Lefoko la Modimo Le Tshedile
Ga Gona Mereo Epe E E Ka Go Gobatsang
A O TSHWANA le monna yono? O tshositswe ke gore mongwe o ka nna a mo gobatsa ka go mo raa ka mereo, ka go mo leba ka molaka, ka dipheko kana marapo a tse di suleng. A o tshwanetse go boifa boloi kana maselamose a a ntseng jalo?
Nnyaa, ga go tlhokege gore o boife. Lefa ba bangwe ba ile ba gobadiwa ke dilo tse di ntseng jalo, Jehofa Modimo o solofetsa tshireletso go bao ba mo utlwang. “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ thata,” Bibela e bolela jalo. “Mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”—Diane 18:10.
Modimo o ila ditiro tsotlhe tsa tirisabadimo. Bibela e bolela ka gore: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè . . . eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.”—Duteronome 18:10, 11.
Bibela e bolela ka monna mongwe yo o neng a dirisa sebopego sengwe sa tirisabadimo se se bidiwang boitseanape. Mokgwa ono ke wa go leka go batlisisa kaga isagwe, kana kaga sengwe se se sa itsiweng, ka thuso ya meya e e sa bonaleng. Monna yoo e ne e le Balaame, yo o bonwang fano a betsa tonki ya gagwe. O ne a le mo tseleng go ya go hutsa batho ba Modimo fa moengele a ne a ema mo gare ga tsela, a dira gore tonki e robale.—Dipalō 22:7, 20-35.
Jehofa o ne a dira gore boitseanape jwa ga Balaame bo nne dilo fela. O ne a fetolela phutso go nna tshegofatso. Balaame o ne a tshwanelwa ke go dumela jaana: “Rure Yakoba ga a na merèō, Iseraela ga a na ditaola.”—Dipalō 23:23.
Jehofa o tswelela go fenya bao ba dirisang boitseanape, e le gore ba tle ba palelwe ke go ka gobatsa ba ba nnang ba ntse ba ikanyega go ene. A o bona jaaka maselamose a ngaka eno ya Setswana a palelwa gotlhelele kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa? O ne a dirisa boloi go gobatsa batho ba bangwe, mme ka nako eno o ne a palelwa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo raya ba re: “O tla lala o bone gore Jehofa, Modimo wa rona, o nonofile go feta!” Ba ne ba nitama, mme ngaka ya Setswana ya ruthagana fa fatshe.
Ee, “moengele oa ga Jehofa o thibèlèla mo ntlheñ cotlhe tsa ba ba mmoihañ, me oa ba golola.” (Pesalema 34:7) Fa e le gore gotlhegotlhe re ikanya Modimo le go tswelela ka go boloka seaparo sa semoya se a se baakanyetsang, Jehofa o tla fenya mongwe le mongwe yo o tla lekang go dirisa boloi gore gobatsa.—Baefesia 6:10-18.