Ga Ke Ne Ke Tlhola Ke Ithuta Ntwa Gope
SOUTH DAKOTA mo Bogarebophirima jwa United States ke kgaolo ya dipolase. Dikgomo di hula mo dithoteng tsa yone tse dintle. Masimo a tletse ka korong ya dikgakologo, barele, oats, mabele le tshwang. Fano, mo toropong ya Aberdeen, ke ne ka simolola botshelo jwa me ka June 10, 1921—botshelo joo bo neng bo tla nthalatsa dintwa tse di boifisahg le kagiso, letlhoo le lorato.
Batsadi ba me e ne e le batho ba Jeremane ba ba dirang ka natla ba ba neng ba dumela mo tumelong le thuto. Ka gone ke ne ka kolobediwa le go godisetswa mo tumelong ya Lutere. Ke ne ka fetsa sekolo ka dikgakologo tsa 1939. Batsadi ba me ba ne ba tlhalane mme rre o ne a sule. Ke ne ke tla ikgethela tsela efe jaanong mo botshelong?
Ke ne ke na le kanaanelo e e tebileng bakeng sa Bibela le Modimo ka jalo ka ikopela go ya sekolong sa boruti sa Lutere go nna moruti. Fa ke sa ntse ke letetse Ntwa ya Lefatshe II e ne ya tlhagoga mo Yuropa mme, ka ke ne ke ise ke utlwe sepe go tswa kholetšheng ya boruti, ka July wa 1940 ke ne ka tsenelela Sesole sa dikepe sa U.S. Ka gone tsela ya botshelo ya go latedisa kagiso e ne ya fifala mo boemong jwa ntwa.
Morago ga thuthuntsho ya pele pele, ke ne ka itlhophela go direla mo Sesoleng sa Difofane sa Dikepe. Kabelo ya me ya ntlha kwa moseja e ne e le kampa ya difofane kwa Olongapo, eseng kgakala go tswa Manila, mo Philippines. United States e ne e ise e kopanyelediwe mo ntweng, ka jalo maeto a rona segolo e ne e le tseo-dinopolo ya dikepe tsa ntwa tsa Majapane mo Pacific.
Majapane A A Tlhasela
Ka December 7, 1941, ke ne ke bereka ka mafelo beke, e ne e le fela go lebelela radio—ka metlha e le nako ya go itapolosa. Ka tshoganyetso radio ya simolola go boaboeletsa molaetsa o o kgaolang pelo wa medumo le matshwao: “Pearl Harbor e tlhasetswe ke Majapane”! Ke ne ka tlola mo setulong mme ka tabogela setsirimane. Ke ne ka itse gore go ne go tla re go ise go e kgakala Majapane a bo a tlhasela gape Philippines.
Ke go raya ke go raya, e ne ya re tadi e amusa ba bo ba setse ba re thuthuntsha. Bontsi jwa difofane tsa rona di ne tsa senyetswa mo fatshe. Tseo di neng tsa fofela mo marung di ne tsa thuthuntsha le go nwetsa dikepe tsa ntwa tsa Majapane. Ditlhopha tse disha di ne tsa emela tse di kgologolo ka bofefo jaaka difofane di ne di ntse di tla. Ke ne ka hapaanela mo maetong ano a go neng go bonala a sa fele a bile a le bodiphatsa.
Re ne re Iwa ntwa re fenngwa. Difofane tsa ntwa tsa Majapane di ne tsa fofela mo tlase mo go rona fela jaaka phakalane ga motlhofo a dira ka kokwana. Mo malatsing a se makae fela difofane tsotlhe tsa rona di ne tsa senngwa, mme mo banneng ba ba 500 mo kampeng ya rona go ne go setse ba le 50 fela. Re ne ra tshwanelwa ke go tshaba mo ditlhakeng. Ka jalo re ne ra pagama sefofane se se rwalang batho se se botlana sa Fora, ra tšhwamoga mephato ya Majapane e e re kabeletseng mme ra tshabela kwa Dutch East Indies dimmaele di ka nna 2 000 kgakala.
Re ne ra kotama mo Surabaja, mo jaanong go bidiwang Indonesia. Mme ka bofefo fela Majapane a bo a setse a le mo go rona, mme re ne ra tshwanelwa ke go kata ka sa morago go ya ko Port Darwin mo Australia, koo re neng ra akanya gore re tla bo re sa ntse re le kgakalanyana le bone. Ya re go ise go bo go e kae, difofane tsa ntwa tsa Majapane ka ponyo ya leitlho tsa tswa golo go sa itseweng mme tsa fetola felo foo selelo le khuranyo ya meno. Dikepe tse di ka nnang 20 tsa nwetswa. Sa rona, Willie B. Preston, sekepe se se neng sa fetolelwa go nna sefofane se se tsayang merwalo, se ne sa thuthuntshiwa mme sa rarankiwa ka marumo a di “machine gun” go fitlhelela se tuka. Ka tsela nngwe re ne ra kgona go tima molelo mme, mo lefifing la bosigo, ra khukhutha ra tswa mo kampeng mme ra ya kwa lotshitshing lo lo kwa botlhaba lwa Australia go ya Fremantle.
Bosigo joo ba ba suleng, bontsi jwa bone e ne e le ditsala tse dikgolo, di ne tsa thathediwa le go phuthwa ka ditante, mme, morago ga mafoko a se kae a e neng e se a kgomotso gotlhelele, re ne ra repisetsa ditopo mo lewatleng. Ntwa e ne e setse e nthutile go ila mmaba. Kgatlampolo eno e e tsitlisang marapo e ne ya ntira gore ke ikutlwe ke le bogalaka le e leng go feta.
Kgaolo E Ntšha ya Botlhabanelo
Morago ga lefi ya rona ya malatsi a a 30 kabelo ya rona e e latelang e ne ya nna Ditlhake tsa Aleutian, tseo di ikgarang kwa borwabophirima go tswa Alaska. Re ne re na le maeto a ka metlha a go batla le go senya dikepe tsa Majapane.
Ka August 8, 1942, kwa tlhabanong ya Attu re ne ra thuntshiwa mme seromamowa sa rona sa mapotiele se ne sa senngwa. Go boela morago kwa kampeng, re ne ra ralala mouwane o mogolo mme ra timelelwa ke ko re go yang. Selo sa bofelo se ke se gakologelwang ke ne ka utlwa kapotene a goeletsa, “Re ya go sugakana!”
Fa ke ne ke rula ke ne ke bona sefofane sa rona se sa ntse se peperetla. Re ne ra thula ntlha e nngwe ya thaba mme ka latlhelwa kgakala go tswa mo tshugakanong. Bomorago bo ne jwa robega ka go ruthagana, mme fa e le gore mongwe o ne a tshela o ne a tla bo a le koo. Tshika nngwe le nngwe ya mmele wa me e ne e opa mo go botlhoko, mme ka tsela nngwe ke ne ka kgona go abula go ya kwa mogatleng mme ka fitlhela tsala eo re neng re ntshanya seinong e sa tshela. O ne a le mo boemong jo bo botlhoko. Ke ne ka kgona go mo gogoula mo matlakaleng ao a a shang le go boela gape ke idibala.
E tshwanetse e bo e nnile modumo o mogolo wa diphuka tsa difofane tseo di neng di batla fa di ne di fofela tlase mo matlakaleng o o neng wa ntsosa mo letsatsing le le latelang. Jaaka sefofane se ne se feta mo godimo ga rona, ke ne ka kgona go tsholetsa letselanyana le le fofang mme ka boela gape ka idibala.
Fa ke ne ke tsoga gape ke ne ke robetse mo sepateleng sa Sesole tsala ya me a bapile le nna mo bolaong. O ne a tshela malatsi a se makaenyana fela. Seo se ne sa ntlogela, mofalodi a le esi fela mo bapalaming ba ba ferang bongwe. Ke ne ka bona banna ba bantsi ba a swa pele, mme jaanong ditsala tse re neng re ntshana seinong di ne tsa swa tsotlhe. Ke ne ka nnela go ipotsa, ‘Mme ke ka ntlha yang nna? Ke ka ntlha yang ke tshwanetse ka falola?’ Ka nako e ke ne ka khutlisa go bala Bibela mme ka wela tlase fela thata mo semoyeng.
“Harp” E Fetotse Botshelo Jwa Me
Go tswa Dutch Harbor mo ditlhakeng tsa Aleutian ke ne ka isiwa ka sekepe sa sepatela sa Sesole kwa Sepateleng sa Sesole sa Bremerton mo kgaolong ya Washington. Ditlhaa tsa me, tse di neng tsa robega gantsintsi, di ne tsa seka tsa tlhamaladiwa, ka jalo go ne go tlhokafala gore di rojwe gape mme di tlhamaladiwe gape. Ke ne ka nna dikgwedi tse thataro ke ikoka mo go gobaleng gantsintsi moo.
Fa ke ne ke ntshiwa ke ne ka etela kgaitsadiake yo mogolo mo California. Letsatsi lengwe ke ne ka bona moagelani wa gagwe a latlha dibuka tse go neng go lebega di le disha. E nngwe e ne e bitswa Prophecy. Ke ne ka botsa fa e le gore a e kaga Bibela. O ne a re, “Ee, go jalo, mme go na le tse dingwe gape. O ka di tsaya tsotlhe.” Ke kafa ke ileng ka bona gape The Harp of God le dibuka tse dingwe di le mmalwa tse di gatisitsweng ke Watchtower Society.
Go ne ga bonala jaaka ekete kgatlhego ya me ya semoya e ne ya shafadiwa gape. Ke ne ke batla go tlhaloganya Bibela botoka. Ke ne ka tsaya buka Prophecy mme ka e bala yotlhe mme ka se ka ka e tlhaloganya. Ka jalo ke ne ka latlha dibuka kwa ntle ga The Harp of God, e ke neng ka e subela mo kgetseng ya me ya difofane.
Dikgwedinyana di sekae ke ne ka fofa le mogolwane wa tsa Bosole yo mogolo re tlhatlhoba dikampa tsa Bosole mo lotshitshing Iwa bophirima lwa U.S. Seno se ne sa nneela nako e ntsi thata bakeng sa se go tweng ke menate ya botshelo jono, mme kgabagare di ne tsa ntlogela ke le lolea ebile ke nnannetsa. Ke ne ka ikopela gore ke boele kwa tirong ya go lwa. Setlhopha sa me se sesha sa batlhabani ba maemo a a fa gare a a bofefo a ntwa se ne sa romelwa kwa Saipan le Tinian mo Pacific. Kabelo ya me e ne e le go dirisa seromamowanyana sa mapotiele sa dibomo mo tlhogong ya sefofane. Setlhopha sengwe le sengwe se ne se fofa ka sefofane sa loeto sa tlhabano malatsi a sekae mangwe le mangwe, se se neng se tlogela nako e ntsi thata ya menate mo kampeng.
Letsatsi lengwe fa ke ntse ke fenyekolola beke ya me ya go fofa ke lebelela dikarata tsa me tsa sekepe, ke ne ka ntsha buka The Harp of God, ke ne ka simolola go e bala. Kgakgamalong ya me ke ne ka simolola go tlhaloganya gore “dihele” ke lebitla, gore motho ke moya le gore ga se o o sa sweng le gore ga gona tshegetso epe ya Dikwalo bakeng sa thuto ya motheo ya Tharo-nngwe. Kutlwisiso eno ya motheo e ne ya nkakabatsa.
Ka bofefo ke ne ka tsaya Bibela ya me mme ka simolola go lebelela dikwalo tsotlhe tse di neng di tsopotswe. Ke ne ke ka se dumele gotlhelele se ke neng ke se bona. Tsotlhe di ne di phepafetse di bile di le motlhofo. Ke ne ka kgatlhiwa ke se ke neng ke se ithuta. Mme go tswa foo morago ga go akanya kaga gone ke ne ka fetsa ka gore ke e ko bontoneng ba Maporosetanta le ba Makatoliki mme ke ba botse gore ba ntshupegetse go tswa Bibeleng gore dihele e ne e se lebitla.
Kgakololo ya ga Ntona
Tota, ba ne ba ka se ka ba dira jalo. Mongwe o ne a nneela kgakololo e ke sa ntseng ke e gakologelwa nako kgolo ke eno. O ne a re: “Miller, o na le rekoto e e gakgamatsang ya Bosole jwa dikepe ebile o tlotlwa fela thata. Isagwe ya gago e babalesegile mo Bosoleng jwa Dikepe. O mongwe wa basimegi ba bagolo ba bosole yo mmotlana yo o kileng a tlhophiwa. O seka wa dira phoso e e maswe ya go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, bao ba sa dumediseng folaga kana ba sa tlhabaneleng naga ya bone.” Bontona bano ba ne ba gana go araba epe ya dipotso tsa me tsa Bibela, mme karabelo ya bone e le yosi fela e ne e le go tlhasela Basupi ba ba neng ba itsege sentle ba ba neng ba setse ba sule ka nako eo.
Dikakgelo tsa bone di ne tsa mpelaetsa kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ga go ope wa bone yo a ileng a bula Bibela go ganetsa ditumelo tsa me tse disha tse di sa tswang go bonwa. Ke ne ka akanya, ‘Tota, seno ke boammaaruri. Ke tshwanetse go dira se ke ka se kgonang go thusa ba bangwe go tlhaloganya.’ Letsatsi le le latelang ke ne ka simolola go bolelela banna ba bangwe seo ke se ithutileng. Ba ne ba akanya gore e ne e le phapaang e kgolo mo tseleng ya me ya pele ya go akanya.
Lefoko la go rera ga me la fitlha kwa molaoding wa bosole, yo o neng a mpiletsa mo ofising ya gagwe mme a re: “Miller, re ile ra nna mmogo ka lobaka mme mo malatsing a se makae re tla bo re tsena mo go e nngwe ya ditiro tse di makgwakgwa go di feta, lwo Jima! Jaanong, se thero eno e leng ka ga sone ga se kgang ya me. Mme ke go kopa gore o khutlise go fitlhelela loeto lono lo fela.” Seno se ne sa lebega e le kopo e e utlwalang, ka jalo ka dumelana.
Go Lwela Iwo Jima
Mo maetong otlhe go ne go tshwarwa phuthegonyana. E le gore go tle go kgonwe go gapiwa Iwo Jima go ne ga hopholediwa gore go ne go tla swa ba le kae. Ke ne ka tsidifalelwa fa ke ne ke utlwa palo. Dikgobalo le dintsho e ne e sa tlhole e le dipalo fela tsa pampiri mme e ne e le matshelo a batho.
Majapane ba ne ba leka ka natla go ngaparela setlhake seno se se botlhokwa. Ba ne ba ikepela bakeng sa tshireletsego ka mo tlase ga matlapa mo lotshitshing lotlhe, mo go ne go dira gore go se kgonege go ba gonya mo teng. Go ne go na le tsela e le yosi fela e e tlhomamisegang—go fofela kwa tlase go hupetsa dikgaga ka dibomo tse di bolau tsa napalm. Fa di ne di thunya, molelo wa tsone o ne o elelela mo magagong le dilomong, go fetola seno go nna selelo le khuranyo ya meno e e tsitsibanyang.
Morago ga malatsi a a rileng re ne ra gapa Iwo Jima mme kgabagare re ne ra kgona go kotama mo boemelong jwa difofane. Fa ke ne ke tswa mo sekepeng, ke ne ka bona dintsho tikologong yotlhe ya me. Ke ne ka tsamaela mo lotshitshing mo matlapeng go bona matswela a tlhaselo. Pono e ne e le e e ferosang sebete e e ka se tlhalosiweng—ditopo tse di gaupaneng gongwe le gongwe. Go ne go boifisa tota. Ke ne ka gamarega pelo.
Matswela a bofelo a lwo Jima a ne a begwa e le Maamerika a a suleng 8 000 le a a gobetseng 26 000. Majapane a a suleng e ne e le 22 000. Seno sotlhe e le bakeng sa setlhake sa 8-square-miIe a le mongwe (20-sq-km)!
Ka August 1945 dibomo tsa atomo di ne tsa latlhelwa mo Japane. Mo bekeng fela Majapane a ineela, mme ntwa ya bo e fedile.
Go Kopana Ga Me Ga Ntlha Le Basupi
Fa ke ne ke goroga mo United States, ke ne ka ya kwa Portland, Oregon, go etela lelapa la ga etsho. Ba ne ba le kgatlhanong gotlhelele le tumelo ya me e ntsha. Lefa go ntse jalo, ba ne ba itse Howard Meier, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka bofefo fela ka ikopanya le ena mme ka mo gwetlha ka seo bontona ba neng ba mpoleletse sona kaga Basupi. Ka bofefo fela o ne a tlosa leswe leo. Ka jalo ke ne ka simolola go nna gone dipokanong kwa Holong ya Bogosi mme ka nna le seabe mo tirong ya go rera.
Jaaka ke ne ke ithuta melao-metheo ya Bibela ka ntwa le kagiso ke ne ka lemoga gore ke ne ke ka se nne le seabe mo ditirong tsa bosole kana go letlanya botshelo jwa me jwa bosole le botshelo jwa boammaaruri jwa Bokeresete. (Isaia 2:4; Mathaio 22:37-40) Phetso e ne e tshwanelwa gore e dirwe kaga seo ke neng ke tla se dira, ka gobo ka bofefo ke ne ke tla tshwanelwa ke gore ke ipege kwa tirong.
Mo nakong eno Howard Meier o ne a nneela kgakololo nngwe eo ke e lebogelang ka metlha. O ne a re: “Semoyeng o sa ntse o le ngwana. Go na le gore o fetse gone jaanong jaana gore ke eng seo se go siametseng, ke ka ntlha yang o sa boele kwa kampeng, wa ya dipokanong gaufi le Holo ya Bogosi e e gaufi ya Basupi ba ga Jehofa, mme jaaka o ntse o gola ka kitso le kutlwisiso, o lope Jehofa bakeng sa kaelo le kgogo ya gagwe.”
Ke ne ka ipega kwa kampeng ya difofane kwa Whidbey Island, Washington. Ke ne ka simolola ka ponyo ya leitlho go kopanela le Phuthego ya Anacortes ya Basupi ba ga Jehofa. Ka bofefo ka bo ke simolola go rera ka ntlo le ntlo le go itsise dipuo tsa phatlalatsa mo mebileng. Mo nakong e khutshwanyane ke ne ke tsamaisa dithuto tsa Bibela tse di ka nnang boroba bobedi go ya go lesome mo kampeng ya difofane.
Ga simologa go goroga molaetsa mo kampeng ya Bosole jwa Dikepe go ngongoregelwa mosimegi yo mogolo wa lesole yo o tsamayang mo mebileng a anamisa dipolelo tsa Bibela. Ke ne ka bidiwa ke ntona mme a mpolelela ka mafoko a a bogale go ‘KHUTLISA matlakala ano!’ Tota, ke ne ka gana.
Go Tshwarwa le Tsheko ya Sesole
Fa ke ne ke rera mo mmileng ke ne ka tshwarwa ke mapodisi a tsa Bosole jwa dikepe. Molato? Go tlontlolola jenifomo ya Sesole. Kgato eno e ne ya felela ka tsheko ya bosole e e ne e ka raya kgolegelo ya bosole le kana go lelekwa mo go tlhabisang ditlhong. Ke ne ka gana go dirisa agente ya Bosole jwa dikepe, ereka ke ne ke ikutlwa gore ke ne ke ka tlhalosa boemo jwa me le tumelo ya me e ntšha e e theilweng mo Bibeleng.
Ke ne ka tlisiwa pele ga Baatlhodi ba tsheko ya Sesole sa dikepe, mme melato e ne ya balwa. Morago ga puisano ya lobaka lo loleele le dipotso kaga ditumelo tsa me, ke ne ka botswa fa ke ne ke na le mafoko mangwe a bofelo go a bua.
“Ee, ke na nao,” ka rialo. Ka supa folaga ya Amerika, ka botsa, “A folaga e ke sesupo sa matshamekwane?”
“O . . . rayang ka seo, Miller?” ga latlhela mongwe wa balaodi ba bosole jaaka a ne a tomoga mo setulong sa gagwe.
Tota borra, le na le rekoto yotlhe ya me ya Bosole jwa dikepe mo pele ga lona. Lo itse gore ke ne ka ithaopa le go Iwela dilo tse folaga eno e di emelang go ya le go pota ka kwa tiro ya me. Ke ne ke dumela gore ga twe e emela kgololesego ya kobamelo, go bua le bodumedi. Ke ne ka bona ditsala tsa me di tlhatlhamoloIwa mo pele ga matlho a me ka go bo le bone ba ne ba Iwela dikgololesego tseo. Ke ne ka bona diketekete di gatlampoIwa mo Philippines, Australia, New Guinea, Saipan, Tinian, le ditlhake tsa Aleutian le Iwo Jima. Ke ne ka nna le maeto a ntwa a a fetang lekgolo le dipaterole tse di ntsi tse di diphatsa. Ke na le dimentlele le ditlankana tse di ntsi go feta lefa e le dikete tse di gone mo kampeng eno. A le ile go nthontsha tsone dilo tse tota ke neng ka di lwela le tse folaga e di emelang—kgololesego ya kobamelo le kgololesego ya puo?”
Go ne ga rena tidimalo mo kamoreng ya tshekelo jaaka ke ne ke nna mo fatshe. Baatlhodi ba ne ba phatlalala mme ka bofefo ba tloga ba boa ka polelo ya gore ba ne ba ka se ka ba dira diphetso ka kgang ya me mme ba ne ba tla e romela kwa Washington, D.C. Moragonyana phetso ya bofelo e ne ya tla go tswa Washington, D.C. Ke ne ke tshwanelwa ke go fetsa dikgwedi tsa me tse tharo tsa tiro mme ke bo ke neelwa tiro e e siametseng segakolodi sa me. Ka July 14, 1946, ke ne ka tswa ka tsela e e tlotlegang. Jaanong he kgato e e latelang mo botshelong jwa me e ne e tla nna eng?
Go Tswa Ntweng go ya Kagisong
Tlaseng ga thulaganyo ya masole a a tlogetseng tiro a bogologolo, ke ne ke na le sebaka sa go ka ya kholetšheng kana unibesithing go ithuta tsela ya botshelo e ke ikgethetseng. Ke ne ka e gana. Ereka jaana ke ne ke na le kitso ya boammaaruri le tsholofelo ya Bibela ya kagiso e e sa feleng mo lefatsheng, ke ne ke batla go thusa ba bangwe go bona botshelo. Ke ne ke batla go emisetsa therego ya ntwa le go bolaya ka tiro e e nayang botshelo.—Pesalema 46:8, 9; Isaia 9:6, 7.
Ke ne ka kolobediwa ka August 1946 kwa kopanong ya “Glad Nations,” mo Cleveland, Ohio. Ke ne ka boela kwa Anacortes mme ka simolola bodihedi jwa nako e e tletseng. Ka 1947 ke ne ka ikopela go direla kwa ntlong-kgolo ya lefatshe ya Watchtower Society mo Brooklyn, New York. Ke ne ka amogelwa mme ka ipega kwa Bethele ka March 29, 1948. Ke ne ka direla mo maphateng a a farologaneng pele ke abelwa kwa Lephateng la Tirelo. E ne e le fano fa ke neng ka nna le tshiamelo ya go direla jaaka mokwaledi wa ga Mokaulengwe T. J. (Bud) Sullivan, yo o moragonyana a neng a direla jaaka leloko la Setlhopha se se Laolang.
E ne e le motswedi wa kgakololo e e botlhale le boitemogelo le sekao sa go tshwara ba bangwe ka bopelonolo. Ke gakologelwa fa Bud a ne a tshwere kgetse e e bokete, o ne a tle a re: “Fa e le gore re tla dira phoso, a re e direng mo letlhakoreng la kutlwelo botlhoko ka go bo Jehofa ke Modimo o o boutlwelo botlhoko.” ‘A ntlha e e molemo,’ ka akanya!—Pesalema 116:5.
Ka 1953 N. H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Watchtower Society, ke sa solofela o ne a ntlhoma jaaka molebedi yo mosha wa Lephata la Tirelo. Seno se ne se tla raya go okamela ditiro tsa bodihedi tsotlhe mo United States. Ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka diragatsa boikarabelo jono dingwaga tse 22. Fa e sale ka 1975 e ile ya tshwarwa ke komiti.
Ka March wa 1952 kgaitsadi yo monana wa maratwa-go-lejwa o ne a tla mo Bethele. O ne a sale a le mo tirelong ya nako e e tletseng fa e sale 1947. Leina la gagwe e ne e le Brook Thornton. Re ne ra ratana mme ra nyalana ka May 1957. Brook o humisitse botshelo jwa me mme re sa le re ntse re itumetse fela thata re direla mmogo mo Bethele.
Kagiso E Tlisa Diphetogo
Ka 1969 ke ne ka nna le boitemogelo jo bo neng jwa nkama tota. Mosadi wa me le nna re ne ra nna le tshiamelo ya go nna go kopano ya merafe-rafe “Peace on Earth” ya Basupi ba ga Jehofa mo Tokyo, mo Japane. Ke tshwanetse ka dumela gore ruri ke ne ke fereetsega maikutlo kaga go etela Japane. Go bokete go tlosa dikgakologelo tsa ntwa. Lemororo ke ile ka amogela thuto ya Bibela, ke ne ke ipotsa kafa ke tla itshwarang ka teng mo Japane.
Malatsi a rona a a seng kae mo nageng eo e ne e le tshenolo go nna! Ke ne ka iphitlhela ke lebane matlho a phage le batho ba ba bonolo, ba ba boikokobetso, ba ba kagiso bao jaanong ba neng ba ila ntwa fela jaaka ke ne ke e ila. Le bone gape ba ne ba fetoga ka nako ya dingwaga tsa fa e sale 1945. Ke ne ka itumela mo go maswe.
Bolwetsi jwa Tlhasela
Ka 1979 ke ne ka swa mhama mo ke neng ka sala ke sa bone go se go ne ne mme le matlhoko a pelo. Go tswa foo ka 1981 ke ne ka golafala ka ntlha ya go kgaoga ditshika. Ditlhabi tseno, lemororo di le bokete go emelana le tsone, di nthutile botlhokwa jo bogolo jwa go tlhaloganya mathata le maemo a batho ba bangwe.
Ga ke sa tlhole ke kgona go dira se ke neng ke se dira pele. Ke bereka letsatsi le le khutshwane mme ke sa ntse ke na le tshiamelo ya go direla jaaka leloko la Komiti ya Lephata la Tirelo. Ke ile ka bona palo ya baboledi ba ba tlhaga mo United States e gola go tswa go 66 000 ka 1946 go feta 640 000 ka 1983. Mo go bano botlhe, jaaka nna, ba direla kagiso tlaseng ga Bogosi jwa Modimo. Boipelong jo bogolo jwa me, mongwe wa bao a neng a kolobediwa ka 1975 e ne e le mmè. Lefa a le 86, o sa ntse a ntse a rera.
Jaanong ke hohomela letsatsi, le le gautshwanyane fela thata, fa Jehofa Modimo a tla bo a tlisa Thulaganyo e Ntšha ya gagwe ya tshiamo koo dintwa, botlhoko le bolwetsi di se ketlang di tlhola di nna teng gape. Polelo ya Bibela e re: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco [lefoko le le tlhomamisegang la Modimo], re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:13) Ke keletso ya me e e tlhoafetseng go nna le karolo mo ‘lefatsheng je lesha’ jeo le go lebala matlhotlhapelo a ntwa eo ke neng ka nna le seabe mo go yone.
[Mmapa mo go tsebe 26]
CANADA
ALASKA
ALEUTIAN ISLANDS
Attu
BERING SEA
SIBERIA
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Harley Miller fa a ne a le tshimegi ya tsa bosole, Bosole jwa U.S. jwa dikepe, 1945
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Mo Japane ke ne ka kgatlhiwa fela thata ke batho ba ba bonolo, ba ba boikokobetso, ba ba kagiso