Go Diragetseng ka Boikanyego?
FEME nngwe mo United States e ne ya wa mo kgwebong. E ne e setse e na le dingwaga tse 60 e ntse e rekisa dipeo tsa ditshingwana. Babapatsi ba yone e ne e le basimanyana le basetsanyana ba babotlana ba ba neng ba a tle ba otare dipeo, ba di rekisetse baagelani ba bone ba bo ba romela bontlhanngwe jwa madi kwa femeng. Ke ka baka lang feme e ile ya wa mo kgwebong? Ka jaana bana ba babapatsi ba ne ba sa ikanyege. Bontsi jwa bone bo ne jwa palelwa ke go busa dipeo kana ba ne ba ipolokela madi ao ba neng ba a bona ka go di rekisa.
O tlelwa ke mogopolo ofe ka lebaka leno la go bo feme eo e ileng ya ikaega ka boikanyego jwa bana e bo e ile ya dira ka dingwaga tse 60 mme jaanong e ile ya patelesega go wa mo kgwebong? Go bonala ekete bana ga ba sa tlhole ba ikanyega jaaka ba ne ba ntse pele, a ga go jalo? Lefa go ntse jalo, ga se bana fela ba ba sa ikanyegeng ka go fetisisa. Bagologolo ba maloba ba santse ba gakologelwa nakong eo fa ba ne ba kgona go tlogela lebati la ntlo la kwa pele le sa lotlelwa, kana ba tlogele baesekele fa thoko ga tsela mme e se ke e utswiwe. Ga go sa tlhole go ntse jalo mo mafelong a le mantsi jaanong.
Mo kanokong eo e neng ya ntshiwa ke makasine Psychology Today, bontsi jwa dikete tsa bao ba neng ba araba, ba ne ba dumalana gore ba ka ne ba ikanyologile go le gonnye kana thata thata. Diphesente tse di masome a herang bongwe le boraro di ne tsa dumalana gore ka dinako tse dingwe ba ne ba kgweetsa go feta selekanyetso sa lobelo. Diphesente tse di masome a marataro le bohera bobedi ba ne ba ile ba tsaya didirisiwa tsa ofisi kana dilwana tse dingwe. Diphesente tse di masome a marataro le bosupa ba ne ba ile ba tsietsa mo ditlhatlhobong fa go kgonega kana mo dikabelong tse dingwe tsa sekolo. Diphesente tse di masome a mane le botlhano ba ne ba ile ba tsietsa balekane ba bone ba lenyalo. Mme ba le bantsi ba ile ba romela dipego tse e seng tsone tsa kgethiso ya poelo, ba ile ba seka ba bolela dilwana tseo di nang le go kgethisiwa ke ba lekgetho la dithoto, ba ile ba seka ba dirisa founu ya khamphane kafa tshwanelong go founela kgakala kana ba ile ba tsietsa mo pegong ya ditshenyegelo.
Ke Eng Go Na Le Boikanyologi?
Go ile ga ntshiwa mabaka a le mantsi a boikanyologi. Mangwe a one ke a.
Sekao sa batsadi: E ne e re fa feme ya dipeo e kwalela batsadi ba bana bao ba neng ba e kolota madi, gantsi e ne e amogela lekwalo lwa mofuta o: ‘Khamphane ya lona e tona; ga lo tlhoke madi ao ebile lo leka fela go tsietsa ngwanake.’ Ga go bokete go bona gore ke ka ntlha yang fa bana bao ba ile ba ithuta boikanyologi.
Ka jaana go le motlhofo: Fa a ne a arabela kanokong eo e umakilweng fa godimo moithuti mongwe yo mmotlana o ne a kwala a re: “Ka metlha go na le kgatelelo ya go tshwara matshwao a a kwa godimo, mme le eleng fa ke ipaakanyeditse tlhatlhobo, gone ke ka nna ka tsietsa. . . . Baithuti ba tsietsa fela mo pepeneneng mme ebile ka phepafalo baruta-bana ba le bantsi ga ba itshwenye le eseng ka ga gone. Ka bokhutshwane: ke dira jalo ka go bo ga go ope yo o ka ntshwarang.”
Lehuma: Kwa ntle ga pelaelo, lehuma—kana go boifa lehuma—go gogela mo go utsweng le mo go tsietseng, lemororo gantsi go bonala fa batho ba ne ba ikanyega ka mo go oketsegileng mo dingwageng tsa Leuba go sa kgathalege lehuma leo le neng le aname. Mme ebile batho ba le bantsi ba ba sa ikanyegeng ga se ba ba humanegileng le e seng. Akanyetsa kgang nngwe e e neng ya begwa kwa Japane. Setlhopha sa banna bangwe se ne sa fitlhelwa se tsietsa khamphane nngwe ya tsa diporo. Ba ne ba senkile tsela eo ka yona ba neng ba ka duela madi a a kwa tlase go na le ao a tshwanetseng a loeto lwa go boela gae morago ga motshameko wa golofo. A ba ne ba tsietsa ka ntlha ya khumanego? Le eseng. Mongwe wa batsietsi e ne e le mookamedi wa khamphane!
Bogagapa: Mongwe wa bakwadi ba koranta o ne a kwala a re: “Keletso eno e e bogagaru ya go rata madi ke yone modi wa mathata a boitsholo a morafe.”
Sekao se se bosula: Mokwadi yono yo o tshwanang o ne a kwala a re: “Fa o ka kgona, sheba baeteledipele ba rona. Mapalamente a rona, ka madi a bone a pipa molomo le ‘dithelesetso’ tse di farologaneng, ba tlogela seo ba natefelelwang ke go se bitsa ‘bodirela-puso’ ba humile ka mo go tlhabisang ditlhong, ba na le diphenshene tse di boitshegang. Mme gotweng ka bo mmankgakga ba tsa madirelo? Boferefere ga boa nyelela le eseng. Go thata go ka bona mogolwane ope wa khampane yo o sa ikhumisang ka go nyenyefatsa Amerika.”
Moya wa boikanyologi: Pego nngwe mo makasineng wa Newsweek e ne ya re: “Bontsi jwa one Maamerika ao a ngongoregang thata kaga dinokwane tse di mo diofising bone ka bobone ke batsietsi ba ba sa lemotshegeng. Maamerika a a humanegileng a tsietsa mo tsamaisong ya thuso ya batlhoki mme ba setlhopha sa bogare le ba ba amogelang madi a a kwa godimo ka go tshwana ba tsaya lekwalo la ditshenyegelo jaaka ‘dipampiri tsa tsietso’ mme ba bo ba sa bege ka botlalo madi a bone a a tshwanetseng go kgethisiwa go ba Internal Revenue Service. ‘Mo mokgatlhong ono, mongwe le mongwe o na le seabe.’”
Lefa go ntse jalo, lefa e ka tswa e le eng se se tsalang dilo tse, wena o ikutlwa jang kaga boikanyologi? A o itumelela go akediwa kana go tsiediwa? A o itumelela go duela madi a a kwa godimo a insurance ka ntlha ya tsietso e e anameng mo go tsa insurance, kana ditlhotlhwa tse di ileng magoletsa go duelela go thubiwa ga mabenkele kana bogodu jwa babereki? A o ka dumela gore mosadi wa gago kana monna wa gago a go tsietse? Tota tota nyaa. Mme seno ke sone se se diragalang gompieno, mme rotlhe re amiwa ka tsela e kana ele. Mo lefatsheng je le ntseng jalo, ke mang yo o ka mo ikanyang? A dilo di tshwanetse tsa nna ka tsela eno?