“Modimo Oa Uñwisa”
Molemi o ka nna a jala peo, a e nosetsa le go e tlhagolela, mme o tshwanetse go letela ka bopelotelele bakeng sa Modimo go dira gore e gole. Go tshwana fela le ka badihedi ba Bokeresete. Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a re: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo o uñwisa.” (1 Bakorintha 3:6) Lemororo re ka bolela “Mahoko a a Molemō” le go ruta batho ba ba kgatlhegang Lefoko la Modimo, ke Modimo o o dirang “peo,” kana lefoko le le jadilweng, go tla bogoding jwa Bokeresete, le eleng fela jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha.—Mathaio 24:14; Luke 8:11-15.
“Ka 1953 ke ne ka simolola thuto ya Bibela le Mable le mmaagwe. Re ne ra tshwara thuto gararo. Mme monna wa ga Mable o ne a ganetsa mo go botlhoko mo a neng a rekisa ntlo mme a fudusa lelapa. Mosadi o ne a rata Bibela mo eleng gore, ka metlha ka
nna ka ipotsa gore go diragetseng ka ene.
“Kgwedi e e fetileng ke ne ka amogela lokwalo lono, lo lo neng Iwa dira gore ke anaanele gore ke Jehofa yo o dirang gore ‘peo’ e gole.
‘Virginia yo o Rategang,
‘Morago ga dingwaga tse dintsi tseno re bokgaitsadi mmogo jaanong. Ke solofela gore ga o ise o ke o akanye gore ke latlhile boammaaruri gotlhelele. Go ne ga ntsaya dingwaga tseo fela mme labofelo moya wa ga Jehofa o ne wa nnonotsha fela thata go kgona go ikemela tota.
‘Ke gantsi ke ne ke ntse ke akanya ka “dipeo” tse o neng wa di jala dingwaga tse dintsi tse di fetileng, mme ke ne ke batla fela gore o itse gore e ne ya re kwa bofelong ka kgona.’ ”