kamano e e molemo le ene go ka re thusang go bontsha boingotlo?

◻ Ke jang keletso ya rona go etsa Jesu Keresete e ka re thusang go bontsha boingotlo?

◻ Ke ka baka lang fa lorato Iwa bokaulengwe lo ka re thusa go nna boingotlo jaaka baobamedi ba ga Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Elihu ka boingotlo o ne a tila moya wa bokwagodimo, o ne a isa pako yotlhe go Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go ikotla ka Lefoko la Modimo ka metlha yotlhe le go ‘rapela ka go bisa go khutla’ go tla re thusa go tlhagolela boingotlo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela