Ke Mang Yo o Ka Bolokang Lefatshe?
GO ARABA potso eno, bangwe ba ka nna ba re, ‘Ga go na ope’. Mme ga go ope wa rona yo o ka latolang gore mathata a lefatshe a ntsifala ka bofefo jo bogolo, le sebopego sa one se ile sa raraana thata, mo tiro ya go ka boloka lefatshe e bonalang e fetile nonofo ya mebuso ya jaanong ya batho kana le e leng ya Merafe e e Kopaneng.
Mme ereka jaana matshelo a rona le isagwe di kopanyelediwa, re na le lebaka je le molemo ja go batla go itse gore, A go na le tsela nngwe eo le ka bolokwang ka yone? Mme fa go ntse jalo, ke mang?
Baeteledipele ba lefatshe ba lebega ba sa tsenye isagwe thata mo mogopolong. Mo pegong ya ditsebe tse 26 kaga seemo sa merafe yotlhe, Mokwaledi-Mogolo wa pele wa UN ebong Kurt Waldheim o ne a re: “Ngwaga e e fetileng e ne ya lere matlhotlhapelo a masha le dikgothatso di se kaenyana fela . . . Motlhala wa dikgang tsa lefatshe o ne wa tsamaisiwa ka ditsela tse di sa lebelelwang mme ebile ka dinako tse dingwe ka mo go tlhobaetsang, . . . o sekamela mo go befiseng mathata a le mantsi a a gone.” O ne a oketsa ka go re batho ba akantse sentle fa ba “leba seemo seno ka go tlhobaela.”
Kwa bokhutlong jwa 1981 potso e e latelang e ne ya bodiwa ka tlhamalalo mo kakgelong ya Daily Post ya Latin-America: “A e rile o tsoga mosong ono, ya re o bala ditlhogo tsa dikgang, ka tshoganetso ga bonala go wena gore lefatshe le bonala e le lefelo je le kotsi mo go boitshegang, lefelo je le sa iketlang mo malatsing ano?” Morago ga go akanyetsa dikarolo di le mmalwa tsa mathata a merafe yotlhe, kakgelo e ne ya digela ka go re: “Re ne re ka rata fa e ka re re tsoga kamoso, e re re latlhela matlho mo ditlhogong tsa dikgang re nne le maikutlo a gore dilo di ntse di nna botoka. Mme, ka tsela nngwe, re iphitlhela fela re sa akanye gore a tota go tla lala go nnile jalo.”
Segolo jang basha ke bone ba sekamelang mo go nneng le pono e e sa tlhamalalang kaga seemo sa lefatshe. Go begwa fa Jeremane Bophirima e tshwenyegile thata ka “lekhubu je le golang la basha ba ba senang maikaelelo, fa gongwe e le ba ba thubakanyang, ba ba tlhakanyeng tlhogo, gantsi ba sa bereke mme ebile ba sa hirege.” Modiri mongwe wa tsa matshelo a batho o ne a ba tlhalosa jaaka “ba ba feletsweng ke maikutlo, bao ba sa lebang go sepe le bao ba senang tsholofelo.” Mongwe wa basha bano o ne a bolela ka go re: “Mo pelong ya me, ke dumela gore lefatshe ga le ne le tsaya dingwaga tse dingwe tse tlhano kana tse some. Mme re tshwanetse ra dira sengwe kaga kutlo botlhoko e e kana-kana. Re fitlhile mo seemong seo re ganang go ikarabelela mo tsamaisong eo re sa e amogeleng.”
Wena ka bowena o ikutlwa jang? A o ka gadimela kwa morago go leba botshelo jwa gago jo bo khutshwane mme o bolele gore lefatshe gompieno ke lefelo je le botoka je go ka nniwang mo go lone? Batho ka bontsi ba akofela go araba ba re, Nnya. Go na le moo le lebega ka phepafalo le tsamaela fela kwa tshenyegong. A le ka bolokwa? Kwantle ga pelaelo, le wena o tla dumalana gore lefatshe jeno ke lefelo je le molemo-lemo je go ka nniwang mo go lone, mme ebile o dira gotlhe mo o ka go kgonang go ka lelefatsa botshelo jwa gago. Bothata bo letse fa kae? A o ne wa elatlhoko mafoko a mosha yo o umakilweng mo serapeng se se kwa pele? O ne a bua ka “tsamaiso” eo a neng a sa e amogele. Ka mo go kgatlhisang, baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba botsa Jesu kaga “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” (Mathaio 24:3-14, NW) Fa a ba araba o ne a ba bolelela polelelopele eo e neng e tla goga sebaka eo e diragadiwang mo motlheng wa rona. Jalo fa re bua ka go boloka lefatshe, ga re a tshwanela go akanya kaga go boloka kgolokwe eno ya lefatshe. Ga re a tshwanela le e leng go akanya ka gore go tewa go bolokwa ga tsamaiso ya dilo ya jaanong eo Lefoko la Modimo le bolelang gore e lebanwe ke gore e nyelediwe. Go na le moo, potso e ikgarile mo bathong—lefatshe la setho.
Ke mang he yo o nang le go boloka lefatshe la setho? Ga re a tlogelwa fela mo ketsaetsegong, ka jaana Lefoko la Modimo le tlhalosa ka go re: “Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe, me e le gore lehatshe le bolokwè ka èna.” (Yohane 3:17; 12:47) Ee, ke Mmopi wa motho yo o ileng a tsaya dikgato go boloka lefatshe ka Morwawe, Jesu Keresete. Le eleng setlhopha sa Basamaria, bao pele ba neng ba tlhoile Bajuda, ba ne ba re ka Jesu, “Rea itse ha rure motho eo e le Mmoloki oa lehatshe.”—Yohane 4:42.
Tiragalo e e sa tlwaelegang ya bodumedi ya motlha wa rona ke go nna gone ga ditlhopha di le dintsi tse go tweng ke tsa ga Jesu. O tla fitlhela leina Jesu le kgomareditswe mo dikareng le mo dikagong, le takilwe mo mahikeng mo nageng fela. O a tle o bale ka namane e tona ya dipokano tsa batho ba ga “Jesu” tseo di ileng tsa tshwarelwa mo dipatlelong. Bano gantsi ke bao ba ileng ba tlhanogela dikereke tsa bone tsa tlholego. Ba goeletsa phatlalatsa gore tsholofelo ya setho e ikaegile ka Jesu Keresete. Bontsi jwa bone ba dumela gore, fa e le gore Jesu o ne a santse a tshela gompieno, o ne a ka ba ema nokeng mo go Iweleng phetogo ga bone le gore o ne a tla bo a tlhabana kgatlhanong le go bola le tshiamololo ya “tsamaiso.”
Setlhopha sa batho ba ba ntseng jalo mo Brazil se ne sa kopiwa gore se kwale gore ke eng seo ba neng ba se akanya kaga Jesu. Mogopolo wa bone botlhe e ne ya nna gore e ne e le monna yo o neng a eleletsa molemo yo o neng a rera kaga lorato mo lefatsheng je le setlhogo je le senang lorato. Ba ne ba bolela gore o ne a ruta kaga tekatekano ya batho a bo a tlhoma sekao se sentle sa bopelokgale, tumelo le tsholofelo. Lefa go le jalo ba ne ba ikutlwa gore Jesu o ne a seka a atlega thata mo maitlhomong a gagwe. Jaaka moruti mongwe wa Mokatoliki a ile a tlhalosa, “Bona Jesu. Ka metlha o ne a ntse a buisana le baperisiti, mme selo fela se a neng a se bona ka ntlha ya gone e ne ya nna sefapaano.”
Wena o leba Jesu Keresete jang? Jaaka molwela-diphetogo yo o tlhagafetseng? A jaaka ra-maboko yo mogolo le monna yo o botlhale, kana le e leng moperofeti? Kwantle ga pelaelo dithuto tsa gagwe di ile tsa lere namane e tona ya tlhotlheletso mo sethong mo dingwageng tse 1 950 tse di fetileng. Tota, didikadike tsa batho gompieno di iphaka gore o setse a bile a ba bolokile ka sebele.
Ga go latolwe gore Jesu ke ene yo bangwe ba ba mo lefatsheng la setho ba tla bolokwang ka ene, jaaka fa re etse tlhoko mo go Yohane 3:17. Moaposetoloi Petere o ne a tiisetsa seno, fa a re: “Ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.” (Ditihō 4:12) Mme ke jang Jesu a tla bolokang lefatshe? Fa e se mongwe le mongwe mo sethong yo o tla amogelang Jesu le go fitlhelela dipatlafalo tsa Modimo tsa poloko, motho o bolokwa jang? Fa e le gore motho yoo e tla nna wena, o na le go bolokwa mo go eng, mme go ya kae? A re akantshaneng dipotso tseno tse di utlwalang.