LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/1 ts. 3-4
  • A O Ka Tswa O Tsieditswe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Tswa O Tsieditswe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Leina la Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Leina Le Le A Gaisang Otlhe-Otlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/1 ts. 3-4

A O Ka Tswa O Tsieditswe?

Ereka Jesu a na le leina, a Rraagwe ene ga a na lone?

DIMILIONE tse dintsi tsa batho go kgabaganya lefatshe gompieno ga ba kgore bodumedi sentle. Mme go ka tswa go ba gakgamatsa go itse gore Modimo ka boone o itumololwa ke ditumelo tse dintsi. Gareng ga mabaka a mantsi a seno ke gore ditumelo tse dintsi tse gotweng ke tsa Bokeresete di tsweledisitse tsietso e kgolo go di feta tsotlhe mo ditsong. Tsietso eno e nyalana le tshenolo ya motheo—go itsiwe ga Modimo.

Batho ba bantsi mo dikerekeng tsa La-Bodumedi ba itse Mmopi fela e le “Modimo,” “Morena,” “Mothatayotlhe” kana ka sereto sengwe se se tshwanang. A mme Mogodimodimo ga a na leina? Pele ga a ne a ka golola Baiseraele mo bokgobeng jwa Egepeto, Modimo ono o o maatla otlhe o ne a dira gore go itsiwe gore o ne a ikaeletse “gore leina ya [gagwe] le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” (Ekesodo 9:16) Ka jalo ele ruri o na le leina. Ebile ruri e ne e se Modimo o o senang leina yo go nna teng ga gagwe go neng ga tlisa kgakgamatso e e tshosang kwa Thabeng ya Sinai (jaaka go bontshitswe mo khabareng ya makasine o), a dira gore thaba e rorome, fa Melao e e Lesome e ne e neelwa ka moperofeti Moshe. Mo gareng ga dilo tse dingwe, Baiseraele ba ne ba boleletswe ka nako eo gore: “U se ka ua umakèla leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehèla.” (Ekesodo 19:16–20:18) A taolo e e ntseng jalo e ne e ka tswa Modimong o o senang leina?

Ba ba reng ke Bakeresete ba tshwanetse ba itse Leina jeo ja Bomodimo. Ee gone, ba dirisa leina la Morwa Modimo. Mme ga se gantsi, fa e le gore go a tle go nne jalo, ba bitsang leina la botho la ga Rara. Lefa go le jalo, fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha sentle mo thapelong go Rraagwe wa selegodimo: “Ke ba itsisitse [balatedi ba me] leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.”—Yohane 17:26.

Go bonala sentle go tswa dintlheng tse di fa godimo le mo Thapelong ya Sekao ya ga Jesu gore Modimo ele ruri o na le leina. Jesu o ne a ruta le eleng balatedi ba gagwe go rapelela gore leina la Rre wa selegodimo le “itshepisiwè,” kana le tsholwe le le boitshepo! (Mathaio 6:9) Ke ka ntlha yang, he, le sa dirisiwe mo dikerekeng tsa La-Bodumedi? Mme ebile ke ka ntlha yang fa leina leo le nyeletse le mo bontsing jwa dithanolo tsa segompieno tsa Bibela?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

RARA

MOTHATAYOTLHE

MOGODIMODIMO

MORENA

MODIMO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela