LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 5/1 ts. 32
  • Buka E Ntšha e e Kgatlhisang Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka E Ntšha e e Kgatlhisang Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 5/1 ts. 32

Buka E Ntšha e e Kgatlhisang Thata

Joo ke boikutlo jo bo tlelang mongwe fela fa a tlhatlhoba O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Khabara ya yone e khibidu e ntle-ntle le ditshwantsho tsa yone tse di rutang tse 150 di dira gore e ikuele gone fela foo. Mme fa batho ba simolola go bala diteng ka botsone, ba kgatlhiwa thata ke boammaaruri jwa Bibela jo e bo tshotseng jo bo tlhalosiwang sentle. Jaaka mmadi yo mongwe a ne a kwala ka gore:

“Ga ke ise ke bone kana ke bale kgatiso e e kgatlhisang mo go kana kana go na le eno e ntšha ka ntlha ya gore e tla thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang thata. Ke lebisitse mo ntlheng ya gore e papamatsa boammaaruri jwa Bibela, e itsetse pele megopolo e e tlwaelegileng mme ka maatlametlo e e seegele fa thoko ka tlhatswego pelo e e ka se ganediweng. Ke ithuta ditsela tse disha tsa go neela boammaaruri jwa Bibela mo e ka nnang mo tsebeng nngwe le nngwe.”

Re ikutlwa gore le wena gape fa o bula kgatiso eno e ntšha, o tla kgatlhiwa thata ke ponalo ya yone e e gogelang le tsela e e utlwalang le e motlhofo go tlhaloganyesega mo go neeleng ga yone ditlhogo tse di thata tsa Bibela. O ka ikamogelela sekaelo sa gago ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase ga mmogo le madi a go duela.

Tswee-tswee nthomeleleng, buka ya khabara e e thata, ya ditsebe tse 256, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke romela le R3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela