Dipotso tse di Tswang go Babadi
♦ A tsholofetso ya ga Jesu ya botshelo jo bo sa khutleng, jaaka e neetswe go Yohane 11:25, 26, e dira fela go batlodiwa, kana a mantswe ano a akareletsa gape le ba “boidiidi yo bogolo,” bao ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng la Paradaise?
Ka dinako tse dingwe mo nakong e e fetileng “Tora ya Tebelo” e ne ya akantsha gore tiriso ya lokwalo lono e lekanyeditswe go Bakeresete bao ba bonang botshelo jwa selegodimo. Go bonala fa pono eno e ne ya tsewa jalo ka go bo koo Jesu o ne a bua le batho bao e neng e tla re morago ba neelwe tsholofelo eo. Mme tlhatlhobiso e e kelotlhoko ya dikwalo tseno e bontsha gore Jesu o ne a sa dire tekanyetso e e ntseng jalo. Jaaka ditlhogo tsa thuto mo tokololong eno ya “Tora ya Tebelo” di tiisetsa, pono ya rona mo go Yohane 11:25, 26 e tshwanetse ya nna e e atlabetseng eo e akareletsang le batho bao ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Ke ka ntlha yang re bua mafoko ano?
Elatlhoko seo Maratha a neng a se bolela kaga moswi Lasaro mo go Yohane 11:24: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” Ke tsogo efe foo e a neng a e gopotse? Aitsane, ke tsogo e Aberahame, le Bajuda ba bangwe ba baboloka-bothokgami ba neng ba e lebelela ka tumelo—tsogo selefatshe! Go ka nna jang he, gore mafoko a a latelang a ga Jesu a ne a tla ikuela go Maratha? A ne a tla fetisetsa go ene boemo mabapi le tsogo ya selefatshe.
Se se latelang Jesu o ikgetholola jaaka ene yo o tla tsosang baswi. Mme ga a ka a re o ne a bua fela ka bangwe ba baswi bao ba neng ba bontsha tumelo mo go ene. Ke “cogō le botshelō” ya botlhe bao ba bonang botshelo jo bo sa khutleng, ekane mo legodimong kana mo lefatsheng. Sotlhe seo Jesu a tswelelang pele go se bua, mo Joh 11 ditemaneng 25 le 26, se ka dirisediwa go ditlhopha tsoopedi, lemororo e le ka ditsela tse di farologaneng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba “tshela” ka go bo ba tsosediwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong. Baswi bao ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng ba a tsosiwa mme e re ka iketlo ba isiwe kwa boitekanelong.—Bapisa Tshenolō 20:4.
Eleruri go boammaaruri ka batlodiwa, jaaka go tlhalositswe go Joh 11 temana 26, gore ga ba ketla ba “shwa gopè” morago ga go tsosiwa. He ba ‘bona Modimo fela jaaka o ntse,’ e le gore ba se tlhole ba “sepela ka tumèlō.” (1 Yohane 3:2; 2 Bakorintha 5:7) Ka jalo fa Jesu a ne a re, “Leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna,” o ntsha lebaka leo segolo bogolo le leng botlhokwa malebana le bao gompieno ba nang le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. “Boidiidi yo bogolo” bo setse bo balelwa bo le tshiamo ka go bo bo “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Ba setse ba ntse ba tshela mo nameng ka tsholofelo ya go falola sepitla se segolo, mme matshelo a bone a tsewa jaaka a a siameng, jaaka joo jwa ga Aberahame wa bogologolo. Bone, gammogo le setho se se tsositsweng, ba tshwanetse go tswelela ba bontsha tumelo mo pusong ya dingwaga tse di sekete ya ga Keresete e le gore ba tle ba bone botshelo jo bo sa khutleng jaaka batho ba ba itekanetseng.—Tshenolō 7:9, 10, 14, 15; 21:3, 4.
Tota tota, seno ga se pono e ntšha gotlhelele. Kgafetsa-kgafetsa mo dingwageng, dikgatiso tsa Watch Tower Society di ile tsa akantsha tiriso e e atlabetseng ya ga Yohane 11:24-26. Ka sekai, “The Watchtower” ya June 1, 1959, tsebe 337, e ne ya re mabapi le basupi ba ga Jehofa bao ba phuthilweng go tswa merafeng yotlhe: “Bao ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng leno ba solofetse gape go falola bokhutlo jwa lefatshe leno, le go tswelela ba tshela mo lefatsheng le lesha kwantle ga go swa.” Ene ya tsopola Bahebera 11:1, 6 le Yohane 11:26 go tshegetsa se. Mme “The Watchtower” ya April 15, 1976 tsebe 243, ka go tshwana e ne ya akareletsa setho se se tsositsweng gammogo le “boidiidi yo bogolo” jwa bafalodi ba Hara-magedona mo mantsweng a a tshwanang ao a ga Jesu: “Leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè. A mo ua go dumèla?”
A mme?
♦ Ke ka ntlha yang fa Bajuda bangwe ba ne ba akanya gore Johane Mokolobetsi e ne e le Elija, jaaka go umakilwe mo go Yohane 1:21?
Pele ga Jesu a kolobediwa, baperesiti bangwe le Balefi ba ne ba tla kwa Bethania kwa moseja wa Joredane, kwa Johane o neng a kolobeletsa teng, mme ba mmotsa gore a ke ene Keresete. Fa Johane a ne a re ga se ene, ba botsa ba re: “Me u eñ nè? A u Eliya?”—Yohane 1:19-28.
Ke ka ntlha yang fa Bajuda bao ba ne ba akanya gore gongwe Johane e ne e le moperofeti wa Mohebera Elija, yo o neng a feditse makgolo a a robang bongwe a dingwaga a ntse a sule? E ne e le ka ntlha ya polelelo-pele e e neng ya bolelwa mo bogareng jwa motlha wa ga Elija le tshimologo ya tirelo ya ga Johane. Moperofeti wa Modimo Malaki o ne a boleletse-pele ka gore: “Bonañ, ke tla roma Eliya moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle.” (Malaki 4:5) Ka mo go phepafetseng Bajuda bangwe ba ne ba tlhaloganya fa seo se ne se raya go boa ga ga Elija ka namana, gongwe ka Modimo go mo tsosa. Go tswa foo Johane a bonala a apere seaparo se se boboa le moitlamo wa letlalo o o tshwanang le wa ga Elija. (Mathaio 3:4; 2 Dikgosi 1:8) Mme Johane o ne a bua thata-thata ka molaetsa wa Modimo o o biletsang boikwatlhao, fela jaaka go dirile Elija. Ka jalo ba ne ba botsa gore a Johane ke Elija.
Johane o ne a araba ka gore, “Nya.” Nya, e ne e se ene moperofeti wa Mohebera Elija ka namana, yo o neng a sa ntse a robetse mo losong. Tota, moengele o ne a boleletse Sakarie (yo o neng a nna rraagwe Johane) gore Johane o ne a tla dira ka “mōea le ka nonohō ea ga Eliya,” go sokololela Bajuda kwa go Jehofa. (Luke 1:17) Yohane o ne a se ketla a nna Elija; mme o ne a tla dira tiro e e tshwanang le eo e neng ya fitlhelelwa ke moperofeti Elija yo o sa leng a sule bogologolo.
Tumalanong le seno, moragonyana Jesu o ne a bua jaana ka go gopola Johane: “Le yana Eliya o setse a tsile, me ga baa ka ba mo itse.” (Mathaio 17:12) O ne a raya gore Johane o ne a diragaditse polelo-pele ya ga Malaki 4:5. O ne a baakanya tsela fa pele ga ga Mesia. Lefa go le jalo, bontsi jwa Bajuda ba ne ba seka ba amogela Johane jaaka modiragatsi boikarabelo joo. Gape go kwadilwe mo go Yohane 10:41: “Le galè Yohane ga a ka a diha seshupō sepè,” lemororo moperofeti wa tlholego Elija a ne a dira ditshupo di le boroba bobedi kana dikgakgamatso.