Go Sepela Le Modimo Mo Lefatsheng La Thubakanyo
“O se ka wa lebala selo se: gore mo metlheng ya bofelo go tla tla dipaka tse di bodiphatsa.”—2 TIMOTHEO 3:1, “The New American Bible” (Catholic).
1. Ke eng seo se supang gore eno ruri ke ‘metlha ya bofelo’?
A GA O dumele gore dipaka tseno ke tse di bodiphatsa? Lefoko “bodiphatsa” mo mokwalong wa Bibela o o tsopotsweng le tswa mo lefokong la Segerika ebong khalepos. Leno le ranotswe gape ka gore “tse di sa kgonegeng,” “dipharagobe,” “kotsi,” “dipaka tse di tlhokohatsañ,” “bokete,” le “tse di boima thata.”a Mo go Mathaio 8:28 lefoko leno le le tshwanang le a dirisiwa mo go tlhaloseng banna ba babedi ba ba neng ba tsenwe ke badimo jaaka bao ba neng ba le “bogale thata” kana “ba ba thubakanyang.”b Abo go le boammaaruri jang ne gore re tshela mo metlheng e e bodiphatsa le ya thubakanyo jaanong! E diragatsa boperofeti jo bo fa godimo jwa ga moaposetoloi Paulo, e supa kwantle le pelaelo gore eno ke ‘metlha ya bofelo’!
2. (a) Ke jang batho ba ba senang sepe le Modimo ba tlisitseng dipaka tse di bodiphatsa tseno ka gone? (b) Ke dikwalo dife tse di kgethololang motswedi o mogolo wa ditatlhego tsa gompieno, mme tseno di ile tsa nna bogolo bo kae?
2 Ke eng se se tsetseng dipaka tseno tse di bodiphatsa, ‘metlha ya bofelo’? A ga se boemo jo Paulo a bo boleletseng pele, fa a ne a re: ‘Batho ba tla nna baithati, ba sena boithibo, ba le bogale, ba se barati ba molemo gope, ba le baoki, ba ba tlhogo e thata, ba ba ikgogomosang’? Mme batho ba ba sa reng Modimo sepe ba ba ntseng jalo ba kgothadiwa ke yo Bibela e mmitsang “modimo oa lehatshe yeno,” “[ena yo o] bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” Matswela e nna seemo sa dilo se se tsitsibanyang go re dikologa seo re se etseng tlhoko gompieno—mo pusong, mo lefatsheng la kgwebo, mo bodumeding, mo mokgatlhong wa batho ka kakaretso.—2 Timotheo 3:2-5, 13; 2 Bakorintha 4:4; Tshenolō 12:9, 12.
3. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore thubakanyo e fitlheletse mo go nneng sebetso?
3 Jaaka re ntse re tsenelela kwa teng mo go bo-1980 lefatshe le itemogela sebetso sa thubakanyo. Ka 1980 fela, United States e ne ya bega dikgetse tsa bokebekwa jo bo thubakanyang di le 1.3 milione, koketsego ya diphesente tse 13 go feta ngwaga o o neng o le pele ga oo, ka go bolaana ga batho e nna gone tshoso-e-rweleng mo go bakeng loso lwa batho ba dingwaga tsa magareng ga 25 le 44. Mo dingwageng tse di lesome tse di neng di felela ka one ngwaga o o tshwanang oo, Britani e ne ya bega dipolao tse di oketsegang ka diphesente tse 50, dikgothotsho ka diphesente tse 300 le tshenyo ya dithoto tsa batho ka diphesente tse 200. Mo Fora, kakaretso ya bokebekwa e ne ya oketsega go feta diphesente tse 260 fa e sale 1963. Dipego tse ditshwanang di thelesega go tswa tikologong ya lefatshe.
4. Ke jang mokgwa wa batho o ileng wa fetoga fa e sa le 1914, mme seno se tsosa dipotso dife?
4 Raditiragalo Walter Laqueur o ne a bega ka gore: “Lobaka lwa go fitlha go Ntwa ya Lefatshe ya ntlha, ka kakaretso e ne e le lwa botho ka mo go oketsegileng. Ke maswabi go bolela gore botshelo jwa batho bo ‘nyaditswe’ fela thata mo motlheng wa rona—bontlha nngwe e le ka ntlha ya go itemogela go bolaana mo go golo ga Dintwa tsa Lefatshe ya ntlha le ya bobedi. Gape, re na jaanong le bora-maboko ba thubakanyo ba re neng re sena nabo mo lekgolong la dingwaga la bo-19 batho bao ba ganelelang gore thubakanyo ke selo se se kgatlhisang, ba bolela gore e go direla dilo ka mo tlhaloganyong, gore eleruri re tlhoka thubakanyo.” Fa e sale ntwa ya lefatshe ya ntlha e ne e tlhagoga ka 1914 thubakanyo e ile ya nna ntletsentletse lefatshe ka bophara. Modimo o leba jang thubakanyo eno? Bakeresete ba tshwanetse ba e leba jang?
Kafa Modimo o Lebang Thubakanyo
5. (a) Thubakanyo e ne ya simologa jang pelepele? (b) Jesu o ne a tlhalosa jang mosimolodi wa thubakanyo?
5 Bibela e tlhalosa motlha wa pelenyana mo ditsong, fa “lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” Seo e ne e le dingwaga tse di fetang 4 300 tse di fetileng, morago ga fa lefatshe la motlha oo le ne le sena go nna le tshimologo e e maswe ka tlhoka-kutlo ya ga Adame le Efa e e neng ya latelwa ke go lelekiwa ga bone mo Paradaiseng ya Edena. Fa go ntse go ya morwa wa bone wa ntlha, Kaine, a bolaya monnawe ebong Abele. Pego ya bomodimo e re bolelela jaana: “Kaine . . . a nna oa eo o boshula. me a bolaea monnawè. Me o mmolaetseñ? E ne e le ka go bo ditihō tsa gagwè di le boshula, me tsa ga monnawè di le tshiamō.” (Genesise 6:11; 1 Yohane 3:12) Jesu o kgetholola “eo o boshula” yoo e le Diabolo, ka gore: “Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ.” (Yohane 8:44) Fa e sale go tloga kwa Edena, Satane amaarure o itiretse rekoto ya go tlhotlheleletsa setho mo thubakanyong.
6. (a) Ke dilo dife tse di tsitsibanyang tse di neng tsa diragala ka motlha wa ga Enoke, seno se biletsa gore Jehofa a arabele jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa ‘tshola’ Enoke? (Genesise 5:24)
6 Morago ga ga Kaine a sena go bolaya Abele, lefatshe leo la kwa tshimologong le ne la tloga mo masweng la fetela kwa nthagarageng. Setlogolwana sa ga Kaine Lameke le sone se ne sa bidiwa mmolai. (Genesise 4:23, 24) Gautshwane le nako eo “Enoke oa boshupa go tloga mo go Adame [wa lotso lwa ga Sethe], a re [ka baikepi, NW], Bōnañ, Yehofa o na a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, A tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa, le dilō tse di thata cotlhe tse baleohi ba ba ikèpañ ba di buileñ kaga gagwè.” (Yude 14, 15) Modimo o ne wa tlosa Enoke mo lefatsheng leo, e le gore a tle a se tlhole a na le go emelana le thubakanyo le kgobololo ya batho ba ba bosula bao. Abo e tla bo e le tuelo e e kana kang go ene fa a tla bo a tsosetswa mo ‘lefatsheng je lesha ja kagiso la go bopiwa ke Jehofa!—2 Petere 3:13; Bahebera 11:5.
7. Ke jang lefatshe la bogologolo le neng la tla mo goreng le tlale ka thubakanyo?
7 Mo motlheng wa setlogolwana sa ga Enoke ebong Noa, yo o bosula yo o sa bonaleng, Satane, o ne a kopana le bathusi ba gagwe ba baengele. Bano e ne e le barwa ba semoya ba Modimo bao ba neng ba se ka ba mo utlwa fa ba ne ba tla mo lefatsheng go tla go nyala barwadia batho, ba tsala le bone bodimo-seka-batho—Banefilimo. Leina leno le raya “Diganka,” mme boammaaruring jwa lereo leo ba ne ba latela tsela ya bone ya go bolaya gareng ga setho. “Bauō, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ea bogologolo, banna ba ba itsegeñ, . . . Me Modimo oa raea Noa, oa re, Bokhutlō yoa nama eotlhe bo hitlhile ha pele ga me; ka lehatshe le tletse thubakanyō ka ntlha ea bōnè: me bōna, ke tla senya bōnè le lehatshe nabō.”—Genesise 6:1-13.
8. (a) Boemo jwa lefatshe jwa jaanong bo bapisega jang le joo jwa motlha wa ga Noa? (b) Noa o ne a re tlogelela sekao sefe, mme ke jang re ka solegelwang molemo ke go se latela?
8 Moaposetoloi Petere o re bolelela ka gore: “Me ea nna aōna a lehatshe ya yale le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse: Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō [ja Modimo], ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” Tiragatso ya boperofeti jwa Bibela e supa gore lefatshe la gompieno le gaufi-ufi jaanong le letsatsi leo la katlholo. Re tshwanetse go dirang e le gore re tle re falole? Mme gone, Noa o ne a dirang, gammogo le lelapa la gagwe? Bibela e re bolelela ka gore: “Noa a sepela le Modimo. . . . Noa a diha gotlhe kaha Yehofa o mo laotseñ ka gōna.” (2 Petere 3:6, 7; Genesise 6:9, 22; 7:5) Seno se ne se akareletsa go nna ga gagwe “moreri oa tshiamō.” Ka tumelo ya gagwe ‘a sekisa lefatshe.’ (2 Petere 2:5; Bahebera 11:7) A ga re a tshwanela go latela sekao se se molemo-lemo sa ga Noa le bantlo ya gagwe, jaaka re batla poloko mo lefatsheng leno la segompieno leo eleruri “le namaletse[ng] ha tlhatse ga eo o boshula”?—1 Yohane 5:19.
Ntsifalo ya Thubakanyo
9. (a) Ke eng se se neng sa felela ka ntsifalo ya thubakanyo mo motlheng wa ga Noa? (b) Ke tiragalo efe e e tshwanang e e neng ya latela Morwalela, se se gogela setlhoeng sefe?
9 Go ne ga nna le ntsifalo ya thubakanyo mo lefatsheng la pele ga Morwalela o Mogolo—go fitlhelela Modimo ka boene a ntsha katlholo ka go senya ba ba senyang lefatshe. (Genesise 6:13, 17) Go fitlhelela nakong ya setlogolwana sa ga Noa Nimerode, “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa,” go ile ga nna le ntsifalo ya thubakanyo ka makgolo a dingwaga, gongwe pele e le ka iketlo, mme bo ntse bo tlhatloga ka bonya ka bonya. (Genesise 10:1, 6, 8, 9) Fa dilo di ntse di ya, ga tla tšhaka, bora le motswi, segai; mme mo metlheng ya segompieno tlhobolo, kanono le dibetsa tse dingwe tsa lerumo. Mme Ntwa ya Lefatshe I, e e neng ya simolola ka 1914, e ne ya tlisa dibetsa tse disha tsa thubakanyo tse di tsitsibanyang—sefofane, tanka, mme gape le kese e e bolau. Mo ntweng eo, tiriso ya di “submarine” e ne ya tlisa tsebetsebe mme ditlhobolo tsa kgotla-more-o-itirise eleruri di ne tsa gapa matshelo a dimilione tsa batho.
10. (a) Ke jang boperofeti jwa ga Jesu mabapi le ditiragalo tsa “letsatsi ya Morèna” bo neng jwa diragadiwa? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore Jehofa a ntshe katlholo gautshwanyane jaana?
10 Morena Jesu Keresete o ne a bolelela pele tiragalo e e ntseng jalo “ka letsatsi ya Morèna,” koo re ntseng re le teng fa e sale 1914. (Tshenolō 1:10) O ne a tlhalosa kafa a neng a tla pagama ka gone mo pitseng e tshweu jaaka Kgosi e e rweleng serwalo, a setswe morago ke mopalami wa pitse e khunou. Yono o ne a “nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona”—tšhaka ya Tlhabano e e Akaretsang. Tšhaka eo ya tshwantshetso jaanong e akareletsa didirisiwa tse di boitshegang le go thubakanya tseo di kileng tsa dirwa le go kokoanngwa ke batho, go akareletsa le dimisaele tsa nuclear tseo di ka kgonang ka maatla a tsona a a kopanyeng go ka nyeletsa lotso lotlhe lwa motho mo godimo ga kgolokwe e ya rona makgetlo a le mantsintsi go menagane! Fa e le gore go nna gone ga Banefilimi ba ba diganka, mo go kopaneng le bosula jo bogolo jwa motho, mo metlheng ya ga Noa, e ne e le lone lebaka la gore Jehofa ‘a senye setho ka ntlha ya gore lefatshe le ne le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone,’ mme abo go na le lebaka le le nonofileng go feta la gore re lebelele fa ene Morena Modimo wa lobopo lotlhe yo o tshwanang a tla “senya ba ba senyañ lehatshe” gompieno! (Genesise 6:4, 7, 13; Tshenolō 6:1-4; 11:18) E ne ya re a bua ka batho ba ba sa reng Modimo sepe ba motlha wa rona, Morena Jesu ka boene o ne a re: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. . . . Ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.”—Mathaio 24:37, 39.
Pono ya Mokeresete ka Thubakanyo
11. (a) Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa amogela dintwa tsa bogologolo tsa Iseraele? (b) Ke jang Modimo le Keresete ba tshwanetseng go le ba tlhabano ya motlha wa segompieno? (Bapisa 2 Bakorintha 10:3, 4.)
11 Go boammaaruri gore dintwa di ne tsa lowa ke batlhanka ba Modimo ba metlha ya bogologolo. Mme re tshwanetse go gakologelwa gore dintwa tseo e ne e le tsa bolegodimo, di laoletswe ke Modimo. Baiseraele ba ne ba lwela gore ba amoge merafe e e neng e bodile kafa boitsholong, e e neng e obamela badimona mo “lehatshiñ” la Modimo. (Lefitiko 18:24-27; Duteronome 7:1-6) A dintwa tsa merafe, mme segolo bogolo dintwa tseo di neng di lwelwa go laola lefatshe fa e sale ka 1914, e ne e le dintwa tseo di neng di amogelwa ke Modimo? Fa Makatoliki a gatlampola Makatoliki, Maporosetanta a gatlampola Maporosetanta, Mabuda a gatlampola Mabuda, kana Mamoselamo a gatlampola Mamoselamo, a ba dira tumalanong le Modimo o o dirileng “dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla”? Ke jang Keresete, Kgosana ya Kagiso a tshwanetseng go leba ka gone tshololo madi e e neng ya tlhagoga go La-Bodumedi fa Ntwa ya Lefatshe I, mme ya re moragonyana Ntwa ya Lefatshe II, di ne tsa simolola? (Ditihō 17:24-26; Isaia 9:6) A re tlhokomeleng boemo jo bosha ebile bo le kwa godimo joo Kgosana ya Kagiso e neng ya bo tlhomela Bakeresete pele fela ga go tloga a kopana le loso lo lo setlhogo.
12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhomamisa gore barutwa ba gagwe ba bo ba tlhomeletswe ka ditšhaka? (b) Ke eng seo Jesu he a neng a se papamatsa mabapi le tlhabano ya bolegodimo?
12 Ereka a ne a gakologetswe boikarabelo jwa gagwe mo go diragatseng boperofeti, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe mo bosigong jwa pele ga go tshwarwa ga gagwe a re: “Le eo o senañ chaka, a a rekisè kobō ea gagwè, a rèkè e ñwe. Gonne kea lo raea, selō se, se se kwadilweñ, se na le go dihala mo go nna, yaka go twe, o balecwe le batlodi.” Mme e ne ya re fa ba fetola ka gore, “Morèna, bōna dichaka ke tse, di pedi,” o ne a ba raya a re: “Go lekanye.” (Luke 22:36-38) Go ne go lekanye goreng? Sa ntlha, go diragatsa Isaia 53:12. Sa bobedi, go gatelela ntlha ya botlhokwa-tlhokwa go Bakeresete.
13 Eleruri go ne go ka se nne le lebaka lepe le le nonofileng la go dirisa tšhaka go na le go sireletsa Morwa Modimo ka boene! Lefa go le jalo e ne e se go rata ga Modimo gore Jesu a bolokwe mo nakong eo. Ka jalo fa moaposetoloi Petere a ne a dirisa tšhaka ya gagwe kgatlhanong le motlhanka wa moperisiti yo mogolo, Jesu o ne a mmolelela ka gore: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52, 53; Yohane 18:10, 11) Ka gone Jesu o ne a go papamatsa go re tlhabano ya bolegodimo go tloga nakong eo go ya pele e ne e se ketla e akareletsa tiriso ya dibetsa tsa nama.
14. Jaaka go tlhalositswe ke Jesu, ke eng se se kopanyelediwang ke go sa nne wa “lehatshe”?
14 Seno ka phepafalo se ne se le tumalanong le se Jesu a neng a se boleletse barutwa ba gagwe go le pelenyana mo bosigong joo jo bo tshwanang, gore ba ne ba tla bogisiwa ka ntlha ya gore ba ne ba “se ba lehatshe.” Se ne se le tumalanong le thapelo ya ga Jesu go Rraagwe, e e neng ya rapelwa mo bosigong jone joo, eo mo go yone a neng a gatelela gore, fela jaaka ene, barutwa ba gagwe “ga se ba lehatshe.” Se ne se dumalana le seo Jesu a neng a se boleletse Pilatwe: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.”—Yohane 15:19, 20; 17:14-16; 18:36.
15. (a) Go ikgaoganya le lefatshe go gogetse kutlwanong efe? (b) Ke dikarolo dife tse di farologaneng tse di tlhalosiwang mo go Isaia 2:2-4?
15 A jaana o kgaoganye le lefatshe jeno le ditsela tsa lone tse di thubakanyang, jaaka go ne go ntse ka Jesu le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Fa go ntse jalo, o tsile go abalana kutlwano e e gakgamatsang ya lefatshe ka bophara e ipelelwang ke Basupi ba ga Jehofa fela. Ke kutlwano e e tlang ka ntlha ya go utlwa melao ya Modimo le thato ya gagwe ya motlha wa segompieno. Ka jaana “boidiidi yo bogolo” jwa Bakeresete ba ba ratang kagiso “ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” bo ologela kwa tempeleng e kgolo ya semoya ya kobamelo ya ga Jehofa. (Tshenolō 7:9, 10, 15) Ba tlhalosiwa jaana mo go Isaia 2:2-4: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema. Me o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”
16. (a) Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le lefatshe? (b) Mika 4:1-5 e bolelela pele eng, fa e le ka letlhogonolo la batho ba Modimo, lebaka la gone le matswela a bofelo? (c) Ke ponong ya eng go tsogang potso e nngwe gape?
16 Bano ga se batho bao ba ilweng ke bomorafe kwa tlhogong bao ba ntseng ba phaphasetsa difolaga, mme ke bao ba leng seoposengwe mo kagisong le kutlwanong go tswa merafeng yotlhe. Eleruri ke ba ba itlhaotseng mo lefatsheng le le tlhabanang. Morago ga gore e bolele kafa ba ‘thulang ditšhaka tsa bone megoma,’ Mika 4:1-5 e tlhalosa ka letlhogonolo la bone la semoya le tebelelo ya bone ya go tshelela ruri mo lefatsheng ka kutlwano. Boperofeti bo ba farologanya le batho ba lefatshe leno, ka gore: “Gonne batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Mme jaaka re ntse re tswelela re sepela ka leina la Modimo, re thulana le dikgatelelo di le dintsi go tswa lefatsheng le le thubakanyang. Re ka emelana jang le maemo a a ka tlhagang? Setlhogo se se latelang se neela karabo ya Bibela kaga potso eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a New World Translation, King James Version, Douay Version, English Revised Version, Moffatt, The Living Bible.
b New World Translation, The New English Bible.
O ka araba jang tse di latelang:
◻ Seemo sa lefatshe se supela jang gore nako ya rona ke metlha ya bofelo?
◻ Go ya ka pego e e mo go Genesise, Modimo o leba jang thubakanyo?
◻ Ke go tshwana gofe mo go tshwanetsweng ga tlhokomelwa magareng a motlha wa ga Noa le dipaka tsa segompieno?
◻ Tumalanong le sekao le mafoko a ga Jesu, ke boikgaoganyo bofe jo Bakeresete ba tshwanetseng go bo boloka?
◻ Isaia 2:2-4 le Mika 4:1-5 di re bolelelang gore re ka tsamaya jang le Modimo, le gore matswela a go dira jalo e tla nnang?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
‘Metlha eno ya bofelo’ eleruri ke “dipaka tse di bodiphatsa”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Jesu o ne a re, “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka”