LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/15 ts. 3-6
  • Ke Ka Ntlha Yang Go Ipolaya Go Ntsifetse Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Go Ipolaya Go Ntsifetse Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maikutlo a a Bolau
  • Boitlhobogo, Boipono-molato le Tlalelo
  • Mabaka a Mangwe a Go Ipolaya
  • Kgoro ya Botso
  • Go Ipolaya—sebetso Sa Basha
    Tsogang!—1998
  • Bothata Jwa Lefatshe ka Bophara
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo Batho ba Itlhoboga mo Botshelong
    Tsogang!—2001
  • Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/15 ts. 3-6

Ke Ka Ntlha Yang Go Ipolaya Go Ntsifetse Jaana?

RRAAGWE Bruce e ne e le rakgwebo yo o atlegileng thata mo botshelong jotlhe jwa gagwe. E ne ya re go le pelenyana, lenyalo la gagwe go mmaagwe Bruce la senyega ebile o ne a nyetse lekgarejwana. Mme o ne a santse a ntse a bontsha fa a kgatlhegela bana ba gagwe, ebile ka nako nngwe a ile a leka go simolola kgwebo le bone. Mme he, ya re a le mo go bo-50, botshelo jwa gagwe jwa fetoga fela thata. Nngwe ya dikgwebo tsa gagwe e ne ya retela, mme ka bofefo fela a bo a kolota mo go boitshegang. O ne a boa-boa kwa sepateleng malatsi a le mmalwanyana mme a seka a bolelela ope gore ke ka ntlha yang. Go tswa foo mosadi wa gagwe yo mmotlana a mo tlogela. Ke fa a ipolaya.

Bruce o akgela ka gore: “Ke eletsa e le tota gore ekete ke ka bo ke dirile mo go golwane go mo thusa. Go itlhatlosa gape le go itsweledisa gape ka tsa madi boaphelong jwa dingwaga tsa gagwe tsa bogare go tshwanetse ga bo go ne go le bokete ruri. Mme gape le kgopolo ya go tsofala, go nna o le nosi le go simolola go tshelela mo ditlhabing​—o ne a seka a bona go thusa sepe.”

Se se botlhoko ke gore, matlhotlhapelo ano ga se sengwe se se sa tlwaelegang gompieno. Mo United States fela, dipalo di senola gore mo ngwageng e le nngwe fela fela banna, basadi le bana ba le 27 294 ba ne ba ipolaya fela ka bomo. Kwa ntle go seno, bangwe ba bolela gore mo boitekong bongwe le bongwe jo bo atlegileng jwa go leka go ipolaya, bobotlana batho ba le lesome ba leka go ipolaya mme ba palelwe.

Lefa go le jalo go dikologa lefatshe, tlaseng ga maemo a a gatelelang mo go botlhoko, batho ba Iwa ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le loso. Ba ba Iwalang malwetse a a botlhoko, magolegwa a a atlholetsweng mo kgolegelong lobaka lo loleele, bao e leng bahumanegi ba nta ya tlhogo​—ka metlha ba kgaratlhela go tswelela ba ntse ba tshela. Ke ka ntlha yang he, bangwe ba bao ba ka tswang ba se mo boemong jo bo maswe jo bo ntseng jalo mo mmeleng ba lekang go ipolaya?

Potso eno e nna bokete ka mo go oketsegileng go arabiwa mo mafatsheng ao batho ba reng ke Bakeresete. Bibela e ruta gore botshelo bo boitshepo, mpho e e tlhotlhwa kgolo go tswa go Modimo. (Pesalema 36:9) Loso ke mmaba, mme Jehofa Modimo, ka maiteko a magolo le go intsha setlhabelo, o re buletse sebaka sa go ka bona botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 3:16) Mme lefa go le jalo le e leng mo dinageng tse go tweng ke tsa Bokeresete dipalo tse di oketsegang tsa batho di a ipolaya, kana ba leka go dira jalo. Ke ka ntlha yang? Ke dikgatelelo tsa mofuta mang tseo di ka dirang gore mpho ya motho e e tlhotlhwa kgolo​—botshelo jwa gagwe—​e nne morwalo mo ebileng a ka batla go e latlhela kgakala?

Maikutlo a a Bolau

“Go Ielelwa ke tshepo . . . boitlhobogo . . . kutlo-botlhoko . . . ke ne ka hekeediwa ke sengwe le sengwe.” Ga bolela jalo mosadi mongwe yo ka go phadimoga a neng a nwa ditagi go fetisa selekanyo fa a tlhalosa se se neng sa mo kgoromeletsa gore a leke go ipolaya. Ngaka e e nnileng ya dirisana le balwetsi ba ba batlileng go ipolaya o oketsa ka go re: “Gantsi ba ikutlwa ba sena mosola, ba sena thuso epe kana ba itlhobogile. Mme gongwe ba ka ikutlwa ba le molato fela thata.”

Ka gone mo makgetlong a mantsi batho ba kgoromelediwa go ipolaya ke maikutlo a a sa tlhamalalang, le a a bolau a a ba hekeetsang. Gantsi-gantsi bothata jo bogolo fela thata ke boitlhobogo. Motho yo o akanyang go ipolaya ga a bone sepe gotlhelele kwa pele ga gagwe. Go lebega go sena lebaka la go tswelela a ntse a tshela.

Ke eng se se tsalang boitlhobogo jo bo ntseng jalo? Kwa ntle le pelaelo batho ba bantsi ba hekeediwa ke maemo a bone, fela jaaka rraagwe Bruce a ne a ntse. Setlhopha se sengwe sa batho seo segolo bogolo se tlhaselegang ga motlhofo ke bagodi. Dr. Nathan S. Kline, motlhalefela thuto ya tsa khutsafalo, o a tlhalosa: “Botsofe bo tsisa mofuta mongwe wa bodutu, mme palo ya go ipolaya e pagamela godimo ka iketlo le dingwaga.” (From Sad to Glad, ka Nathan S. Kline) Mme go ka nna le mathata a mangwe.

Boitlhobogo, Boipono-molato le Tlalelo

Ka sekai, go ipona molato e ka nna boikutlo jo bo bokete go tshela ka jone. Fa e le gore mongwe o dirile sengwe se se phoso mo go masisi segakolodi sa gagwe se ka mmogisa, segolo bogolo fa e le gore sebe sa gagwe se amile mongwe o sele. Kgosi Dafide wa morafe wa bogologolo wa Iseraele o ne a tlhalosa kafa go nna molato go neng ga mo ama ka gone: “Le gōna ga go na go hōla gopè mo marapoñ a me ka ntlha ea boleo yoa me. Gonne ditshiamololō tsa me di khurumeditse tlhōgō ea me: hèla yaka morwalō o o bokete, dia nkimèla.”​—Pesalema 38:3, 4.

Maikutlo a a molato ka ntlha ya segakolodi se se sa siamang a ile a gogela bangwe gore ba ikutlwe ba sena isagwe, mme ka gone, ba feleletse ka go ipolaya. Ka gone lekawana lengwe le ne la dira boaka mme ya re morago ga foo la iphula. O ne a tlhalosa mo lekwalonyaneng lo a lo kwadileng a tloga a ipolaya gore o ne a sa tlhole a batla go tlisetsa ba bangwe kgobo epe jaanong.

Bangwe ba ikutlwa ba itlhobogile ka ntlha ya gore ba na le poifo mo maikutlong a bone. Ba ka nna ba bo ba amiwa go ya go ile ke boitemogelo jo bo bosula jo bo ka se tsweng le ka motlha mo tlhaloganyong ya bone gotlhelele. Motho mongwe yo o neng a ntse jalo ke lekgarejwana le le neng la robalwa ka dikgoka ke rraagwe fa a ne a sa ntse a le mosetsanyana. Lefa a ne a setse jaanong a godile maikutlo a gagwe a go ipona molato le go tlhoka mosola tse di neng di tlisiwa ke boitemogelo jono di ne di le maatla fela thata mo e leng gore o ne a batla go ipolaya.

Bangwe ba ka itlhoboga ka ntlha ya go bo ba tlhasetswe ke khutsafalo e kgolo mme ba sa dumele fa ba tla nna botoka. Go bokete ka bao eleng gore ga ba ise ba ke ba itemogele khutsafalo e e mahehe go lemoga fela gore go ka nna kotsi go le kana kang. Ga se fela go ‘ikutlwa o le kwa tlase.’ Gangwe le gape go a tle go nne jalo ka mongwe le mongwe wa rona. Go na le moo, ke tlalelo ya boikutlo e e kwa teng teng eo e ikaletsang ka mmogi ka metlha go sa kgathalege gore o dira eng le gore o ka tswa a le kwa kae. Go lebega go sena kgoro ya botso.

Ga go gakgamatse ka bao ba bogang khutsafalo e e ntseng jalo go akanya ka go ipolaya. Mosadi mongwe yo o neng a itemogela khutsafalo e e tsitsibanyang o ne a bolela gore, ka nako eo, o ne a tshwanelwa ke gore a itlhokomele fela thata. E ne e re fa a ntse a tlhapa, a tleIwe ke kgopolo e e reng: “Go ka nna bofefo go nwetsa tlhogo ya me mo metsing mme go tla bo go fedile.” Kana gongwe e re a ntse e tsamaya mo tseleng, a bone koloi e tsamaela kafa go ene mme a akanye ka gore: “Mm-h, kana ebu go ka nna motlhofo jang!”

Batho bao ba bogang ka ntlha ya khutsafalo le bone gape ba ka ikutlwa ba le molato fela thata. Ka ntlha yang? Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a boga ka ntlha ya khutsafalo e kgolo o ne a ikutlwa a le molato ka go bo a ne a sa tlhokomele lelapa la gagwe jaaka a ne a dira pele mme a ikutlwa gore o ba thibela go dira dilo tse ba neng ba batla go di dira. Mme o ne a ikutlwa gore Modimo o tsere moya wa gagwe mo go ene ka go bo a ne a sena kagiso ya mogopolo kana boipelo. (Bafilipi 4:7; Bagalatia 5:22) E ne ya nna fela ka boiteko jo bogolo thata a neng a ka kgona fela go bua kaga Jehofa Modimo gape. Bantsi ba nna le boitemogelo jo bo tshwanang, bangwe le eleng go ikutlwa gore ba dirile sebe se se ka se itshwarelweng.

Gongwe ga go bokete go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang bangwe ba ba nang le maikutlo a a ntseng jalo a a sa tlhamalalang ba ka akanyang gore a tota go na le mosola wa go tshela. Lefa go ntse jalo, tseno ga se tsone fela dilo tse di gogelang kwa goreng batho ba leke go ipolaya.

Mabaka a Mangwe a Go Ipolaya

Bora-maboko bangwe ba dumela gore ditekeletso dingwe tsa go ipolaya ke maiteko a go gapa tlhokomelo. Motho yo o batlang go ipolaya o lelela thuso tota, jaaka go ne go ka bolelwa. O ka nna a bo a leka le eleng go gamola mongwe​—go akanya mo go tshwanang le ga bana fa ba re: “O tla itshwara molomo nna ke sule!”

Ka dinako tse dingwe gape, motho yo o batlang go ipolaya go lemogiwa fa a batla go tlhotlheletsa ba bangwe ba ba mo tikologong ya gagwe. Ka sekai, mosetsana yo nyatsi ya gagwe e mo tlogelang o ka leka go ka ipolaya ntswa a le pelo-pedi, a solofela gore o tla mo pateletsa gore a boele kwa go ene. Kana motsadi yo o godileng o ka leka go ipolaya a leka go dira gore bana ba gagwe ba ba godileng ba khutlele go mo tlhokomologa mme ba senye nako e e oketsegileng le ene.

Dikai tse di ntseng jalo di neela mogopolo wa mofuta wa dikgatelelo tseo di ka tswang di kopanyelediwa. Boemo bo nna bokete go feta fela thata ka lebaka la gore mmogi gantsi o ipaya senkhu ka mathata a gagwe. O ka nna a lebega a siame sentle mo tebegong ya gagwe, mme mo teng mo a jewa ke moetlo. Tlaseng ga kgatelelo e e ntseng jalo go tsaya nako e khutshwanyane fela, bora jwa tlhobolo, go dira maiteko a go ipolaya.

Ka gone monna o ka leka go ipolaya morago ga go tshologelwa ke morogo. Kgotsa mosha o ka dira jalo a sena go bona maduo a a swabisang a tlhatlhobo, go swa ga seruiwa sa mo gae, go forokiwa ke nyatsi ya mosimane kana mosetsana, kana morago ga go utlwa fa morutabana yo o rategang thata go twe o a tsamaya. Dilo tse di ntseng jalo ga se tsone tota di bakang go leka go ipolaya. Ke fela gore “fa e sule e sule,” tatlhegelo ya bofelo ke tlotlo morago ga dikgatelelo tse dintsi tse di tlhomaganeng.

Mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe yo mosha wa mosetsana a neng a leka go ipolaya o ne a gamaregile tota fa go sena go diragala. Mme ya re moragonyana a lemoga fa go na le dikgatelelo tse di ingobaileng tse di ka amang basha. O bolela ka gore: “Jaanong ke itse gore mosetsanyana o ka fereetsega go le kana kang. Dilo di ne di mo imela fela thata mo a neng a ka se di itshokele mme nna ke ne ke tshwaregile ka ntlha e nngwe le dilo tse dingwe mo ke neng ke ka se thuse. Jaanong ke leka go mo itse ga botoka, go buisana le ene ka mo go oketsegileng, go atamalana le ene. Mme go a isega. Morwadiake jaanong o a tshega le go tshameka le nna fela jaaka a ne a dira pele ga gotlhe go diragala.”

Kgoro ya Botso

Go ipolaya ga go ke go nna le lebaka le le go emelang. Mme go bao ba bogang mo maikutlong, go ka bonala ka dinako tse dingwe go raela, jaaka tsela e e bofefo ya go fedisa botlhoko. Lefa go ntse jalo, Jehofa, yoo Lefoko la gagwe le re bolelelang gore botshelo bo boitshepo, o neelana ka thuso go bao ba leng tlase ga kgatelelo e e ntseng jalo. Bibela e solofetsa ka gore: “[Ga a ketla a] lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona.” Lokwalo loo lo bua ka phepiso ya “dilō tse di boshula,” tse di jaaka kobamelo ya medimo ya disetwa le boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bakorintha 10:6, 13) Lefa go ntse jalo, ga go sepe se se bosula jaaka go ipolaya. Ka jalo, go na le kgoro ya botso e nngwe gape ya bao ba raelwang ke seno. Jehofa o baakanyeditse ka thuso ya Lefoko la gagwe, Bibela, le ka phuthego ya Bokeresete.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A Mongwe O Ipolaile?

He ba ba setseng ba tlhoka tshegetso e ntsi thata. Gongwe ba tla ikutlwa ba tlhakane tlhogo, ba le molato, ebile gongwe ba ntse ba ipotsa gore ba ka bo ba dirile eng go thibela matlhotthapelo a a ntseng jalo. Ba tlhoka go thusiwa gore ba lemoge gore gongwe go ka bo go seka ga thusa sepe fa e le gore moípolai o ne a ikemiseditse tota-tota go ya le kgopolo eo mme a fedise botshelo jwa gagwe.

Ka mo go tshwanang, ga go thuse sepe go leka go phoraetsa ka isagwe ya motho yo o ipolaileng. Ke Jehofa le Moatlhodi wa gagwe yo o tlhomilweng, Jesu Keresete fela, bao ba ka bolelang gore se se neng se le mo pelong ya motho yo o neng a fedisa botshelo jwa gagwe ke eng. Selo sa botlhokwa ke go beela kwa morago matlhotlhapelo a a ntseng jalo mme o bee fela mo go Jehofa ka moswl, “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe.”​—2 Bakorintha 1:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela