LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 4/1 ts. 4-8
  • A O Ka Ipelela Paradaise Jaanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Ipelela Paradaise Jaanong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phiri Le Kwanyana
  • Paradaise ya Semoya—Leng?
  • Go Kgwafofatsa Botho
  • “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A o Na le Tsholofelo ya go Tshela Kwa Paradaiseng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Totafalang mo Tsholofelong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 4/1 ts. 4-8

A O Ka Ipelela Paradaise Jaanong?

PARADAISE e gone mo lefatsheng gompieno. E ntse e atologela kgakala kgakala mme e ipelelwa ke didikadike tsa batho. Le wena gape, o ka nna karolo ya yone. A eno ke kgopolo nngwe ya go lora? Gotlhelele nnyaa, ka gobo ga re bue ka lefatshe la paradaise la tlholego, mme ka ya semoya.a

“O raya eng fa o re paradaise ya semoya?” o ka botsa. A re e beye ga motlhofo: Phuthego ya Bakeresete bao ba ileng ba dira diphetogo mo bothong jwa bone go dumalana le dipatlafalo tsa Modimo mme e le bao ba leng kutlwano mo kobamelong ya gagwe ya boammaaruri ba ka bolelwa ba le mo paradaiseng ya semoya.

Ke kae koo Bibela e neelang tshupo ya boemo jwa semoya jo bo gakgamatsang jo bo tshwanang le jo? Go na le bosupi bofe gore boemo jo bo ntseng jalo bo gone gompieno?

Phiri Le Kwanyana

Go na le dipolelo-pele tsa Bibela di le dintsinyana tseo di tlhalosang maemo ao a akantshang ka paradaise. Tlhaloso e e kgatlhisang ya paradaise e e ntseng jalo e fitlhelwa mo go Isaia 11:6-9, e e balegang ka gore:

“Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga. Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera; bana ba cōna ba tla botha mmōgō: me tau e tla ya motlhaka yaka kgomo. Me ñwanyana eo o anyañ o tla tshamèka ha mosimeñ oa kakè, ñwanyana eo o kgwisicweñ o tla baea seatla sa gagwè ha kutleñ ea shaushawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”

A ke o akanye fela gore go tla bo go le go ntle jang go tshela mo ditikologong tse di tidimalo jaaka tse di tlhalosiwang fano, ka kagiso e e feletseng e le gone ka tsela eno e gakgamatsang! Seno se tla busetsa maemo a Paradaise ao a neng a le gone mo tshingwaneng ya Edena fa diphologolo le batho ba ne ba tshela mo tshingwaneng eo ka kutlwano e e itekanetseng. (Genesise 1:30; 2:8, 9, 19, 20) Bakeresete ba boammaaruri ka tlhagafalo ba lebeletse pele go ipelela masego ano a magolo mo selekanyong sa lefatshe ka bophara mo isagweng tlaseng ga puso ya Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete. Puso ya gagwe e tlhalosiwa mo go Isaia 11:1-5, ditemana fela tse di fa godimo ga tse di sa tswang go tsopolwa fa godimo. A mme masego ano a a tlhomamisediwang go itemogelwa mo isagweng tlaseng ga puso ya Bogosi eleruri ke tiragatso e le yosi fela ya mafoko a ga Isaia?

Nnyaa, polelo-pele eno go ka nna ga bolelwa fa e tshwantsha phetogo ya botho jwa batho. Ka tsela efe? Moithuti wa Bibela wa lekgolo la dingwaga la bo-18 Matthew Henry o araba jaana: “Batho ba maikutlo a a bogale le a maswe-maswe, bao ba neng ba tle ba garolake le go thubakaka ba bangwe, ba tla fetola bogale jwa bone ka tsela e e gakgamatsang thata . . . mo e leng gore ba tla tshela ka lorato le eleng mmogo le ba ba bokoa, bao e neng e ka re go le pele ba ba thubakake ga motlhofonyana fela.”

Mme moithuti yo mongwe wa Bibela, Joseph Benson, o ne a kwala jaana mo lekgolong la dingwaga le le sa tswang go feta: “Batho ba maikutlo a a bogale, a a setlhogo, le a a sa laolesegeng le bone ba tla fetolwa ka go rerwa ga efangele, mme ka bopelotlhomogi jwa ga Keresete, ba tla ikokobetsa thata, ba ratega, le go nna bonolo, mme ga ba ketla ba galefela le go bogisa bao ba leng pelonomi le ba ba humanegileng, bao ba umakiwang mo Isa 11 temaneng ya 4.”

A ke o akanye fela ka seo! Batho ba latlha ditlwaelo tsa bone tsa bogologolo tsa bontwa-dumela le go apara, mo boemong jwa moo, botho jo bo tshwaiwang ke kagiso le lorato! E seng gore batho ba ba ntseng jalo ba fetoga seo ba ntseng ba le sone. Isaia ga a re phiri e tla nna kwanyana, mme, go na le moo, gore boikutlo jwa yone bo fetoga mo eleng gore e kgona go nna ka kagiso le kwanyana.

Ka mo go tshwanang, tumalanong le mafoko a ga Isaia, batho ba ditlwaelo tse di jaaka tsa dibatana—bao ka gongwe ba neng ba bolaya, ba kgokgontsha kana ka tsela efe ba tlhasela bangwe ka bone—ba dira diphetogo mo bothong jwa bone, ba dirisana ga motlhofo le batho ba bangwe ka kagiso le botho jo bo jaaka jwa konyana. Fa boemo jo bo ntseng jalo bo tla go nna gone gareng ga batho, matswela a a itumedisang a ka buiwa jaaka paradaise ya semoya. A mme mafoko a ga Isaia eleruri a bona tiragatso ya one gompieno?

Paradaise ya Semoya—Leng?

Polelo-pele e e dumalanang mo bukeng ya ga Isaia e re thusa go tlhoma nako ya fa boemo jo bo gakgamatsang jono jwa semoya bo simololang go itemogelwa. Re bala jaana mo go Isaia 2:2-4:

“Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. . . . Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”

Elatlhoko gore phetogo e e tshwanang e a tlhalosiwa—batho ba tla go nna kagiso, ‘ba thula ditšhaka tsa bone megoma.’ Seno se tla diragala leng? “Mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele,” go araba polelo-pele ya Bibela. Jaaka go ile ga bontshiwa makgetlo a mantsi go Tora ya Tebelo, tsamaiso eno ya dilo e sale e le mo metlheng ya bofelo fa esale ngwaga wa 1914. Ka gone, re tshwanetse ra bo re tshela mo nakong ya fa Isaia 11:6-9 e bonang tiragatso ya yone. Boemo jwa semoya jo bo gakgamatsang bo tshwanetse jaanong bo bo bo le gone! ‘Mme kae?’ o a botsa.

Go Kgwafofatsa Botho

Kgwafofatso ya botho, jaaka go bontshitswe ke polelo-pele ya ga Isaia, e boaboelediwa makgetlo a mantsi thata gareng ga batho ba ba peloatheri bao, morago ga go ithuta boammaaruri jwa Bibela, ba ileng ba ‘fetola megopolo ya bone’ mme ba ‘apara botho jo bosha.’ (Baroma 12:2; Baefesia 4:23, 24) Akanyetsa sekai se se latelang:

David ke lekawana le le kima, le le tiileng yo o neng a golela mo polaseng mo Minnesota, mo United States. “Rre ka metlha o ile a mpolelela gore ke rarabolole dikomang tsa me ka mabole,” go tlhalosa David, yo e neng ya re morago a nna motshameki wa mabole. “Ke sa gakologelwa ka metlha yotlhe fa a ne a nthaya a re, ‘O seka wa simolola ntwa fela, mme o tlhomamisege gore o e fetse.’ Ka ntlha ya gona moo, e ne e le lwa pele o seka wa botsa dipotso. Ke ne tota ke ipelela go gobatsa ba bangwe mo mmeleng.”

Ka motlhala, mo bosigong bongwe monna mongwe o ne a fudusa koloi ya gagwe fa a neng a e emisitse teng mme a feta a thibela koloi ya ga David. Ka bomo fela a gana go suta. “Ke ne ka gakala thata mo ke neng ka batla go mmolaya,” ga bolela David. Ka jalo a gogela monna yoo ka kwantle ga kara ya gagwe mme a mmetsa mo a neng a idibala. A motho wa boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo thubakanyang eleruri o ka fetola ditsela tsa gagwe?

Letsatsi lengwe, fa a ne a sa bereke, David o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Molaetsa wa bone kaga go tla ga Thulaganyo e Ntšha ya tshiamo ya dilo o ne wa ama pelo ya gagwe. “Ke ne ka tlhatswega pelo go tswa fela kwa tshimologong gore ba ne ba na le boammaaruri,” ga bolela David. Jaaka a ne a dirisa mo botshelong jwa gagwe seo a neng a se ithuta, David o ne a simolola go dira diphetogo—o ne a tlogela go goga mme a khutlela go dirisa diokobatsi. O ne a dira le eleng tswelelopele mo go nolofatseng botho jwa gagwe jo bo thubakanyang.

Mme dikgwedi di le mmalwa moragonyana David o ne a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya poelo-morago. O ne a bereka mo konterakeng ya dikago. Moso mongwe mmereki ka ene a simolola go mo garaswanya. David o ne a mo tlhagisa gore a emise, mme o ne a seka. Matswela? David a tlhalosa: “Ke ne ka mo itaya fela thata mo ke neng ka akanya gore ke mmolaile. O ne a gonoga metsotso e e ka nnang 20. Ke ne ka ikutlwa tota ke itlhabetswe ke ditlhong.”

Lefa go ntse jalo, David ka iketlo o ne a tswelela pele mo go fetoleng botho jwa gagwe. Teko ya mmatota e ne ya tla dingwaga di se kae moragonyana ga go nna mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. O ne a rera ka ntlo le ntlo. Mo ntlong nngwe monna mongwe o ne a tswa mme a simolola go mo tlhapatsa. Monna o ne a phamola David ka baki mme a mo latlhaganyetsa kgakala le disetepisi. Kwantle ga go bua lefoko lepe David a simolola go itsamaela go ya mo ntlong e e latelang. Ya re ka a ne a sa kgotsofadiwa ke seno, monna yono a mo kgomogela mme, a sela mohinyana wa baseball, a ripola David mo lothekeng. Lefa go le jalo lekawana leno le pele le neng le thubakanya ga le a ka la ipusolosetsa! O ne a itsamaela fela. A phethogo e e gakgamatsang ya botho! “Phiri” eno jaanong e dirisana ka kagiso le “dikonyana,” e direla jaaka mogolwane le jaaka modihedi wa nako e e tletseng mo phuthegong.

Gantsi batho ba bangwe ba kgatlhiwa ke go bona diphetogo tse di ntseng jalo mo go ba bangwe mo e leng gore le bone gape, ba tlhotlhelediwa go fetola matshelo a bone gore a nne botoka. Ka gone, lekawana le lengwe le le lone gape le bidiwang David, morago ga go kopana le tsala ya gagwe ya bogologolo yo o neng a seka a mmona ka lobaka lo loleele, o ne a re, “o ne a farologane. O ne a sa tlhole a na le moriri o mo leele, a sa tlhole a tlhapatsa kana a kgathala ka go kopanyelediwa mo diokobatsing. O ne a phepafaditse botshelo jwa gagwe gotlhelele. Se se ne sa nkgakgamatsa mo e leng gore ke ne ka batla go itse gore ke eng se se dirileng phetogo eno.” Tsala ya ga David e ne ya nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme le ene David, morago ga go phepafatsa botshelo jo eleng jwa gagwe.

Maitemogelo a a fa godimo a ka ntsifadiwa a ba a nna a ntsifadiwa gape gape mo diphuthegong tse 45 000 tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Ka gongwe o itse a le mongwe kana ba ba fetang ba bone bao ba ileng ba dira diphetogo tse di gakgamatsang mo matshelong a bone.

Fa balebeledi ba tla dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa, gantsi ba bua ka boemo jwa kagiso jo bo koo. Morulaganyi dikgang wa Journal de Montréal o kwadile ka gore: “Ga ke Mosupi. Mme ke mosupi wa lebaka la gore Basupi ba supela ka botlalo le ka maitseo a a siameng. . . . Fa e ne e le gore e ne e le bone batho fela mo lefatsheng, re ka bo mo bosigong re sa tlhoke gore re ngananganele mabati a rona go a tswala ebile le go tsenya ditshosa-magodu.”

Mo Mexico metse e le mebedi e ne e tikana ka noga e utlwa. Go ne go na le dikgatlampolano tsa ka metlha. Go ne go se sepe se mapodisi a ka se dirang go ba emisa. Go tswa foo, lelapa lengwe la simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Malapa a mangwe a rekisa dibetsa tsa bone, ba dirisa madi ao go reka Dibibela, gore le bone, gape, ba ka ithuta. Ka bofefo fela, paradaise ya semoya ya kagiso ya boammaaruri le kutlwano e ne ya tlhomiwa gareng ga baagi ba metse eo.

Mme ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba a itlotlomatsa ka go fitlhelela boemo jo bo supelwang mo go Isaia 11:6-9. Nyaa, go na le maatla a le mangwe fela mo lobopong lotlhe ao a dirang gore batho ba dire diphetogo tse dikgolo tse di ntseng jalo mo bothong jwa bone. Maatla ao ke moya o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Mme ka mo go itumedisang Modimo o neela moya oo go batho bao ka bopeloatheri ba o batlang ebile ba dumalana le dipatlafalo tsa gagwe.—Luke 11:9-13; Ditihō 5:32.

Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba iphaka fa ba itekanetse. Nyaa, ba na le mathata fela jaaka mongwe le mongwe. Mme ba na le kaelo e e utlwalang ya go dirisana le mathata a bone—Bibela. (Pesalema 119:105) Ba leka ka natla go dirisa melao-metheo ya yone mo matshelong a bone, lefa ka dinako tse dingwe ba tlhaela. (Baroma 3:23) O ka bona he, gore mekgwa ya botho eo e nang le metswe e e kwa teng ga e motlhofo go khumolwa. Lefa go le jalo, ka thuso ya moya wa Modimo, le eleng batho bao ba nang le botho jo bo boifisang ba ka dira tswelelo pele mo go kgwafofatseng mekgwa e e sa eletsegeng.

Lefa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe se se tlhomamisegang: Mo boemong jwa letlhoo, tlhoka-kutlwano le boitsholo jo bo sa siamang jo o bo bonang mo lefatsheng gompieno, lorato, kagiso ya mogopolo le kutlwano, tse di bonalang gareng ga Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, di ipelelwa mo paradaiseng ya semoya. Seno se baakanyetsa ka tebelelo ya go sa le pele ya kafa batho ba ba ratang kagiso ba tla a tshelang mmogo mo lefatsheng leno mo Paradaiseng ya mmatota ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete Jesu.—Luke 23:43.

Goreng o sa ithute mo go oketsegileng kaga paradaise eo? Tlhotlhomisa gore ke ka ntlha yang Basupi ba ga Jehofa ba ipelela kagiso e e ntseng jalo e e lekanyeditsweng, thethebalo, boitumelo le kutlwano—dilo tseo kwantle le pelaelo o di nyalanyang le paradaise. Ithute gore ke jang le wena, o ka ipelelang paradaise e e ntseng jalo gone jaanong jaana!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefoko la Sekgoa “paradise” le tswa mo leineng la Segerika paraʹdeisos, leo le rayang “tshingwana.”—Genesise 2:8, Douay Version; Greek Septuagint Version; Luke 23:43.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

DIPOLELELO-PELE TSA PARADAISE

Dipolelelo-pele tsa Dikwalo tsa Sehebera di le mmalwa mabapi le paradaise di setse di bone tiragatso ya tsone mo motlheng wa rona. Akanyetsa jaaka sekai polelo-pele ya ga Isaia kgaolo 35, e e bolelelang pele ka gore ‘sekaka se tla nyakalala jaaka sesheshe.’ Polelo-pele eno e itshupile e le boammaaruri mo tiragatsong e potlana fa Bajuda ba ba neng ba ile botshwaro ba ne ba boa go tswa Babelona ka 537 B.C.E. Ereka a ne a itumedisitswe ke go boela ga bone mo kobamelong ya gagwe, Modimo o ne a dira gore lefatshe la bone lo lo lokgere, Juda, le nyakalale gape gape mme le ntshe letlotlo le le lekaneng mo e neng ya nna paradaise e potlana.

Polelelo-pele ya ga Isaia 35 go lebega gape e na le tiragatso ya semoya. Re itse jang? Ka go bo selo se le sengwe, mo ditemaneng 5 le 6 e ne ya solofetsa gore difofu, bosusu, digole le dimumu ba ne ba tla fodisiwa. Ga gona tshupo ya gore Bajuda bao ba ba neng ba boa ka 537 B.C.E. ba ne ba fodisiwa tota-tota malwetsi a a ntseng jalo. Ka phepafalo seno se tshwanetswe go tlhaloganngwa ka tsela ya semoya—ka motlhala, matlho a bone, a ne a bulwa go bona lesedi la kgololesego mo lefatsheng la bone. Ka mo go tshwanang paradaise ya semoya jaanong e a tsabakela gareng ga baobamedi ba ga Jehofa Modimo, mme mo nakong eno e lefatshe ka bophara.

Mo isagweng e e fa gaufi morago ga Modimo o sena go senya boikepo jotlhe mo kgolokweng ya rona, “boidiidi yo bogolo” jo bo falotseng le baswi ba ba tsositsweng ba tla itemogela ka tsela ya mmatota pholo ya mmele. Mo motheong wa setlhabelo sa gagwe sa thekololo, Keresete Jesu o tla tlisa batho ba ba kutlo mo boitekanelong jwa setho go tshelela ruri mo lefatsheng le le tsosoloseditsweng go nna Paradaise. Ka gone seo Isaia 35 e se umakang se tla atolosediwa ka bofefo go akareletsa lefatshe lotlhe jaaka kgolokwe ya rona e fetolelwa go nna tshingwana ya seka-paka e e kagiso eo go yone Paradaise ya mmatota e tla nnang selo sa mmaanete.—Isaia 25:6-8; Tshenolō 7:9; 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela