Seo re Tshwanetseng go se Dira Gore re Bolokwe
KE KA ntlhayang fa re tlhoka go bolokiwa? Ka gonne rotlhe re tlhokofadiwa ke diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa boleo: go sa itekanelang, botlhoko, bolwetsi, kutlobotlhoko, mme kwa bokhutlong loso. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore seno se ntse jalo ka gonne rraarona-mogologolwane Adame o ne a tsuologela molao wa Modimo. Paulo o ile a kwala jaana: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Ke ka ntlhayang fa boleo jwa ga Adame bo ne jwa dira gore loso lo fetele mo bathong botlhe? Tota, seno e ne e le ka ntlha ya seo se diragalang fela ka tlholego.
Fa Adame a ne a leofa, o ne a atlholelwa loso go ya ka molao wa Modimo. Seno se ne se siame ebile se tlhokega. Se ne se siame, ka go bo botshelo e le mpho fela e e tswang kwa Modimong eseng selo se a neng a patelesega go se ba naya. Ka go leofa ka boomo, Adame o ne a latlhegelwa ke mpho eo. (Baroma 6:23) Go atlholelwa ga ga Adame loso go ne go tshwanela ka gonne ga go sepe seo se sa itekanelang seo se neng se ka letlelelwa go senya lobopo lotlhe ka bosakhutleng. Ka gone, fa Adame a ne a leofa, o ne a simolola go swa mme a sa tlhole a na le botshelo jo bo itekanetseng, jo bo senang boleo joo a neng a ka bo neela bana ba gagwe jaaka boswa. O ne a ka ba naya fela botshelo jo bo kgotletsweng ke bosaitekanelang le loso.—Baroma 8:18-21.
Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore ke fela ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang re nang le botshelo jo bokhutshwane joo re nang le jone. (Yobe 14:1) Modimo o ne o sa patelesege go letla Adame le Efa go nna le bana pele ba swa. O ne a ba letla go dira jalo gore a tle a supe gore batho bangwe ba ba sa itekanelang ba ne ba tla tshegetsa bolaodi jwa gagwe ka go ikanyega mo go ene. Modimo o ne wa letlelela seno gape, ka gonne o ne o itse gore kgabagare o tla golola, kana a boloka, ditlogolwana tse di utlwang tsa batsuolodi bao ba ntlhantlha, Adame le Efa. Jang?
Paakanyetso ya Poloko
Jehofa Modimo o ne a seka a beela katlholo ya gagwe e e siameng kwa thoko. Ga a kake a itebatsa ka boomo boleo jwa ntlhantlha jwa ga Adame le sotlhe seo batho ba neng ba bo oketsa ka sone fa esale ka nako eo. Fa e le gore Modimo o ne o tla itlhokomolosa melao ya gagwe e e siameng, seno se ne se tla dira gore tsamaiso yotlhe ya gagwe ya tshiamiso e seka ya tlotliwa le go tshepiwa. Akanya ka selelo seo se neng se tla nna gone, fa moatlhodi mongwe wa motho ka ntlha ya kgopolo ya gagwe fela, a ne a ka letla gore senokwane sengwe se gololwe fela se sa atlholwa. Lefa go ntse jalo, moatlhodi yo o kutlwelo-botlhoko a ka baakanyetsa ka tshwanelo gore mongwe yo o iketleetsang a duelele motho yo o phoso madi ao a a atlhotsweng kafa molaong. Seno, ka tsela nngwe, ke se Modimo o se re diretseng.
Jehofa o ne a rulaganyetsa gore Morwa yo e leng wa gagwe, Jesu Keresete, a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng mo boemong jwa botshelo jo bo itekanetseng jo bo neng jwa latlhegela Adame. Jesu ka go rata o ne a sikara katlholo ya boleo jwa rona—loso. (Isaia 53:4, 5; Yohane 10:17, 18) Bibela e bua jaana: ‘Morwa Motho o tlile . . . go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya ba bantsi.’ (Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:6) Ga go ope yo a neng a ka dira seno. Jesu o ne a sa tshwane le ope ka go bo a ne a tshotswe a sena boleo mme o ne a nna a ntse jaaka motho yo o itekanetseng, yo a senang boleo go fitlha a swa. (Bahebera 7:26; 1 Petere 2:22) Go ikanyega ga gagwe go fitlha kwa losong go ne ga mo kgonisa gore a duele katlholo ya kafa molaong ya maleo a rona.
Lefa go le jalo, gakologelwa gore Modimo, Moatlhodi yo Mogolo, ga a patelesege go golola ope. O leba botshelo jwa motho jo bo itekanetseng joo Jesu a bo ntshitseng setlhabelo jaaka tuelo eo re e kolotang ya boleo jwa rona. Mme Jehofa Modimo ga a kitla a dirisa seno mo baleofing ba ba sa ikotlhaeng, ba ba sa anaaneleng, bao ba leofang ka boomo. Go na le gore a itshwarele batho botlhe ka kakaretso kana a boloke lobopo lotlhe, Bibela e re naya dilo tseo di tshwanetseng go fitlhelelwa gore re bolokiwe mo boleong joo re bo ruileng.
Seo se Tlhokegang Mabapi le Poloko
Jalo, he, go tlhokega eng go bolokiwa? Se segolo se se tlhokegang ke seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolelela modisa-kgolegelo kwa Filipi: “Dumèla mo go Morèna Yesu, me u tla bolokwa.” (Ditihō 16:31) Go dumela go tswa pelong mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu go a tlhokega fa e le gore re tla bolokwa. Mme go bolokwa go tla raya eng mo go rona? Jesu o ne a bontsha karabo ya seno fa a ne a re: “Ke [ba] naea botshelō yo bo sa khutleñ; me ga [ba] ketla [ba] nyèlèla gopè.” (Yohane 10:28) Mo go ba le bantsi, poloko e tla raya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tsosolositsweng la paradaise e e itekanetseng. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolō 21:3, 4) Lefa go ntse jalo, mo go ba “lecomanyane,” go tla raya go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—Luke 12:32; Tshenolō 5:9, 10; 20:4.
Ba bangwe ba akantsha gore go dumela mo go Jesu ke gone fela go go tlhokegang. “Go na le selo se le sengwe fela seo motho a tlhokang go se dira gore a ye kwa legodimong,” go bua jalo pampitshana nngwe ya bodumedi. “Eleng, go amogela Jesu Keresete jaaka Mogolodi wa gago wa botho, go ineela mo go Ene jaaka Morena le Mong, le go Mmolela phatlalatsa gore o jalo fa pele ga lefatshe.” Ka jalo, ba le bantsi ba dumela gore boitemogelo jwa go sokologa ga maikutlo ka tshoganetso ke sone sotlhe seo re se tlhokang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Lefa go ntse jalo, go tlhokomela fela tlhokafalo e le nngwe ya go bolokwa go tlogelwa tse dingwe, go tshwana le go bala karolo e le nngwe fela e e botlhokwa ya konteraka mme re itlhokomolosa tse dingwe.
Seno se bonala sentle fa re reetsa dikakgelo tsa bao ka nako nngwe ba neng ba akanya gore go bolela fa ba dumela mo go Jesu ke sone sotlhe seo se neng se tlhokega gore ba bolokwe. Bernice o bua jaana: “Ke ne ka godisediwa mo Kerekeng ya Brethren, mme ke ne ke gakgamadiwa ke gore fa e le gore botshelo jo bo sa khutleng bo ikaegile fela kaga Jesu, ke ka ntlhayang fa ene ka boene a rile: ‘Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.’”—Yohane 17:3.
Norman o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a bolokilwe ka dingwaga di le robongwe. Mme morago ga foo o ne a bona gore go na le go gontsi goo go tlhokegang go na le go ipolela fela go tswa mo maikutlong gore Jesu Keresete ke Mogolodi wa gagwe. “Ke ne ka bona go tswa mo Bibeleng gore go ne go sa lekana go bolelela Modimo fela gore re baleofi le gore re tlhoka poloko,” a bua jalo. “Gape re tshwanetse go dira ditiro tse di bontshang boikotlhao.”—Mathaio 3:8; Ditihō 3:19.
Ee, go dumela mo go Jesu go botlhokwa fela thata gore re bolokwe, mme go tlhokega go le gontsi. Jesu o ne a bua ka bangwe bao ba neng ba bolela gore ba dumela mo go ene mme gape ba dira “ditihō . . . tse di nonohileñ” ka leina ja gagwe. Mme o ne a sa ba itse. Ka ntlhayang? Ka gonne e ne e le “ba [ba] dihañ tshiamololō” mme ba sa dire go rata ga ga Rraagwe. (Mathaio 7:15-23) Morutwa Jakobe o re gakolola gore re tlhoka gore re “nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, [re] iphora hèla.” Gape o ne a re: “Ua dumèla ha Modimo o le moñwe hèla; u diha sentlè; badimo le bōnè baa dumèla, me ba tsitsibane hèla ba rorome. . . . Tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.”—Yakobe 1:22; 2:19, 26.
Lefa go le jalo, ba bangwe ba tatalala ka go re mme bao ba bolokilweng ka mmatota ba dira dilo tseno. Mme a eleruri seo se a diragala? Denis, yo a neng a ‘amogela Jesu’ fa a ne a santse a le mosimanyana, o bua jaana: “Batho ba ba ‘bolokilweng’ bao ke ba itseng ga ba bone botlhokwa jwa go tlhatlhoba Dikwalo ka gonne ba akanya gore ba setse ba na le sotlhe seo ba se tlhokang go bolokwa.” Eleruri, boitimokanyo le ditiro tse e seng tsa Bokeresete tsa ba bantsi bao ba iphakang gore ba bolokilwe di ile tsa tlontlolola kgang yotlhe ya go bolokiwa.
Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba ganelela gore Dikwalo di bolela gore: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:36) Ka gone, ba swetsa ka gore gangwe fela fa o amogetse Morena Jesu Keresete jaaka Mmoloki wa gago, ga o kitla o timela gape. “Fela fa o ka bolokwa, o tla nna o ntse o bolokilwe” ke mafoko a ba itsetsepetseng ka one. Mme a eleruri seo ke se Dikwalo di se bolelang? Go araba seno, re tlhoka go tlhatlhoba sengwe le sengwe seo Bibela e se buang ka kgang eno. Ga re kake ra rata go ‘iphora ka mabaka a a seng boammaaruri’ ka go bala dikarolo fela tse di tlhophilweng mo Lefokong la Modimo.
“A Fela fa O ka Bolokwa, O Nna O Ntse O Bolokilwe”?
Tlhokomela tlhagiso e e tlhotlheleditsweng eno ya ga morutwa Jude. O ne a kwala jaana: “Baratwa, e rile ke sa nntse ke tlhōahaletse go lo kwalèla kaga polokō e re e tlhakanetseñ, ka patèlèlwa ke pelo gore ke lo kwalèlè go lo laea, gore lo nnè tlhōahalō go ganèlèla tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure.” (Yude 3) Ke ka ntlhayang fa Jude a ne a kwala seno? Ka gonne o ne a itse gore Bakeresete bangwe ba ne ba ka nna ba latlhegelwa ke ‘poloko e ba e tlhakanetseng.’ O ne a tswelela ka go re: “Ke eletsa go lo gakolola, . . . yaka e rile Morèna [Jehofa] a sena go golola chaba ñwe [Baiseraele] mo lehatshiñ ya Egepeto, moragō a senya ba ba se kañ ba dumèla.”—Yude 5.
Tlhagiso ya ga Jude e ne e ka seka ya nna le mosola ope fa e le gore Bakeresete ba ne ba sa lebagana le kotsi e e tshwanang le ya Baiseraele. Jude o ne a sa belaele botlhokwa jwa setlhabelo sa ga Jesu. Setlhabelo seo se re golotse mo boleong jwa ga Adame, mme Jesu o tla sireletsa fela bao ba dumelang mo go ene. Ga go ope yo o ka ba phamolang mo seatleng sa gagwe. Mme re ka latlhegelwa ke tshireletso eo. Jang? Ka go dira seo bontsi jwa Baiseraele ba ba neng ba gololwa kwa Egepeto ba neng ba se dira. Re ka itlhophela go sa reetse Modimo ka boomo.—Duteronome 30:19, 20.
A o ko o akanye o falodiwa go tswa mo kagong e e kwa godimo e e shang. Akanya ka moo o neng o tla ikutlwa o wela makgwafo ka gone fa o ntshiwa mo kagong e mme yo a go falotsang a re: “O bolokesegile jaanong.” Ee, o ne o tla bo o golotswe mo losong. Mme go ne go tla diragala eng fa o ne o ka swetsa go boela gape mo kagong eo ka mabaka mangwe a boeleele? Botshelo jwa gago bo ne bo tla nna mo kotsing gape.
Bakeresete ba bolokilwe. Ba na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka gonne ba amogelwa ke Modimo. Jaaka setlhopha, go bolokiwa ga bone mo boleong jwa ga Adame le diphelelo tsotlhe tsa jone go tlhomamisegile. Mme ba tla bolokelwa mo botshelong jo bo sa khutleng ka bongwe ka bongwe fa ba tswelela go kgomarela ditlhokafalo tsotlhe tsa Modimo. Jesu o ne a gatelela seno fa a ne a itshwantsha le mofine mme balatedi ba gagwe bone a ba tshwantsha le dikala tsa mofine oo. O ne a re: “Kala ñwe le ñwe e e mo go nna, e e sa uñweñ, [Modimo] oa e tlosa . . . Ha motho a sa nne mo go nna, o latlhèlwa kwa ntlè yaka kala, me e omelele; me batho ba di kgobokanye ba di latlhèle mo moleloñ, me di yewe ke molelō.” (Yohane 15:2, 6; Bahebera 6:4-6) Bao ba latlhegelwang ke tumelo mo go Jesu ba latlhegelwa gape ke botshelo jo bo sa khutleng.
“Eo o Ichokèlañ Bokhutloñ, èna Eouō o tla Bolokwa”
Ee, go na le dilo tse di farologaneng tse di kopanyelediwang mo go bolokiweng. Re tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng ka boikaelelo jwa Modimo le tsela e a bolokang ka yone. Mme re tshwanetse go dumela mo Kgosaneng e Kgolo ya poloko, Jesu Keresete, mme re dire go rata ga Modimo botshelo jwa rona jotlhe. (Yohane 3:16; Tito 2:14) Bao ba latelang tsela eno eleruri ba tla bolokwa. Mme e kopanyeletsa go itshoka go fitlha botshelo jwa rona jwa gone jaanong bo khutla kana tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e khutla. Ke fela ‘yo o itshokang go fitlha kwa bokhutlong yo o tla bolokwang.’—Mathaio 24:13.
Modisa-kgolegelo wa kwa Filipi gammogo le bangwe ba ntlo ya gagwe ba ne ba arabela molaetsa wa poloko o o neng o rerwa ke Paulo le Silase sentle. “A akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla.” (Ditihō 16:33) Le rona re ka dira se se tshwanang. Ka go dira jalo, re tla nna le kamano e e segofaditsweng le Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, mme ra nna le tsholofelo e e tlhomameng mo dipaakanyetsong tsa Modimo tsa poloko. Modisa-kgolegelo wa Filipi o ne a “itumèla thata, le botlhe ba ntlo ea gagwè, ka ba dumetse mo Modimoñ.” (Ditihō 16:34) Go dira seo go tla re tlisetsa gape ‘boipelo jo bogolo.’
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ne go ka diragala eng fa o ne o ka sianela gape mo kagong e e shang morago ga go falodiwa?