LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/1 ts. 16
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ba Gagametse, Mme Gone Ba Itumetse’
  • Thuto e Ntšha ka Lobopo
  • Sengwe se se Golwanyane Sea Tlhokega
  • Se Big Bang e se Tlhalosang—Se E sa Se Tlhaloseng
    Tsogang!—1996
  • Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?
    Tsogang!—2000
  • ‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/1 ts. 16

Go Lemoga Dikgang

‘Ba Gagametse, Mme Gone Ba Itumetse’

“Moaparo wa bone ga se wa segompieno kana gore ke o o matsetseleko a a feteletseng, moriri wa bone ke wa tlholego fela; ga ba bone go le botlhokwa go gapa tlhokomelo, fa e se fela ka go nna le botho jo bo lekalekanyeng sentle le go bontsha kgatlhego e eseng ya boitimokanyi. Basetsana ba dirisa letsoku la sekgoa ka tekano; basimane ke bannanyana. . . . Mmino o ba o reetsang ka nako ya bone ya boiketlo le dibaesekopo tse ba di lebang di tlhophiwa sentle gore ba se tlhakane le basodoma, basodoma ba basadi, baakahadi, bagokahadi kana dinokwane. . . . Re bua ka Basupi ba ga Jehofa.” Go ne ga simolola jalo pego e e neng e bonala go koranta ya dikgang ya Badisches Tagblatt ya Sejeremane. E ne ya oketsa ka gore: “Go ka bonala go gakgamatsa fa basetsana ba dingwaga tsa bo-lesome le borataro ba sa re batho ba ba nyetseng ba na le ba ba ‘ratanang nabo,’ mme ba go bitsa boaka go dira jalo, fa ba goboka basodoma, magodu le babolai mmogo, fa ba kgaola batho ba ba sa ikotlhaeng ba ba tlhakanetseng dikobo kwantle ga lenyalo.”

Boitshwaro jo bo ntseng jalo eleruri bo ka bonala bo “gakgamatsa” mo lefatsheng leo basha gantsi ba tsayang ditekanyetso tsa Bibela e le tsa bogologolo mme ebile di thibela ka mo go sa tlhokafaleng kgololesego le boitumelo jwa bone. Lefa go le jalo Bibela e bua ka dipatlafalo tsa Modimo jaaka “[mola o] o o itekanetseñ, eboñ molaō oa kgololègō” mme e tlhalosa gore motho yo o tshelang ka one “o tla segōhala mo go diheñ ga gagwè.”​—Yakobe 1:25.

Go rurifatsa seno, mmegi o ne a feleletsa ka gore: “Mme, go sa kgathalege ditekanyetso tsa bone tse di gagametseng, Basupi ba ga Jehofa ga ba lebege ba sa itumela. Se se fapaaneng le seo. Baithuti ba Bibela ba bannye le bagolo ka go tshwana ba bonala ba itumetse ka mo go sa tlwaelegang le go leka-lekana sentle.”

Thuto e Ntšha ka Lobopo

Thuto e ntšha kaga popego ya lobopo e simolola go amogelwa ke baitseanape ba lobopo. Yone e bidiwa thuto e e tlotlometseng ya lobopo, mme yone e gwetlha thuto ya ntlha ya thubego e e neng e ratwa pele ya gore “dilo tsotlhe tsa lobopo di ne di ntse di le teng go tswa tshimologong” mme di ne tsa thunya, mme tsa dira lobopo. Go bolela jaana The New York Times: “Pono e ntšha eno e akantsha, gore selo sa botlhokwa, lobopo tota ga le a dirwa ke sepe. Motswako le maatla a teng di ne tsa bopegela magongwe ka nako ya tshimologo ya katologo,” e simolola go tswa “peong” e potlana.

Bao ba ileng ba kgatlhwa ke tshimologo ya thuto e e ntseng jalo ba ka botsa potso e e reng: Ke ka ntlha yang go tla thuto e ntšha? Ka ntlha ya “masaitsiweng a le mmalwa a a neng a belaetsa mo modirong wa thubego,” go bolela jalo Times. “Sebopego se se sa tlwaelegang sa tsamaisanyo-mmogo ya “katologo e e tsamaisanyang” ya lone kwantle go “kgoberego e e maswe” le “lobelo lwa katologo” seo ke “lesego” tota fa go bapisiwa “dipatlafalo tsa popego ya lobopo” tsotlhe ga di tshwanele thuto ya thubego gase. Mme legale thuto e ntšha e tsosa dipotso. Ka sekai, e ikaegile ka molao o o tlhomologileng wa poloko​—gore ga go sepe se se ka itlelang fela.

Lefa go le jalo, seo gantsi se tlodisiwang matlho ke baitseanape mme ebile se le tumalanong ka botlalo le mabaka a a tlhomilweng a boitseanape, ke tlhaloso ya Bibela kaga lobopo. E bontsha gore Jehofa Modimo, motswedi wa maatla otlhe, o ne a bopa lobopo mme a lo tlhomela melao e e le laolang​—eo e supelwang ke “tsamaisanyo-mmogo.”​—Isaia 40:26; Tshenolō 4:11.

Sengwe se se Golwanyane Sea Tlhokega

The Moral Majority “e ne ya tsosa dikgang tsotlhe tse di tlhamaletseng,” ga bolela jalo moitseanape wa matshelo a batho Amitai Etzioni, mme ditharabololo tsa teng “kwa meding ga di a lekana.” O tswelela a re: “Ke raya gore fa o ne o ka dira seo ba neng ba se lopa ka mo go itekanetseng​—fa go ne go ka se nne le tshenyo ya dimpa epe fela, fa ditshwantsho tsa batho ba ba mamponompono di ne di ka thibelwa le go tshujwa, mme fa e le gore go ne go ka kalediwa dinokwane gabedi ka kgwedi—​seo se ne se se ketla se dira sepe gore batho ba nne ba bodumedi, batshegetsa-molao, batho ba boitsholo jo bontle.” Go na le moo, o buelela go boloka “lelapa la tlholego” ka go oketsa “motheo wa botsadi” le go ithuta kafa go ka rarabololwang dikgotlhang ka gone.

Lefa go le jalo go tlhokega le eleng sengwe se se golwanyane go dira ‘batho go nna ba bodumedi, batshegetsa-molao le ba boitsholo.’ Go akanya ga mongwe le tlhotlheletso ya pelo ya gagwe di tshwanetse tsa fetolwa, di ikaegile ka kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo, go dira gore motho a nne yo o ratang Modimo ka boammaaruri le moagelani le go batla go dira se se siameng. (Bakolosa 3:10) Ka gone kgakololo ya Bibela ke ya gore “lo aparè motho eo mosha” le go fetolwa “ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baefesia 4:22-24; Baroma 12:2) Abo go tla bo go itumedisa jang ne fa, tlaseng ga Bogosi jwa Modimo, jono e tla bo e le boemo mo lefatsheng ka bophara!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela