LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 5/1 ts. 7
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Paradaise
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
    Tsogang!—2000
  • A Jesu O ne A Solofetsa Modirabosula Botshelo Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 5/1 ts. 7

A O A Gakologelwa?

A o ipeletse ditokololo di le mmalwa tse di fetileng tsa “Tora ya Tebelo”? A ke o bone gore a o ka gakologelwa dintlha tseno tse di latelang:

◻ Ke eng se se kopanyelediwang mo go ‘dumeleng ga rona mo go Morena Jesu Keresete le mo go bolokweng’? (Ditihō 16:30, 31)

Seno ga se fela boitemogelo jwa nakwana, jwa boikutlo. Go kopanyeletsa go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, go ithuta dikwalo ka metlha le go di dirisa mo botshelong jwa rona. (Ditihō 2:41, 42; 17:11) Go kopanyeletsa gape go amogela Jesu Keresete jaaka Morekolodi wa rona le go mo utlwa, go mo lemoga jaaka Kgosi le Motlotlomatsi wa ga Jehofa. (1 Timotheo 2:5, 6; Bahebera 5:9; Tshenolō 7:10)—2/1, ditsebe 6-8.

◻ Re ka bontsha jang Mmopi kanaanelo e e tswang mo pelong?

Lorato le ditebogo tsa rona go Mmopi di tshwanetse go re tlhotlheletsa go mo direla ka go rata. Seno ga se reye fela go tshela botshelo jo bo phepa le go sa dire se se sa siamang mo matlhong a Modimo. Boitshwaro jwa bomodimo bo a tlhokafala, mme go direla Jehofa go kopanyeletsa go mo galaletsa ka tlhagafalo le ka boipelo, go bolelela ba bangwe ka ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa le maikaelelo a gagwe a a gakgamatsang. (Pesalema 96:2-4)—2/15, tsebe 7.

◻ Setho se kgaogantswe ka ditlhopha tsa bodumedi di le kae?

Go ile ga fopholediwa gore go na le ditumelo tse dikgolo di le 10 mme makoko one a le 10 000.—3/1, tsebe 3.

◻ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa e se lekoko?

Basupi ba ga Jehofa ga se barutwa ba moetapele wa motho kana moruti. Jehofa Modimo le Keresete Jesu ke baruti ba bone. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga se lekoko.—3/1, tsebe 9.

◻ Ke eng se se tlhokwang gore lefatshe le nne Paradaise?

Paradaise e tlhoka mo go ntsi thata go na fela le go nna le ditikologo tse dintle tsa tlholego le diphologolo tsotlhe tse di bopilweng di tshela mmogo ka kagiso le motho. Paradaise gape e kopanyeletsa batho bao ba neng ba tlhagolela dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo ka maikutlo a a kagiso, tsotlhe di dirisana mmogo ka lorato.—4/1, tsebe 3, 4.

◻ Ke ka tlhaloganyo efe paradaise e leng gone mo lefatsheng gompieno?

Fa go bapisiwa le letlhoo, tlhokakutlwano le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong mo lefatsheng gompieno, lorato, kagiso ya mogopolo le kutlwano e e gone gareng ga Basupi ba ga Jehofa di ba direla paradaise ya semoya. Seno ke tshupo e potlana ya gore batho ba tla bo ba tshela mmogo ka kagiso mo lefatsheng leno mo Paradaiseng ya sebele ka nako ya Dingwaga tse di Sekete tsa Puso ya ga Keresete Jesu. (Isaia 11:6-9)—4/1, ditsebe 4-7.

◻ Jesu o ne a rayang fa a ne a raya modira-bosula a re: “O tla nna le nna kwa Paradaiseng”? (Luke 23:43)

Modira-bosula e ne e se Mokeresete yo o ikanyegang yo o fentseng yo o neng a tshwanelegela botshelo jaaka mmusi-mmogo le Keresete mo legodimong. Ka gone Jesu o ne a sa solofetse legodu le le swang leo paradaise ya selegodimo. Mafoko a ga Jesu a raya gore o tla nna le modira-bosula ka go mo tsosa mo baswing go ya Paradaiseng mo lefatsheng mme he a bo a tlhokomela ditlhokafalo tsa gagwe, tsa nama le tsa semoya.—4/15, ditsebe 4, 5.

◻ Dingwe tsa dilo tse re ka di ithutang mo bukeng ya ga Ekesodo ke dife?

Jehofa o tshwantshiwa mo bukeng ya ga Ekesodo jaaka ene yo o tshegetsang batho ba gagwe, jaaka Mogolodi yo o se nang molekane le jaaka Modimo wa phuthego ya bolegodimo. Seno se nonotsha tumelo ya Basupi ba ga Jehofa gompieno gore o tla tsaya kgato ka mo go tshwanang tebang le bone.—12/1/83, tsebe 31.

◻ Bokao jo e leng jone tota ka lefoko “Hara-Magedona” ke eng?

Tlhaloso ya lefoko ke “thaba ya bophuthegelo jwa masole.” Ka gone Hara-Magedona, kana Aramagedona, ga se lefelo la mmatota mo lefatsheng, mme ke boemo jwa babusi ba lefatshe jaaka ba phuthelwa mmogo kgatlhanong le tlhabano ya Modimo Mothatayotlhe. (Tshenolō 16:13-16)—3/15, ditsebe 3-6.

◻ Mokeresete o ka boloka jang go ipelela monate mo lefelong la gone?

Go ipelela monate go ka bewa mo lefelong la gone le le siameng ka go ineela kaelong ya melao-metheo ya Bibela malebana le boleng, bogolo, nako le ditshenyegelo tsa dilo.—3/15, tsebe 25.

◻ Ke eng se se dirang gore losika lono lo farologane le otlhe a mangwe?

Ga go na losika lope lwa pele ga 1914 lo lo neng lwa itemogela dintwa tse pedi tsa lefatshe kana lo lo neng lwa lebana le boipolao ka dibetsa tsa nuclear. Ga go na losika lwa pele lo lo neng lwa senya lefatshe ka kgotlelo e e anameng mo go kana le tshwafatso e e gone gompieno. Seno sotlhe se ne sa felela ka boikutlo jo bo sa lekanngweng jwa poifo le tlhoka-pabalesego. Mme ga go na losika lope lo lo kileng lwa bona thero e e anameng go le kana kana ya mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14)—1/1, tsebe 8.

◻ A Mokeresete wa boammaaruri o ka gobadiwa ke ditiro tsa boloi jwa ba bangwe?

Nnyaa, ka go bo Modimo o ka fenya mongwe le mongwe yo o lekang go dirisa boloi kana maselamose go bao ba nnang ba ikanyega go ene. Lefa go le jalo, Mokeresete o tshwanetse go ikanya Jehofa gotlhelele le go boloka dibolao tsa moya tse a di baakanyetsang. (Pesalema 34:7; Baefesia 6:10-12)—1/1, ditsebe 14, 15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela