LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 4/1 ts. 3-4
  • Paradaise E Rayang go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paradaise E Rayang go Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A Bibela e Solofetsa Paradaise ya Selefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Paradaise mo Lefatsheng—A ke Tlhamane Kgotsa ke Selo sa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Paradaise
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 4/1 ts. 3-4

Paradaise E Rayang go Wena?

O NE O ka ipelela jang go tshela mo paradaiseng— gone jaanong jaana? ‘O seka wa tshameka ka nna!’ wa rialo. ‘Ga go na paradaise mo lefatsheng leno!’ Kana e gone? Tota, seo eleruri se ikaegile ka gore go tewang fa go twe “paradaise.”

Lefoko leo le rayang go wena? Bontle jwa pono ya tlholego? Dinoka tse dikgolo le mekgatšha e e sisibetseng e e sa senngwang ke kgotlelo e e bolau? Diphologolo—botau, bonkwe, dikonyana le phuti—tsotlhe di tshedisana ka kagiso? Go boammaaruri gore, go tla bo go le monate thata, fa re bua go se go nene fela, go tshela mo maemong a a ntseng jalo a paradaise. Mme boammaaruri jo bo swabisang ke gore, le mororo go santse go na le mafelonyana a mantlenyane mo lefatsheng leno, re kgakala kgakala le go tshela mo paradaiseng. Kana go ntse jalo?

Akanyetsa seno: “Paradaise” kafa bokaong jo bo tletseng jwa lefoko e kopanyeletsa kgakala go na le ditlhare le dimela fela—ditikologo tse dintle. Go akareletsa le eleng go feta pono e e rategang go dira gore botshelo bo ipelelwe. Go na le mo gontsi thata. Go tshwantsha: A re re gongwe o ne o ka akanya ka lefelo lepe fela mo lefatsheng go tshela go lone—karolo e ntle bogolo ya lefatshe le le bulegileng kana setlhake sa mafelo a dikgwa se se kgatlhisang eleruri. A eleruri o ne o ka itumela fa baagelani ba gago ba ne ba le letlhoo, ba ba timanang, ba le bogagapa, ba le pelotlhoi, ba sa go tlotle gotlhelele kana dithoto tsa gago? Legoka! Batho ba ba ntseng jalo ba ka dira gore botshelo jwa gago bo hutsahatse go sa kgathalege gore ditikologo tsa gago di itumedisa go le kana kang!

Ka mo go utlwalang he, “paradaise” ga ya ikaega fela ka ditikologo tse di bonalang tse dintle mme le gape mo bathong. Ka go bo fa o akanya ka paradaise, a ga o akanye gape ka batho ba ba itumetseng, ba maikutlo a a kagiso, ba tshedisana sentle ka lorato? Ka gone, pele ga lefelo le le ntle mo lefatsheng le ka bidiwa paradaise ka bokao jo bo feletseng jwa lone, batho ba ba yang go tshela koo ba tshwanetse ba tlhagolela dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo.

Bibela e neela tshupo ya phetogo e e ntseng jalo mo maikutlong a batho, e tlhalosa boemo jwa semoya jwa batho—batho bao ba fetolelang matshelo a bone le botho go ya tshiamong. Mme ka gongwe o a ipotsa: ‘A paradaise ya tshwantshetso e e ntseng jalo eleruri e gone gompieno? Fa go le jalo, kae?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela