Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ Go tsholwa ga ngwana ke selo satlholego, ka jalo a go tle bo go le phoso ka Mokeresete go direla jaaka mmelegisi, le mororo a sa fitlhelele dipatlafalo tsa go ka nna le laesense ya puso kana setlankana?
Go boammaaruri gore, go tshoIwa ga ngwana ke selo sa tlholego, kgakgamatso eo Monei Botshelo wa rona Jehofa a ka e akgolelwang. (Genesise 1:27, 28; 49:25) Mme le go tswa dinakong tsa pele babelegisi ba ba neng ba na le maitemogelo ba ne ba thusa ka dipelegiso tse dintsi thata. (Ekesodo 1:15-20) Ba World Health Organization (WHO) ba bega gore bathusi ba pelegi ba selegae kana babelegisi ba thusa ka dipelegi tse di diphesente tse 60-80 mo Dinageng tse di Fatlhogang. (“Medical Tribune,” January 26, 1983) Le eleng mo mafatsheng a a tlhabologileng go na le kgolo ya go amogela dipelegiso tsa ka metlha tseo di diragalelang kwa mabelegisetsong kana kwa magaeng tseo bonnese bao ba rutetsweng pelegi ba neelang tlhokomelo ya pele pele.
Lefa go ntse jalo, ditso tsa Bibela di bontsha gore, go ka nna le ditharaano mo pelegong, le eleng go tlisa loso go mme, ngwana kana ka bobedi. (Genesise 3:16; 35:16-19) Ba WHO ba bega ka gore “basadi ba ba ka nnang 500 000 ba swa ngwaga le ngwaga ka nako ya ditharaano tsa pelegi.” Ka gone bagolwane ba bantsi ba tsa botsogo ba kgothaletsa go belegela kwa dipateleng kana koo ngaka a leng gone. Ba ile gape ba neelana ka dithulaganyo tsa go thapisa babelegisi mme he ba bo ba a fa setlankana kana ba neele laesense bao ba tshwanelegelang.
Legale, go na le megopolo e e thulanang, maiphako le mefuta: A go belegela kwa gae go tshwanetse ga lejwa go siame fa go sena dltharaano dlpe tse di lebeletsweng go ka nna gone; ke boemo jwa mofuta ofe jo bo siametseng mmè fa a belega; a ngwana o tla a tla sentle fa a tsholetswe mo tikologong e e ritibetseng, le eleng fa e le kafa tlase ga metsi; a ka metlha go ka dirisiwa mokgwa wa go tshwarisa bogatsu; ke leng thapo e tshwanetseng go kgaolwa?
Phuthego ya Bokeresete ga e tseye kemo epe ya semolao mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, ka go bo e le tsa botho. Le eleng gone go kgothaletsa basadi botlhalefedi jwa tsa pelegi tota go na le mmelegisi, kana jang jang. Seo le sone ke phetso ya botho go se dlra. Mme rre le mmè ba tshwanetse ba kgatlhegela seo ba ikutlwang gore se tla bo se siametse thata mmè le ngwana, ba eletsa gore ka bobedi ba tshelele go direla Jehofa ka botsogo jo bo molemo.
Pego ya WHO e ne ya re “go thapisiwa ga [babelegisi] go gatelela mefuta ya pelegi e e babalesegileng le e e phepa.” Dithulaganyo tsa ikwadlsetso, go fa setlankana kana go neela laesense batho go thusa ka pelegi ya ngwana ka phepafalo di diretswe go bona gore mmè le ngwana ba bona tlhokomelo e e tshwanetseng sentle, go na le go ikaega ka badirisi ba ba sa tshwanelegeng. Molao wa lefatshe o ka nna wa laela le eleng gore batho ba ba nang le dilaesense kana ba ba filweng setlankana e nne bone fela ba ba ka thusang ka nako ya pelego. Motho yo o ka tlhokomologang melao e e itsegeng mo kgannyeng eno o ka nna mo kotsing ya go ka sekisiwa jaaka motlodi wa molao ebile o ka nna molato wa madi fa e le gore loso lo ne lwa nna gone ka ntlha ya botlhaswa kana go tlhaela kitso.—Baroma 13:1-4.
Fa go tla mo go reng go batllwe kana go baakanyetsa ka tlhokomelo ya botsogo, ekane ke mabapi le pelegi ya ngwana kana mefuta e mengwe ya kalafi, Bakeresete ba tshwanetse ba gakologelwa mantswe a ga Jesu: “Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.”—Mathaio 22:21.