Leina Le Le A Gaisang Otlhe-Otlhe
“U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, YEHOFA, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.”—Ekesodo 3:15.
1. Bomosola jwa leina ke eng, fa le bapisiwa le mafoko a mangwe ao a ka dirisiwang go kgetholola motho mongwe?
MONGWE le mongwe wa rona o na le leina. Leina la rona le re kgetholola jaaka motho. Go utlwa leina la mongwe yo tota o mo ilang le tsosa maikutlo a a sa tlhamalalang, fa leina la mongwe yo tota o mo ratang le tsosa megopolo e e kgatlhisang, le e e itumedisang. Mo godimo ga leina la gago, go na le mafoko a mangwe a a ka tlhalosang dikarolo tse dipotlanyana tsa botshelo jwa gago. Motho yo o tshwanang o ka nna a bidiwa Professor, Boso, Ntate kana Rremogolo, go ikaegile ka maemo. Lengwe le lengwe la mafoko ano le ka tlhotlheletsa megopolo e e farologaneng kaga motho, a tlhokomedisa karolo e e farologaneng ya botshelo jwa gagwe. Mme leina la gagwe le re gakolola ka motho a feletse—dikarolo tsotlhe tsa gagwe, sengwe le sengwe seo re se itseng kaga gagwe.
2, 3. Mafoko ao re a dirisang go kgetholola Modimo a ka ama jang go akanya ga rona kaga gagwe?
2 A molao-motheo o o tshwanang o a dira mo go akanyeng ga rona ka Modimo? A seo o mmitsang sone bobotlana se na le matswela mangwe mo ponong ya gago ka Mmopi?
3 Mafoko “Mmopi” le “Mothatayotlhe” a re tlhokomedisa dikarolo dingwe tsa tiro ya gagwe. “Morena” e lebisa go taolo ya gagwe. “Modimo” e mo tlhalosa jaaka yo o nang le dinonofo le maatla a a fetang a motho. Mmadi wa dithanolelo tsa Sefora ka Segond le Darby, bao ba bonang leina la Modimo le fetoletswe go l’Éternal (Bosaengkae) o ka nna le pono nngwe e e farologaneng ya Modimo ka tsela nngwe go na le mmadi wa Dibibela tsa Seesemane yoo baranodi ba gagwe ba ileng ba fetolela leina la Modimo go “MORENA.” Ka gone, mokwadi mongwe wa bodumedi o ne a re: “Tshimolodiso ya leina la botho la Modimo mo kobamelong ya Bokeresete le thutong ya boruti di ka nna le matswela a a gakgamatsang le a a nang le mosola.”
4. (a) Go ka bolelwang ka mafoko a a farologaneng ao re a dirisang mo go bueng ka Modimo? (b) Leina la gagwe le dirisiwa ka bogolo jo bo kana kang mo Dikwalong?
4 Mafoko a a farologaneng a a tlhalosang Modimo—Morena, Mothatayotlhe, Mmopi—a siame. A dirisiwa mo Bibeleng. Lefa go ntse jalo, go na le lefoko le Bibela e le dirisang go feta lepe la ano. Ke LEINA la sebele la Modimo, mme leina leo le tshwanetse la re gakolola dilo tsotlhe tse re di itseng ka ga gagwe. Leina leo, leo gompieno le tlwaetsweng go bitswa e le Jehofa kana Yahweh, le tlhaga mo mokwalong wa pele wa Bibela go feta leina lepe fela la Modimo. Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scriptures e tsaya dikolomo tse 43 go tlhatlhamisa nako nngwe le nngwe lefoko “God” kana “God’s” le dirisiwang mo Bibeleng, mme dikolomo tse 77 go tlhatlhamisa nako nngwe le nngwe “Jehovah” kana “Jehovah’s” a bonalang gone
5. (a) Ekesodo 3:15 e re bolelelang kaga leina la Modimo? (b) Go ka bolelwang ka pitso ya “Yehofa”?
5 Leina leno ga le a ka la kgethwa ke batho. Bibela e re Modimo o ne wa le kgetha mme o ne a bolela gore le tshwanetse la dirisiwa. O ne a re: “U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, YEHOFA, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.” (Ekesodo 3:15) Ke ka ntlha yang fa thanolelo eno e e tumileng ya segompieno e dirisa leina Jehofa mo temaneng eno? Ka go bo ono ke mokgwa wa Seesemane wa go bitsa leina la Modimo leo le bonalang makgetlo a a dikete mo Bibeleng ya Sehebera sa pele.
6. Mosola o mongwe wa go dirisa leina la Modimo ke ofe?
6 Fa Bibela e dirisa leina la Modimo, seno se re thusa go mo akanya e seng fela jaaka maatla mme jaaka motho. E re thusa go atamelana le ene. Modimo mo bathong ba bangwe ba bantsi o bonala a le kgakala. Lefa go le jalo moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona.”—Ditihō 17:27.
Boitshwaro jwa Gago Ka Leina
7, 8. O itshwara jang mo go utlweng leina Jehofa? Ka ntlha yang?
7 Boitshwaro jwa gago ke eng fa o utlwa leina leno le Bibela e le dirisang bakeng sa Modimo? A le tlhotlheletsa megopolo e e sa tlhamalalang kana e e siameng, e e itumedisang? A o ile wa rutwa go itshwara ka go sa tlhamalale leineng leo ka lone Modimo a ileng a re o tshwanetswe go itsiwe ka lone, kana le tsala boikutlo jwa kanaanelo e e tebileng ya pelo, jaaka Bibela e bontsha gore go tshwanetse?
8 Go utlwa leina Jehofa go tshwanetse ga re dira gore re akanye Mmopi wa legodimo le lefatshe. Mo Sehebereng sa pele, Bibela e re: ‘Jehofa Modimo [Jehofa Elohim] o dirile lefatshe le legodimo.’ E re gape: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.’’ (Genesise 2:4, 7) Ka gone, re Mo kolota botshelo jwa rona. Go bopa ga gagwe go dirile gore go nna ga gago go kgonagale. A lebaka leo le ama boitshwaro jwa gago fa o utlwa leina la Modimo?
9. Ke eng se sengwe gape se leina leno le tshwanetseng go re gakolola sone?
9 Go na fela le go nna Mmopi, ke Moikaeledi. Go dumelwa gore leina Jehofa le raya “O dira gore go diragale.” O itira gore a nne sengwe le sengwe se se tlhokafalang, e le gore kwa ntle ga go paleIwa, maikaelelo le ditsholofetso tsa gagwe di tle di fitlhelelwe.
10. Ke eng se se tlhalosiwang ke Ekesodo 6:3?
10 Jehofa o ne a bolelela Moshe jaana: “Ke kile ka bōnalèla Aberahame, le Isake, le Yakobe, ke le Modimo Mothataeotlhe, me ka leina ya me ya YEHOFA ka bo ke sa itsiwe mo go bōnè.” (Ekesodo 6:3) A seno se ne se raya gore Aberahame le Isake le Jakobe le ka motlha ga ba ise ba ke ba utlwe leina leno? Nnyaa, se ne se ka se reye seo, ka go bo Jehofa go le pele o ne a bolelela Moshe gore e ne e le Modimo wa banna bano ba bararo. (Ekesodo 3:15) Gape, jaaka setlhogo sa pele “A Leina Le Le Tshwanetse Go Dirisiwa?” (tsebe 4) se bontshitse, batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ne ba dirisa leina leo ka metlha. Mme leina leno le ne le tla senolwa ka tsela e nngwe e ntsha. Seo ba neng ba se ka ba se itse e ne e le bokao jo bo okeditsweng jo leina jeno le neng le tla bo tsaya fa fela batho ba ne ba setse ba bone bokgakaleng joo Jehofa o neng a tla bo ya gore ditsholofetso le maikaelelo a gagwe di diragadiwe.
11. Baiseraele ba ne ba tla tloga ba itse Jehofa ka tsela efe e e oketsegileng go na le ya borraabo mogolo?
11 Maikaelelo afe? Batho ba ne ba tla tloga ba iponela ka matlho Dipetso tse Some tse di tsitsibanyang mmele. Ba ne ba tla tloga ba ralala lefatshe je le omeletseng go kgabaganya Lewatle je Lehibidu. Ba ne ba tla neelwa Molao tlaseng ga maemo a a boitshegang kwa Thabeng ya Sinai. Ba ne ba tla sirelediwa go ralala “naga e kgolo e e boitshegañ eo” le go tlisiwa mo Lefatsheng la Tsholofetso.—Duteronome 1:19; Ekesodo 6:7, 8; 14:21-25; 19:16-19.
Ditiro Tsa Gagwe Tsa Lorato
12, 13. Ke dilo dingwe dife tse Bibela e re bolelelang tsone kaga ditiro tsa lorato tsa ga Jehofa?
12 Polelo yotlhe ya Bibela e tlhalosa Mmopi. E supa boikanyego, tshiamo le tshiamiso tsa gagwe. Bibela e re: “Yehofa o molemō le thōkgamō.’’ E re: “Gonne molemō oa gagwè o mogolo yañ!” “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.’’—Pesalema 25:8; Sekaria 9:17; Duteronome 32:4.
13 Bibela e supa Jehofa jaaka Kgosi (Pesalema 10:16; Daniele 4:34), Moatlhodi (Pesalema 50:6; 98:9), Rara (Isaia 64:8; Mathaio 6:6-9), Monna (Isaia 54:5; Yeremia 3:14), Moruti (Pesalema 71:17; Isaia 50:4; 54:13) le Mothusi (Pesalema 30:2; 115:9-13; 121:2). Leina la gagwe le tshwanetse la re gakolola ditiro tsa gagwe tse di lorato, le lebaka la gore o tlhomile melao-metheo e e tshiamo le gore o na le tshwanelo ya go batla kutlo le boineelo mo baneng ba gagwe ba selefatshe. Dikwalo di re: “Yehofa o ipoletse, o dihile tshekishō.’’ “Yehofa o boloka botlhe ba ba mo ratañ; me baikepi botlhe o tla ba senya.”—Pesalema 9:16; 145:20.
14. (a) Bakwadi le baopedi ba Dipesalema ba ne ba bontsha tsholofelo ya bone mo go Jehofa jang? (b) Diane di bontshang kaga gagwe?
14 Leina leno le tlhaga makgetlo a 749 mo bukeng yotlhe ya Bibela ya Dipesalema. Dipesalema, kana dipina tsa pako di ne tsa opelwa ke baobamedi ba ba ipelang bao ba neng ba “ntshetsa leina ya ga Yehofa malebogō” mo tempeleng mo Jerusalema. (Pesalema 122:1-4) Bakwadi le baopedi ba dipesalema ba ne ba itse leina la ga Jehofa (Pesalema 9:10), ba ne ba ikanya mo leineng ja gagwe (33:21), ba ne ba bitsa leina ja gagwe (80:18; 105:1), ba ne ba ntshetsa leina ja gagwe je le boitshepo malebogo (106:47), ba ne ba batla thuso mo leineng ja gagwe (124:8) mme ka metlha ba ne ba baka leina ja gagwe (68:4; 135:3). La gagwe e ne e se leina le le hitlhegileng mme e ne e le leina je le rategang. (Pesalema 89:1; 92:1-5) Ga se fela gore Jehofa o ne a dira ditiro tse di lorato tse di bakiwang go Dipesalema mme gape o ne a tlhotlheletsa botlhale jo bo begilweng mo bukeng ya Bibela ya ga Diane. E re: “Gonne Yehofa o aba botlhale, kicō e cwa mo molomuñ oa gagwè, le tlhaloganyō.” (Diane 2:6) Fa e le gore thanolelo ya gago e dirisa “MORENA” mo ditemaneng tseno, tlhomamisega gore ka Sehebera sa pele, leina la Modimo le bonala mo go e nngwe le e nngwe ya tsone.
15. (a) Leina la ga Jehofa le tshwanetse go re gakolola ka ditiragalo dife tse dikgolo? (b) Go ya ka Daniele 2:20, 21 le 4:17, ke eng seo se re baakanyetsang ka motheo wa go segofatsa leina la ga Jehofa?
15 Leina le le tshwanetse go re gakolola ka phutho yotlhe ya ditso, polelelo-pele, melao le botlhale tseo di tsonkoloIwang mo Bibeleng. Le tshwanetse la re gakolola ka dipolelelo-pele tse di gakgamatsang tseo di neng tsa dirisana le tsela e kgolo ya ditso tsa lefatshe. Jehofa o ne a dira gore ditiragalo tsa ditso di diragale ka tsela e e leng gore dipolelelo-pele tsa gagwe di ne di tla diragadiwa go Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika le Roma, mme le eleng go ralala lekgolo la rona la dingwaga la bo-20 le le tlhakatlhakaneng mo go kana le eleng go feta.—Daniele, dikgaolo 2, 7, 8.a
Jesu le Leina la ga Rraagwe
16. (a) Loeto lo lo khutshwane lwa ga Jesu lwa selefatshe le tshwanetse lwa ama jang kanaanelo ya rona ka Rraagwe, Jehofa Modimo? (b) Ke jang, segolo bogolo, Jesu a neng a itsise leina la ga Rraagwe?
16 Boikutlo jo bo bothito jwa kanaanelo joo leina la bomodimo Jehofa bo tshwanetseng go bo tlisa mo dipelong tsa rona bo tshwanetse go akareletsa le eleng lebaka le le leng botlhokwa go feta—gore ka dikgakgamatso o ne a romela mo lefatsheng “Motsalwa pele” wa gagwe, “Lehoko,” yo o neng a tla go nna Jesu Keresete. (Bahebera 1:6; Yohane 1:1-3; Baroma 5:6-8) Mo thapelong go Rraagwe wa selegodimo, Jesu o ne a re: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea. . . . Me ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.” (Yohane 17:6, 26) E ne e se gore balatedi ba gagwe ba ne ba ntse ba sa itse leina la Modimo. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong “Leina la Modimo le mo Dikwalong tsa Bokeresete” (tsebe 8), ba ne ba bona ka bobedi leina leno mo memenaganong ya Dibibela tsa bone tsa Sehebera le thanolelo ya Bibela ya Segerika e ba neng ba e dirisa. Mme ka ntlha ya go ruta ga ga Jesu, leina le ne la tsaya bokao jo bo oketsegileng—fela jaaka le ne la dira ka ntlha ya ditiro tsa ga Jehofa morago koo mo motlheng wa ga Moshe. Jesu ka mo go gakgamatsang o ne a atolosa kitso le kanaanelo tsa rona kaga Jehofa, ka botho jwa gagwe le maikaelelo a gagwe. Re itse leina la ga Jehofa ka tsela e e gakgamatsang segolo bogolo ka Jesu, yo o neng a re: “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.” Jesu o ne a baakanyetsa ka thekololo le tsela ya go atamela Rara. Ka gone Jesu o ne a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.”—Yohane 7:16; 14:6.
17. Ke tiriso efe ya selegodimo ya leina la Modimo e e neng ya bolelelwa pele mo bukeng ya ga Tshenolō?
17 Mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō, eo e begang ponatshegelo ya ga Johane ya ditiragalo tsa motlha wa rona, leina la ga Jehofa le sa ntse le ntse le bakwa. Fa Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o senngwa, boidiidi jo bogolo mo legodimong bo goeletsa ka boipelo jo bogolo: “Haleloya! Poloka, le kgalalèlō, le thata, ke tsa Modimo oa rona.” Go tswa foo “bagolwane ba ba mashomè mabedi le bonè, le ditshidi tse nnè, ba wèla ha hatshe, ba ōbamèla Modimo o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, ba re, Amen! Haleloya!” (Tshenolō 19:1, 4) “Haleloya” e raya eng? Re setse re bone, mo tsebeng ya 4, gore “Jah” ke sebopego se se khutshafaditsweng sa go reta “Jehofa.” Ka gone, The Random House Dictionary of the English Language e bolela ka gore “Haleloya’’ e tswa mo Sehebereng e raya “Galaletsang Jehofa.” Ka jalo Modimo o obamelwa mo legodimong ka kgoeletso: “Galaletsang Jehofa!”
Ditiro tse di Gakgamatsang
18. Ke ka go itse dilo dife tse Jehofa a di dirileng ‘‘ka ntlha ea leina ya gagwè” re ka thusegang go anaanela?
18 Leina la Modimo le tshwanetswe go dirisiwa. Le tshwanetse go re gakolola ka ditiro tsa gagwe le bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Bibela e re bolelela gore o ne a dira dilo tseno tse dikgolo “ka ntlha ea leina ya gagwè, gore a itsehatsè thata ea gagwè e e bonatla.” (Pesalema 106:8) Ditiro tse di gakgamatsang tse o neng a di dira “ka ntlha ea leina ya gagwè” di ne di sa dirwe ka ntlha ya boikgodiso mme go re thusa go anaanela gore ke Modimo, le gore o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re direng, le gore re ka nna le tsholofelo e e tletseng mo tiragatsong ya ditsholofetso tsa gagwe. (1 Samuele 12:22) Ka gone o ne a re: “Gakologèlwañ dilō tsa pele tsa bogologolo: gonne ke Nna Modimo, me ga go na opè o pele; ke Nna Modimo, me ga go na opè eo o chwanañ le nna; Eo ke bolèlañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō, ke bolèle e sale bogologolo dilō tse di e señ di dihwe; ka re, Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla, . . . E, ke ikaeletse, le gōna ke tla dihatsa; ke ikaeletse, le gōna ke tla diha.”—Isaia 46:9-11.
19. Ke polelo efe e e tlhomamisetsang e Joshue a neng a e dira ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo?
19 Makgolo a dingwaga go le pelenyana Joshue o ne a gakolola Baiseraela jaana: “Me loa itse mo peduñ tsa lona lotlhe, le mo meoeeñ ea lona lotlhe ha go sena sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihaletse cotlhe, ga goa tlhaèla sepè sa cōna.”—Yoshue 23:14.
20. Ke dilo dingwe dife tseo leina Jehofa le go gakololang tsone?
20 A dilo tseno tsotlhe di a kopanyelediwa mo go kgatlhiweng ga gago ke Jehofa? A go utlwa leina la gagwe go go gakolola ka ditiro tsa gagwe, maatla a gagwe, bonatla jwa gagwe, boikanyego jwa gagwe le boammaaruri jwa ditsholofetso tsa gagwe? A o nyalanya leina la gagwe le Modimo yo o itirang gore a nne eng fela se se ka tswang se batlega e le gore maikaelelo a gagwe a tle a fitlhelelwe? A o akanya kaga go romelwa ga ga Jesu ke Jehofa mo lefatsheng e le go tla go tlotlomatsa leina la Modimo, go re ruta kaga Rraagwe, le go baakanyetsa ka thekololo go botlhe ba ba tla e amogelang? A mme maikutlo a gago kaga Jehofa a akareletsa kanaanelo ya gago ya ditsholofetso tsa gagwe tsa isagwe e e siameng bakeng sa lefatshe le le phepafaditsweng?—2 Petere 3:13.
21. Boikutlo jwa rona bo ka tshwana le jwa ga Kgosi Dafide yo o siameng jang?
21 Kitso ya dilo tseno tse Jehofa o di dirileng e tsala tumelo. Tumelo e tlhotlheletsa go tsaya kgato. Re dirisa leina la gagwe, re bua ka ditiro tsa gagwe, re ineela ka boithatelo jaaka batlhanka ba gagwe, mme re lebelela pele tiragatsong ya boikaelelo jwa gagwe jo bogolo le jo bo ka sekeng bo palelwe go tlosa boikepo mo lefatsheng le go tlhoma maemo a masha a tshiamo bakeng sa setho se se kutlo. Go nna le tumelo e e ntseng jalo, le go tsaya kgato godimo ga yone, re ka bolela jaaka go ne ga dira Kgosi Dafide yo o siameng: “Molomo oa me o tla bua pakō ea ga Yehofa: me a nama eotlhe e bakè leina ya gagwè ye le boitshèpō ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.’’—Pesalema 145:21.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona puisano ya dipolelelo pele tseno tse di ntsi, bona buka, “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society.
Fa re boeletsa—
◻ Bomosola jwa leina ke eng, phapaanong le leina lengwe le sele leo re ka kgethololang motho ka lone?
◻ Leina Jehofa le tshwanetse go re gakolola eng?
◻ Go ruta ga ga Jesu go ne ga oketsa kanaanelo ya rona ka leina Jehofa jang?
◻ Ke jang ditiro tse Jehofa a neng a di dira “ka ntlha ea leina ya gagwe” di leng mosola o mogolo go rona?
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Motho yo leina la gagwe re sa le itseng ka metlha o nna moeng. Fa Modimo o re laleletsa go dirisa leina la gagwe, ke kgato ya botsalano jwa bomodimo
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go boloka ga Modimo Baiseraele go kgabaganya Lewatle le Lehibidu go ne ga dira gore leina la gagwe le itsiwe jang?